Jump to content

Renei Batlokwa

Go tswa ko Wikipedia

Wedu Reneilwe Batlokwa (o tshotswe ka kgwedi ya Sedimonthole e thola bongwe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le bosupa (1997) ke motshameki wa kgwele ya dinao wa Motswana yo o tshamekang jaaka motshameki wa mo gare wa Bowers & Pitsea.

Botshelo jwa pele le jwa botho

[fetola | Fetola Motswedi]

Batlokwa o ne a tsena sekolo sa Gable Hall. [1]Go tloga ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabobedi (2018 )o ne a bua dipuo di le tharo ka thelelo mme a ithuta ya bone. [1]

Tiro ya go tshameka

[fetola | Fetola Motswedi]

Batlokwa o simolotse tiro ya gagwe le Thurrock, a ikgolaganya le Southend United a le dingwaga di le lesome le bone .[2][3]O ne a ya go adima kwa Lowestoft Town ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabobedi ( 2018).O ne a tshameka le setlhopha sa ntlha sa Southend ka nako ya ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabobedi (2018) go ya ko ngwageng wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe (2019) pre-season,[4]a dira tshimologo ya gagwe ka kgwedi ya Lwetse e thola bone ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabobedi (2018). [5][6]

O ne a gololwa ke Southend kwa bokhutlong jwa setlha sa 2018-19.[7] Batlokwa o ne a ikgolaganya le Brentwood Town kwa bokhutlong jwa kgwedi ya Ngwanatsele ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe (2019).[1]O ne a tshamekela setlhopha seo go fitlha ka kgwedi ya Mopitlwe ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi (2020),[8] fa a ne a ya go nna leloko la Canvey Island. [9]O ne a gololwa ka selemo sa ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi (2020).[10]

Ka nako ya ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi (2022) go ya ko ngwageng wa dikete tse pedi le masome a mabedi le boraro (2023), Batlokwa o ne a nna le nako e khutshwane le Concord Rangers, le fa go ntse jalo ga a ka a tshamekela setlhopha seo. [11]Ka kgwedi ya Ferikgong ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le boraro (2023),morago ga nako ya gagwe kwa Concord Rangers, Batlokwa o ne a fetsa nako a le mo tshekong kwa setlhopheng sa Slovak sa Tatran Liptovský Mikuláš.[12]

Ka kgwedi ya Lwetse e thola bongwe ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le boraro (2023), Batlokwa o ne a saena tumalano le NIFL Premiership side Loughgall[13]. Pele ga nako ya 2024 League of Ireland First Division, morago ga go tshameka makgetlho a mabedi mo Northern Ireland Football League Cup kwa Loughgall, Batlokwa o ne a saena le Athlone Town.[14]

Pele ga setlha sa ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024) go ya ko ngwageng wa dikete tse pedi le masome mabedi le botlhano(2025), Batlokwa o ne a boela kwa Engelane, a saena le setlhopha sa Isthmian League North Division Maldon & Tiptree. [15]Ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le botlhano (2025), Batlokwa o ne a saena tumalano le Bowers & Pitsea.[16]

  1. 1 2 3 Southend United Announce Retained List". southendunited.co.uk
  2. Bostik League Clubs Busy Ahead Of Deadline". Pitchero. 3 April 2018. Retrieved 29 October 2018
  3. Chris Wise (5 April 2018). "Lowestoft Town boss delighted on have on-loan midfielder Batlokwa on board". Eastern Daily Press. Archived from the original on 29 October 2018. Retrieved 29 October 2018.
  4. Chris Phillips (17 July 2018). "Southend United midfielder Renei Batlokwa sets his sights on first team debut". Basildon Canvey Southend Echo. Retrieved 29 October 2018
  5. Games played by Renei Batlokwa in 2018/2019". Soccerbase. Centurycomm. Retrieved 29 October 2018.
  6. Chris Phillips (5 September 2018). "Renei Batlokwa's joy at making Southend United debut". Basildon Canvey Southend Echo. Retrieved 29 October 2018.
  7. "Southend United Announce Retained List". southendunited.co.uk
  8. Profile at Brentwood Town's website[dead link]. brentwoodtownfc.co.uk
  9. Canvey Swoop For Brentwood Midfielder Archived 13 March 2020 at the Wayback Machine. betvictoristhmian.co.uk. 7 March 2020
  10. Botswana: Zebras Prepare for AFCON. allafrica.com. 15 October 2020.
  11. Renei Batlokwa at Soccerway
  12. "MFK Zemplín na úvod prípravy si zmeral sily s Liptovským Mikulášom" (in Slovak). Regionálne správy. 11 January 2023. Retrieved 4 August 2024.
  13. "Irish League transfers - five of the most intriguing deadline day moves". BelfastLive. 2 September 2023. Retrieved 4 August 2024.
  14. Match Report: Athlone Town AFC 3-3 Longford Town FC". Athlone Town F.C. 23 March 2024. Retrieved 4 August 2024
  15. Maldon & Tiptree – Appearances – Renei Batlokwa". Football Web Pages. Retrieved 18 November 2024.
  16. Bowers & Pitsea – Appearances – Renei Batlokwa". Football Web Pages. Retrieved 30 April 2025.