Jump to content

Religion in Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Tumelo ya Sekeresetse ke yone e nang le balatedi ba bantsi mo lefatsheng la Botswana,go ya ka palo batho ya bosheng tumelo ya seresete e emela diphesente tse di masome a robabobedi le bosupa, mo lefatsheng ka bophara.[1]Le ha go ntse jalo,lehatshe ga leikamanye le bodumedi bope gape le na le kgololesego ya go ikgethela bodumedi.

Tumelo ya sekeresete e gorogile mo lefatsheng la Botswana ka ngwaga wa 1870,e tla ka barongwa ba baruti go tswa Europe.[2] Tsamaiso ya go sokologa ene ele bonako go gaisa ya mafatshe a mabapi a borwa ba Africa ka lebaka la gore baeteledi pele ba merafe ebong dikgosi ba ne ba sokologa go nna bakeresete, mo go gwetlhileng morafe otlhe go sokologa le bone.[3]Malatsi a botsalo ja morena le a papolo ya morena atlhomamisitswe go nna malatsi a boikhutso a setshaba.[4]

Pele ga sekeresete se goroga,tumelo ya gore sengwe le sengwe se na le mowa ke yone e neng ele teng mo lefatsheng.

Mokgatlho wa London Missionary o ne wa romela barongwa ba ntlha ba tumelo ya sekeresete mo Botswana ka ngwaga wa 1812.Ditlhophatse dingwe tsa barongwa di ne tsa kganelwa ke dikgosi tsa Botswwana go hema kgopekgopetsano ya ditumelo.[5]Barongwa ba tumelo ya seresete ba ne a amogelwa ke Dikgosi tsa merafe ka gore ba ne ba dumela gore ba ka thusa go tlisa ditlhobolo go tswa kwa ntle go thibela maAfrikaner go tswa borwa le go thibela mafatshe a mangwe go tsaa taolo mo kgaolong.[6]Bangwato le Bangwaketse e ne ele yone merafe ya ntlha go amogela tumelo ya ssekeresete ka botlalo ka dingwaga tsa 1890 le 1900,mme dikgosi tsa merafe ee ne tsa iletsa mekgwa e le mmalwa e kgatlhanong le dithuto tsa tumelo ya sekeresete.[7]

Morago ga go goroga ga tumelo ya sekeresete mo Botswana,barongwa ba tumelo ya sekeresete ba ne ba simodisa dikolo tsa baebela le go leka go emisa ditso tsa bogologolo jaaka Bongwera(moletlo wa ngwao wa go fetola nwana wa mosimane go nna rre) le Bojale (moletlo wa go fetola ngwana wa mosetsana go mo dira mme ha sena go gola),dilo tse ka bobedi di ne di golagane le go amogelwa ga motho mo setshabeng gore o lekane go nyalwa kana go nyala le go tshwanelo ya go nna le dithoto.[8]Ditumelo tse di ne tsa tswelela ka go diriwa mme ele mo sephiring,le ko ntleng ga maiteko a barongwa go di emisa,Barongwa ba tumelo ya sekeresete ba ne ba tsere karoo mo polotiking ele baranodi magareng ga Dikgosi tsa merafe le balaodi ba puso ya Bakolonial.[9]

Morago ga gore Botswana e bone boipuso ka 1966 go tswa mo pusong ya bokoloniale, baeteldi pele ba mokgatlho wa barongwa ba tumelo ya sekeresete le baruti ba ne ba dira jaaka moeteledi pele wa ntlha wa bokopano ba lefatshe balaodi mo pusong e ncha.[10] Ka dingwaga tsa bo 1970,baeteledi pele ba basha ba ne sekaseka kaedi ya dithuto ya tumelo ya sekeresete mo dikolong.ba ne ba e sekaseka maikaelelo ele go busetsa boleng jwa setswana bo bo ikaegileng ka dithuto tsa pele ga tumelo ya sekeresete, jaaka kagisanyo le Botho le thokgamo ka go latelana.[11][12]Dikolo tsa Bongwera le Bojale di ne tsa boselediwa gape.[13]Baeteledi pele ba basha ba ne ba amogela leano la go letlela le go fa bodumedi kgololesego ya go itlhophela














0

  1. "2022 Population and Housing Census Results: Fertility, Mortality, Migration and Religion". Retrieved 31 December 2024.
  2. http://www.worldbank.org/en/country/botswana
  3. Sharlene Swartz; Monica Taylor (2013). Moral Education in Sub-Saharan Africa: Culture, Economics, Conflict and AIDS. Routledge. pp. 67–69. ISBN 978-1-317-98249-4.
  4. https://botswanamission.ch/public-holidays/
  5. Haron, Muhammed; Jensen, Kipton E. (2008). "Religion, identity and public health in Botswana". African Identities. 6 (2): https://en.wikipedia.org/wiki/Doi_(identifier)
  6. Sharlene Swartz; Monica Taylor (2013). Moral Education in Sub-Saharan Africa: Culture, Economics, Conflict and AIDS. Routledge. pp. 67–69. ISBN 978-1-317-98249-4.
  7. Haron, Muhammed; Jensen, Kipton E. (2008). "Religion, identity and public health in Botswana". African Identities. 6 (2): 183–198. doi:10.1080/14725840801934039. ISSN 1472-5843.
  8. https://en.wikipedia.org/wiki/ISBN_(identifier)
  9. Elias Kifon Bongmba (2015). Routledge Companion to Christianity in Africa. Routledge. pp. 389–390. ISBN 978-1-134-50577-7.
  10. Elias Kifon Bongmba (2015). Routledge Companion to Christianity in Africa. Routledge. pp. 389–390. ISBN 978-1-134-50577-7.
  11. Kevin Shillington (2013). Encyclopedia of African History. Routledge. pp. 163–164, 129. ISBN 978-1-135-45670-2.
  12. https://books.google.com/books?id=umyHqvAErOAC&pg=PA163
  13. Sharlene Swartz; Monica Taylor (2013). Moral Education in Sub-Saharan Africa: Culture, Economics, Conflict and AIDS. Routledge. pp. 67–69. ISBN 978-1-317-98249-4.