Jump to content

Rebecca Harris

Go tswa ko Wikipedia

Dame Elizabeth Rebecca Scott Harris [1]DBE (o tshotswe ka kgwedi ya Sedimonthole ale masome amabedi le bobedi (22) ka ngwaga wa 1967) ke mmadipolotiki wa Mokgatlho wa Conservative wa kwa Boritane yo e ntseng e le Leloko la Palamente (MP) wa Castle Point go tloga ka ngwaga wa 2010. E ne e le Comptroller of the Household go tloga ka ngwaga wa 2022 go fitlha ka ngwaga wa 2024.[2][3]Mo maemong ao, o ne a tsaya karolo mo ngwageng wa 2023 Coronation.[4] Ka kgwedi ya Ngwanatsele ka ngwaga wa 2024 o ne a tsaya maemo a go nna Mookamedi wa Kganetso, a emisetsa Stuart Andrew mo maemong a gagwe.

Botshelo le tiro

[fetola | Fetola Motswedi]

Elizabeth Harris o tshotswe ka kgwedi ya Sedimonthole ale masome a mabedi le bobedi(22) ka ngwaga wa 1967 kwa Windsor, Berkshire mme o ne a rutwa kwa sekolong sa poraefete sa Bedales, kwa Hampshire. Morago ga moo o ne a ya kwa yunibesithing kwa London School of Economics, a aloga ka dikirii ya BSc. Morago ga yunibesithi, Harris o ne a dira le Phillimore & Co, a dira mo bobolokelong jaaka mokgweetsi wa dilwana le moemedi wa thekiso. Kgabagare o ne a nna mo setlhopheng seo e le mokaedi wa tsa papatso. Harris e ne e le mogokaganyi wa letsholo la ofisi ya Conservative ka ngwaga tsa bo 2000-2001 le modiredi wa kgaolo ya Conservative North West London ka ngwaga tsa bo 2007-2008.[5]

Tiro ya Palamente

[fetola | Fetola Motswedi]

Kwa ditlhophong tsa ngwaga wa 2010, Harris o ne a tlhophiwa go nna Mopalamente wa Castle Point ka 44% ya diboutu le bontsi jwa 7,632.[6][7][8]

Ka ngwaga wa 2012, Harris o ne a bidiwa ke Conservative Home jaaka mongwe wa ba le mmalwa ba maloko a a ikanyegang a Conservative ba ba neng ba sa bouta kgatlhanong le puso ka nako ya ditsuololo tse di botlhokwa. [9]

E ne e le leloko la Komiti ya Kgwebo, Tlhabololo le Bokgoni mme a tshegetsa Molaotlhomo wa go Fokotsa Motshegare o o neng o tla dira gore Boritane e fetole nako ya Yuropa Bogare. Ka kgwedi ya Ferekgong ale masome a mabedi (20) ka ngwaga wa 2012, molao o ne wa felelwa ke nako ya go tswelela pele, go raya gore United Kingdom e ne e tla sala e le mo Western European Time.[10]

Ka kgwedi ya Mopitlwe ngwaga wa 2015, Harris le setlhopha sa gagwe ba ne ba rekota bidio e e neng e bontsha batho ba ba neng ba kgweetsa dithuthuthu ka lobelo lo lo kwa godimo mme ba ne ba e neela mapodisi, morago ga go ba bona fa ba ntse ba phuruphutsa. Banni ba lefelo leo ba ne ba ngongorega ka gore mmila oo o dirisediwa mabelo a dikoloi.[11]

Mo ditlhophong tsa ngwaga wa 2015, Harris o ne a tlhophiwa gape jaaka MP wa Castle Point ka palo e e kwa godimo ya 50.9% le bontsi jwa 8,934.[12][13]

Pele ga referandamo ya Brexit ya ngwaga wa 2016, Harris o ne a supa tshegetso ya gagwe ya gore Brithane e tswe mo European Union. [14]

Harris o ne a tlhophiwa gape kwa ditlhophong tsa kakaretso tsa ngwaga wa 2017 ka palo e e kwa godimo ya 67.3% le bontsi jo bo kwa godimo jwa 18,872.[15][16]

Mo ditlhophong tsa kakaretso tsa ngwaga wa 2019, Harris o ne a tlhophiwa gape ka palo e e kwa godimo ya 76.7% le bontsi jo bo kwa godimo jwa 26,634.Eno e ne e le palo e e kwa godimo ya diboutu tsa Conservative mo ditlhophong tsotlhe.[17]

Harris o ne a tlhophiwa go nna Dame Commander of the Order of the British Empire mo 2024 Birthday Honours List for Political and Public Service.[18]

Harris o ne a tlhophiwa gape kwa ditlhophong tsa kakaretso tsa 2024, ka palo e e fokotsegileng ya 38.1% le bontsi jo bo fokotsegileng jwa 3,251.[19]

Morago ga phenyo ya ga Kemi Badenoch mo ditlhophong tsa boeteledipele tsa 2024, Harris o ne a tlhophiwa go nna Chief Whip wa Conservative Party.[20][21]

  1. "No. 61230". The London Gazette. 18 May 2015. p. 9122
  2. "Ministerial Appointments: September 2022". GOV.UK. Retrieved 9 September 2022
  3. "Rebecca Harris MP". GOV.UK. Retrieved 9 September 2022.
  4. "Coronation order of service in full". BBC News. 5 May 2023. Retrieved 6 May 2023.
  5. "Rebecca Harris MP". BBC Democracy Live. BBC. Archived from the original on 27 June 2013. Retrieved 25 July 2010
  6. "Election Data 2010". Electoral Calculus. Archived from the original on 26 July 2013. Retrieved 17 October 2015
  7. "Archived copy" (PDF). Archived from the original on 27 September 2011. Retrieved 5 May 2010
  8. "BBC NEWS – Election 2010 – Castle Point". BBC News. Archived from the original on 4 September 2017. Retrieved 6 May 2010.
  9. Barrett, Matthew (14 September 2012). "The 24 Conservative MPs who are still on the backbenches and have never rebelled". Conservative Home. Retrieved 19 March 2015
  10. Winterman, Denise (24 February 2011). "Could the UK work with two different time zones?". BBC News Magazine. Retrieved 24 February 2011
  11. Trayner, David (12 March 2015). "MP films bikers she accuses of speeding". Southend Echo. Retrieved 9 April 2015.
  12. "Election Data 2015". Electoral Calculus. Archived from the original on 17 October 2015. Retrieved 17 October 2015
  13. "Castle Point parliamentary constituency - Election 2017". Archived from the original on 26 January 2019. Retrieved 25 January 2019 – via www.bbc.co.uk
  14. "EU vote: Where the cabinet and other MPs stand". BBC News. 22 June 2016. Retrieved 21 June 2017
  15. "Castle Point". Election 2017. BBC News. Archived from the original on 13 June 2017. Retrieved 11 June 2017
  16. "Commons Briefing Paper 7979. General Election 2017: results and analysis" (PDF) (Second ed.). House of Commons Library. 29 January 2019 [7 April 2018]. Archived (PDF) from the original on 12 November 2019
  17. "Commons Briefing Paper 8749. General Election 2019: results and analysis" (PDF). London: House of Commons Library. 28 January 2020. Archived (PDF) from the original on 18 November 2021. Retrieved 28 February 2023.
  18. "King's Birthday Honours: Castle Point Rebecca Harris made Dame". Southend Echo. Retrieved 3 November 2024
  19. "General Election 2024: Rebecca Harris re-elected for Castle Point but huge gain for Reform UK". Essex Live. 5 July 2024. Retrieved 3 November 2024
  20. "Kemi Badenoch appoints Rebecca Harris as Conservative chief whip, says predecessor". ITV News. 3 November 2024.
  21. "Kemi Badenoch makes first appointment to shadow cabinet". BBC News. 3 November 2024. Retrieved 3 November 2024