Reginah Mhaule
| Motlotlegi Reginah Mhaule Mopalamente | |
|---|---|
| Mothusa tona wa thuto go tswa kwa moding | |
| Assumed office Motsheganong a le masome mabedi le borobabongwe ngwaga wa 2019 | |
| President | Cyril Ramaphosa |
| Minister | Angie Motshekga Siviwe Gwarube |
| Pele Ga Gagwe | Enver Surty |
| Mopalamente | |
| Assumed office Tlhakole a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 2018 | |
| Mothusa tona wa mafatshe a sele le tirisanommogo | |
| In office Tlhakole a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 2018 – Motsheganong a le malatsi a supa ngwaga wa 2019 | |
| President | Cyril Ramaphosa |
| Minister | Lindiwe Sisulu |
| Pele Ga Gagwe | Nomaindiya Mfeketo |
| Morago Ga Gagwe | Alvin Botes Candith Mashego-Dlamini |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Makgabo Reginah Mhaule Morule a rogwa ngwaga wa 1961 Hazyview Transvaal Aforika Borwa |
| Mokgatlho | African National Congress |
| Alma mater | University of Fort Hare |
Makgabo Reginah Mhaule (o o tshotsweng ka Morule a rogwa ngwaga wa 1961) ke mopolotiki wa kwa Aforika Borwa o o tlholegang kwa Mpumalanga, o o berekang e le mothusa tona wa thuto go tswa kwa moding. O kile a emela African National Congress (ANC) mo palamenteng fa e sale ka 2018.
Mhaule ke morutabana ka tiro, o tsene mo pusong e le mokhanselara wa mmasepala wa Mbombela, kwa e neng e le mmatoropo go tswa ka 2003 go tsena 2006. Morago ga foo, o ne a bereka kwa khanseleng ya Mpumalanga go tswa ka 2009 go tsena 2018. Ka nako eo yotlhe, e ne e le mokhanselara wa thuto mo pusong ya kgaolo ya boeteledipele jwa ga David Mabuza.
O ne a tlhophilwe e le leloko la komiti ya ANC fa e sale ka Morule 2017, a nna mopalamente ka Tlhakole 2018, fa tautona Cyril Ramaphosa a mo thapa e le mothusa tona wa mafatshe a sele. O nnile mo maemong ao go fitlhelela morago ga ditlhopho tsa 2019, fa a tlhomiwa mo ofising e a leng mo go yone gompieno.
Thuto le pereko
[fetola | Fetola Motswedi]Mhaule o tshotswe ka Morule a rogwa ngwaga wa 1961[1] kwa Hazyview kwa e neng e le Transvaal botlhaba pele.[2] O ithutetse borutabana morago ga go aloga kwa sekolong se segolwane. Morago, fa puso ya tlhaolele e sena go fela, o ne a fetsa Bachelor of Education Honours kwa University of Potchefstroom ka 2002, le Master in Public Administration kwa University of Pretoria ka 2012.[3] Ka Motsheganong 2019, o ne a fetsa doctorate ya public administration kwa University of Fort Hare, ka tshekatsheko ya maduo a thuto kwa KwaMhlanga.[4]
O simolotse tiro ya gagwe e le morutabana wa sekolo se sepotlana kwa Transvaal Botlhaba ka 1980, le ntswa morago a ne a fudugela kwa sekolong se segolwane kwa Sibukosetfu kwa Hazyview, kwa a neng a nna mothusa mogokgo le mogokgo wa nakwana.[2][5]Mo dingwageng tse di masome mabedi e le morutabana, o ne a le matlhagatlhaga mo go tsa sepolotiki gape; ke ene modulasetilo wa ntlha wa lekalana la Hazyview la lekgotla la barutabana, fa lekgotla leo le tlhamiwa ka 1990, o ne a nna leloko la African National Congress (ANC).[2]
Mmasepala wa Mbombela: 2000 go tsena 2006
[fetola | Fetola Motswedi]Ka dditlhopho tsa Morule 2000, Mhaule o e a tlhophiwa go emela ANC e le mokhanselara wa mmasepala wa Mbombela kwa Transvaal botlhaba, e ka nako eo e neng ya fetolwa leina go nna kgaolo ya Mpumalanga. O ne a nna motsamaisa dipuisano tsa khansele[1]. Ka phukwi 2003[2], o ne a tlhatlosiwa maemo fa a tlhophiwa go nna mmatoropo wa Mbombela. O nnile mo mameong ao dingwaga di le tharo, a tlogela khansele ka 2006. Morago o ne a bereka e le mookamedi mo lephateng la distela le dipalamo go fitlhelela ka 2009.[3]
Khansele ya Mpumalanga: 2009 go tsena 2018
[fetola | Fetola Motswedi]Mo ditlhophong tsa Moranang 2009, Mhaule o ne a tlhophiwa mo mannong a khansele ya Mpumalanga.[3] Ka motsheganong a le lesome le bobedi, moeteledipele o mosha David Mabuza o ne a itsise fa a tlaa nna leloko la khansele ya Mpumalanga e le mokhanselara wa thuto.[5] O ne a tlhophiwa gape mo mannong ao mo ditlhophong tsa 2014, a nna mo go one go fitlhelela Mabuza a fetsa boeteledipele.[3]
Ka nako eo, Mhaule o ne a tlhatloga mameo mo kgaolong. Ka 2015, o ne a nna leloko la tlaleletso la komiti ya ANC[6], a tlhophiwa mo setlheng sa dingwaga tse tlhano mo bokopanong jwa masome a matlhano le bone ka Morule 2017.[7] Ka nnete kwa bokopanong jwa 2017, e ne e le ntlhopheng wa boraro, a setse morago Zweli Mkhize le Lindiwe Zulu.[7] Pampiri ya The Citizen e ne ya bega gore Mabuza o ne a mo lwela gore a bone maemo ao, gongwe e le ka gore o ne a batla gore a nne motlhokomedi-mogolo kwa komiting.[8]
Puso
[fetola | Fetola Motswedi]Tsa mafatshe a sele le tirisanommogo: 2018 go tsena 2019
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Tlhakole a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 2018, tautona o a ne a sa tswa go tlhophiwa Cyril Ramaphosa o ne a itsise setshaba ka matona a gagwe, a neela Mhaule maemo a mothusa tona wa mafatshe a sele le tirisanommogo ka fa tlase ga ga tona Lindiwe Sisulu.[9] E ne e le mongwe wa bo mothusa tona ba babedi mo lephateng leo, a bereka le Luwellyn Landers. Mhaule o ne a ithola marapo mo pusong ya Mpumalanga gore a kgone go ya palamenteng, o ne a tlhomamisiwa.[10][11] James Masango, moeteldipele wa phathi ya kganetso ya Democratic Alliance, o ne a nna kgatlhanong le go tlhatlosiwa maemo ga ga Mhaule, a supa fa ene le mabuza o a neng e le mothusa tautona, ba tlogetse tlhakatlhankano mo maphateng a ba tswang kwa go one kwa Mpumalanga.[12]
Thuto go tswa kwa moding: 2019 go tsena gompieno
[fetola | Fetola Motswedi]Mo ditlhophong tsa Motsheganong 2019, Mhaule o ne a tlhophiwa setlha se se tletseng kwa palamenteng, a le mo maemong a masome a matlhano le bosupa mo lenaaneng la ANC.[13] Morago ga ditlhopho, Ramaphosa o ne a mo thapa go nna mothusa tona wa thuto go tswa kwa moding ka fa tlase ga tona wa bogologolo Angie Motshekga.[14] Ka Morule 2022, kwa bokopanong jwa ANC jwa masome a matlhano le botlhano, o ne a tlhophiwa gape kwa komiting ya ANC, a le mo mameong a masome a supa le borobabobedi go tswa mo go ba le masome a robabobedi ba ba neng ba tlhophilwe.[15]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Mhaule o nyetswe.[1] Ka Firikgong 2019, mmereki wa gagwe wa mo ntlong o ne a ntsha ngongora kgatlhanong le ene kwa mapodising, a re Mhaule o ka tswa a tsere madi a gagwe a tuelo e se ka fa tshwanelong.[16]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 "Deputy Minister of Basic Education: Makgabo Reginah Mhaule, Dr". Department of Basic Education. Retrieved 28 November 2025
- 1 2 3 4 "An Abridged Profile of the MEC" (PDF). S'bukosetfu. 2: 5. 2009.
- 1 2 3 4 "Reginah Mhaule, Dr". South African Government. Retrieved 28 November 2025
- ↑ "Deputy Minister Reginah Mhaule receives Doctorate from Fort Hare". IOL. 20 May 2019. Retrieved 28 November 2025
- 1 2 "Reginah Mhaule, Dr". South African Government. Retrieved 28 November 2025
- ↑ "Cosatu fires Zwelinzima Vavi". The Mail & Guardian. 30 March 2015. Retrieved 28 November 2025
- 1 2 "Meet the new ANC NEC". News24. 21 December 2017. Retrieved 28 November 2025
- ↑ Mathope, Gosebo (22 December 2017). "Mhaule, Mpumalanga fraud-accused MEC and ANC's 9th most popular leader". The Citizen. Retrieved 28 November 2205
- ↑ "New deputy president, finance minister announced in major Cabinet reshuffle". The Mail & Guardian. 26 February 2018. Retrieved 28 November 2025
- ↑ "DD Mabuza and Reginah Mhaule hand in resignation". Mpumalanga News. 27 February 2018. Retrieved 28 November 2025
- ↑ Herman, Paul (27 February 2018). "This is a transitional Cabinet – Ramaphosa on reshuffle". News24. Retrieved 28 November 2025
- ↑ "Mabuza's promotion an indication of a bigger problem – DA". Sunday Times. 27 February 2018. Retrieved 28 November 2025
- ↑ "Makgabo Reginah Mhaule". People's Assembly. Retrieved 28 November 2025
- ↑ "Unionists, women and an alleged smuggler? Who's who in Ramaphosa's Cabinet". The Mail & Guardian. 29 May 2019. Retrieved 28 November 2025
- ↑ "ANC NEC members". eNCA. 22 December 2022. Retrieved 28 November 2025
- ↑ Domestic worker opens fraud case against Mpumalanga MEC's office". News24. 28 January 2017. Retrieved 28 November 2025