Reine Ngotala
Reine Ngotala | |
|---|---|
| Tsalo | Reine Ngotala October 5, 1997 |
| Bolele | 1.77 m (5 ft 9+1⁄2 in) |
| Beauty pageant titleholder | |
| Lebante | Miss Gabon 2015 |
| Mmala wa moriri | Black |
| Mmala wa matho | Brown |
| Dikgaisano tsa konokono | Miss Gabon 2015 (Winner) Miss World 2015 (Unplaced) |
Reine Ngotala (o tshotswe ka kgwedi ya Phalane malatsi a le matlhano ka 1997, kwa Nyanga, Gabon) ke motlelara wa Gabon le motshwari wa sekgele sa kgaisano ya bontle yo o neng a rwesiwa serwalatlhogo sa Mohumagatsana wa Gabon wa 2015 mme a emela Gabon kwa Mohumagatsaneng wa Lefatshe wa 2015 mme a sa Bewa.
Botshelo jwa motho ka namana
[fetola | Fetola Motswedi]Ngotala ke moithuti wa itsholelo kwa Setheong se se Kwa Godimo sa Boenjenere kwa Libreville.
Mohumagatsana wa Gabon 2015
[fetola | Fetola Motswedi]Ka kgwedi ya Moranang ka di 26 ngwaga wa 2015, Ngotala o ne a rwesiwa serwalatlhogo sa go nna Mohumagatsana wa Gabon 2015 o o neng o na le bagaisani ba le lesomerobedi ba ba neng ba gaisana kwa kgaisanong eno. Jaaka Mohumagatsana wa Gabon wa 2015, Ngotala o ne a emela Gabon kwa Mohumagatsana wa Lefatshe wa 2015.[1]
Reine Ngotala yo o rwesitseng Mohumagatsana Gabon serwalatlhogo o ne a rulaganyeditswe go gaisana kwa kgaisanong ya Mohumagatsaneng wa Lefatshe le Mohumagatsana wa mafatshe pele ga Mohumagatsana wa Lefatshe a itsise thulaganyo ya semmuso. Reine o ne a gaisana fela kwa Miss World boemong jwa seo. Mofenyi wa gagwe wa bobedi, Anis Christine Pitty Yaya o ne a tsaya sekgele sa go gaisana kwa Mohumagatsaneng wa Lefatshe Lotlhe wa 2015.
Tse di kwa ntle
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Miss Gabon 2015 was crowned in Libreville". thegreatpageantcommunity. 2015-04-27. Retrieved 2015-04-27