Rebeka Malope

Batsogile Lovederia " Rebecca " Malope ( o bonwe ka 30 Setibosigo 1968 ) ke seopedi sa mmino wa efangele sa Aforikaborwa . O itsege jaaka "Kgosigadi ya Efangele". Tiro ya gagwe ya mmino e tsaya dingwaga di feta masome a mararo. O rekisitse bo nyenyane jwa dialebamo di le dimilione di le 10 lefatshe ka bophara, mme seno se mo dira mongwe wa ba rekisi ba gospel ba ba kwa godimu thata ka nako tsotlhe. Bontsi jwa dialebamo di le 36 tse a di golotseng di fitlheletse maemo a polatinamo e ntsi.
O ne a tshwara lenaneo la gagwe la thelebišene le le kopantsweng, e leng ke nako ya efangeli, fa gare ga 2004 le 2019. Ka 2013 e ne e le mongwe wa baatlhodi mo lenaneong la Clash of Choirs la Aforikaborwa .
Ka ngwaga wa 2021 Moporesitente Cyril Ramaphosa o ne a mo tlotla ka Sekgele sa Ikhamanga (OIS), ka ntlha ya seabe sa gagwe se se tlhomologileng mo mminong wa Aforika Borwa.[1]