Rei Amador
Rei Amador | |
|---|---|
Sefikantswe sa ga Kgosi Amador wa kwa Sao Tome | |
| Tsalo | Setlhaketlhake sa Sao Tome |
| Leso | 1596 Setlhaketlhake sa Sao Tome |
| Tiro | Motho o a neng a tsuologa ka a ne a dirilwe lekgoba |
Amador Vieira, o itsegeng thata ka Rei Amador, e ne e le leloko la kgosi ya ba morafe wa Angolar ebile e le moeteledipele wa tsuologo ya batho ba ba neng ba dirilwe makgoba e e tumileng thata e e diragetseng kwa setlhaketlhakeng sa Aforika sa Sao Tome and Principe ka ngwaga wa 1595. Go ya ka mekwalo mengwe ya ditso, Rei Amador o ne a dirilwe lekgoba, mme o ne a leka bojotlhe go tila bokgoba, a phutha ba batho botlhe mo marafe wa Angolar ga mmogo le ma Aforika a mangwe a dira morafe o o ikemetseng o o gololesegileng mo ditlhaketlhakeng tseo.[1]
Ditso tsa batho ba Angolar kwa Sao Tome and Principe
[fetola | Fetola Motswedi]Ditso tsa batho ba Angolar kwa Sao Tome and Principe di remeletse mo letsholong la maikaelelo le go ikemela mo go neng go dirwa ke Rei Amador.[1] Batho ba Angolar ba ne ba nna kwa borwa ja setlhaketlhake sa Sao Tome. Gore ba simolotse jang go nna kwa setlhaketlhakeng seo ke ngangisano ya ditso; go na le ditlhaloso di le tharo tse di phadisanang.
Tlhaloso ya ntlha ya lotso lwa batho ba Angolar ba Sao Tome ke gore ba ne ba falola go phatloga ga sekepe kwa lotshitshing lo lo kwa borwa jwa Sao Tome, fa ba isiwa go nna makgoba,[1] ba ne ba tsamaya mo lotshitshing mme ba simolola merafe ya bone.
Tlhaloso ya bobedi, ke gore batho ba Angolar ke makgoba a pele a a neng a tsuologa, a tshaba a bo a iphitlhela beng ba bone - morago ga go isiwa kwa Sao Tome. Makgoba a pele a ne a aga metse mo setlhaketlhakeng. Metse e e e ne e bidiwa Kilombo. Ka puo ya Kilombo, e e leng nngwe ya dipuo tse di buiwang thata kwa lefatsheng la Angola, lefoko kilombo le ne le raya kampa ya ntwa, mme morago ga go adima puo mo sepotokising go nna quilombo, le ne la akaretsa ditlhaloso tse dingwe jaaka go kampa, go thibelela, botshabelo, motse le setšhaba. Dikilombo tse di ne di dirwa mo mafelong a a leng dikgwa, kgakala le dipolasi.[1] Nako tse dingwe leina la kilombo le dirisiwa go raya dikilombo di le dintsi le makgoba a pele, e le bokopano jwa mafatshe a a ikemetseng, a eteletswe pele ke Rei Amador.
Tlhaloso ya boraro e supa fa batho ba Angolar ba fudugile go tswa kwa bonnong jwa Aforika go ysa setlhaketlhakeng sa Sao Tome and Principe, pele ga kgorogo ya batho ba Portugal mo ditlhaketlhakeng.
Tsuologo ya bokgoba
[fetola | Fetola Motswedi]Ka kgwedi ya Phukwi e ferabongwe ngwaga wa 1595, Rei Amador le batho ba gagwe, ba Angolar, ba ne ba itsalanya le ma Aforika a mangwe a a neng a dirilwe makgoba kwa dipolasing, ba ne ba gwantela kwa dikgweng tse di kwa teng ba lwantsa batho ba lotso lwa Portuguese. Go bolelwa gore letsatsi leo, Rei Amador le balatedi ba gagwe ba ne ba fofisa folaga fa pele ga banni ba koo, ba bolela fa Rei Amador e le ene kgosi ya Sao Tome and Principe, a ipitsa Rei Amador, mogolodi wa batho bantsho botlhe.[1]
Ka dingwaga tsa 1595 go tsena 1596, setlhaketlhake sa Sao Tome se ne sa etelelwa pele ke batho ba Angolar, ka puso ya ga Rei Amador. Ka Firikgong a le malatsi a mane ngwaga wa 1596, o ne a tshwarwa, a tsenngwa mo kgolegelong, mme morago a atlholwa ka go bolawa ke batho ba lotso lwa Portuguese. Le gompieno ba mo gakologelwa ka lorato, ebile ba mo supa e le mogaka wa setlhaketlhake.[1][2]
Boswa
[fetola | Fetola Motswedi]- Kwa Sao Tome and Principe, letsatsi la Firkgong a le malatsi a mane le ne la dirwa letsatsi la boitapoloso go mo tlotla, le ipeletswe lantlha ka ngwaga wa 2005.[3]
- Setlhopha sa bolo se se itsegeng ka UDRA se biditswe ka ene.
- Rei Amador o ne a supiwa mo leding la pampiri la dikete tlhano tsa madi a dobras. Madi a dipampiri otlhe a ne a na le senepe sa gagwe go fitlhelela ka ngwaga wa 2017.[4] Ke tlhamo e e neng e dirilwe ke motaki Pinaso Pina ka go sena dinepe tsa boammaruri tsa ga Rei Amador. Rei Amador o ne a tlhaga gape mo mading a dipampiri a kwa Cape Verde.
- Ka ngwaga wa 2004 ka ngwaga wa ntwa kgatlhanong le bokgoba le kemiso ya bone, mokwaledi mogolo wa United Nations Kofi Annan o ne a dira sefikantswe sa ga Rei Amador kwa Sao Tome and Principe.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 5 6 Rei Amador.
- ↑ Lemos, Carlos Neves (1975). Esboço Histórico das Ilhas de S.Tomé e Príncipe [Brief History of the Islands of São Tomé and Príncipe] (in Portuguese). São Tomé: Imprensa Nacional.
- ↑ A Verdadeira Origem do Célebre Rei Amador Gerhard Seibert of Espaço Cultural STP (in Portuguese)
- ↑ Linzmayer, Owen (2012). "Sao Tome and Principe". The Banknote Book. San Francisco, CA: www.BanknoteNews.com.