Rebecca Tanui
Rebecca Sirwanei Tanui (o tshotswe ka kgwedi ya Seetebosigo e le lesome le borataro (16) ka ngwaga wa 1992) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya yo o itsegeng ka go taboga marathone. O fitlheletse maemo a ntlha mo dikgaisanong tse dikgolo tsa boditšhabatšhaba mme o tshwere rekoto ya tsela mo Košice Peace Marathon.
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Shw o ne a fenya San Sebastián Marathon wa ngwaga wa 2022 ka rekoto e ntšha ya nako ya diura tse 2:23:09 [1]mme a fenya Venice Marathon wa ngwaga wa 2023.[2]
Ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa 2024, Tanui o ne a fenya Košice Peace Marathon kwa Slovakia, a roba rekoto e e sa bolong go nna teng ka nako ya 2:21:08. Phenyo e ne ya nna ya gagwe e e gaisang mo ngwageng oo.[3]
Pelenyana mo tirong ya gagwe, Tanui o ne a fetsa a le mo maemong a bone kwa Vienna City Marathon wa ngwaga wa 2022. O ne a boela kwa Vienna ka ngwaga wa 2024 mme a tokafatsa maemo a gagwe, a tsaya maemo a boraro ka nako ya 2:26:53. [4]Mo go eteleleng pele kwa Vienna City Marathon 2025, Tanui o ne a supiwa ke metswedi e le mentsi ya dikgang jaaka moganetsi yo mogolo wa mmampodi yo o emetseng Vibian Chepkirui. Babatlisisi ba ne ba lemoga gore rekoto ya gagwe e e gaisang ya kwa Košice e ne e le metsotswana fela kwa morago ga rekoto ya kwa Vienna ya ga Chepkiruiš ya 2:20:59.[5][6][7]
Ditiragalo tse di di gaisang tsotlhe
[fetola | Fetola Motswedi]Marathon -2:21:08 (Košice, 2024)
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Kenyan women reign supreme as Tanui breaks 27-year-old record". TeamKenya.co.ke. 27 November 2022. Retrieved 11 June 2025
- ↑ "Rebecca Tanui races among top performers". MyBestRuns. Retrieved 11 June 2025.
- ↑ "Košice Peace Marathon celebrates 100th anniversary". AIMS. 6 October 2024. Retrieved 11 June 2025.
- ↑ Rebecca Tanui at World Athletics
- ↑ "Preview: Vibian Chepkirui aims for history in Vienna, but Rebecca Tanui stands in her way". Watch Athletics. 5 April 2025. Retrieved 11 June 2025
- ↑ "Chepkirui faces strong challenge from Tanui in her historic quest in Vienna". Athletics Africa. 4 April 2025. Retrieved 11 June 2025
- ↑ "Strong fields could produce thrilling races in Vienna". AIMS. 31 March 2025. Retrieved 11 June 2025.