Renty Taylor
Renty Taylor o itsegeng gape jaaka Papa Renty, e ne e le monna wa mo Aforika ka lekgolo la dingwaga di le lesome le borobabobedi le lesome le borobabongwe.O tsholetswe kwa Congo Basin, o ne a tshwerwe a bo a dirwa lekgoba a isiwa kwa United States kwa a neng a rekisiwa teng go nna lekgoba. O berekile kwa polasing ya letsela e e neng e le ya ga Benjamin Franklin Taylor. E ne e le mongwe wa batho bantlha go tsewa dinepe tsa bokgoba, tse di neng di tserwe ke Joseph T. Zealy ka
bookamedi jwa ga Louis Agassiz ka Mopitlo ngwaga wa 1850, o dikakanyo tsa gagwe di neng tsa dirisiwa go ema nokeng go diriwa makgoba ga ma Aforika kwa United States le go rotloetsa kakanyo ya gore batho basweu ba botoko mo bathong botlhe.[1]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Renty Taylor o tshotswe ka ngwaga wa 1775 kwa Congo; leina le a le filweng ke mmagwe ga le itsegale le gompieno.[1] O ne a tshwarwa ke bagwebi ba makgoba a goroga kwa New Orleans mo sekepeng sa kwa Spain ka dingwaga tsa 1800.[1] O ne a felela a rekiwa ke Col. Thomas Taylor (go tswa ka 1743 go tsena ka 1833) ka dingwaga tsa 1800 di simologa, a felela a goroga kwa polasing ya Edgehill kwa Columbia, borwa jwa Carolina.[2] Renty Taylor o ne a le motlotlo ka ditso tsa gagwe tsa Aforika, a dirisa thanodi ya Webster go ithuta go bala le ntswa melao e ne e le kgatlhanong le seo, mme a ruta le makgoba a mangwe a mmala o montsho a America. Go bala go ne go le borai ebile go le kotsi mo makgobeng ka go ne go na le melao e e kgatlhanong le go bala ga makgoba kwa United States.[1]
Ka Mopitlo ngwaga wa 1850, Louis Agassiz o ne a ntsha taolo ya gore go tsewe dinepe tse di neng di tlhalosiwa di le tlhokofatsa tsa ga Renty Taylor le morwadie Delia Taylor go tsweledisa ngangisano ya gagwe ka maemo a a kwa tlase a batho bantsho.[3] Ke dinepe tsa ntlha tse di itseweng ka makgoba.[4][5][3][6] Agassiz o ne a tlogelela dinepe tse Harvard tsa sala kwa mabolokelong a ditso a Peabody go fitlhelela ka ngwaga wa 1976 fa di ne di bonwa gape ke Ellie Reichlin.
Ka ngwaga wa 1852, maina a ga Renty le morwadie a ne a tlhagelela mo dibukeng tsa tshekatsheko tsa makgoba a ga Benjamin Franklin Taylor.[7] O ne a dirisa leina la Renty Taylor morago ga ntwa ya phetogo ya kwa America e fela ka ngwag wa 1865.[1] Ga go itsegale gore o tlhokafafetse leng ebile ga go itsegale gore a o kile a gololwa, mme o ne a nyelela mo dikwalong ka ngwaga wa 1866, dingwaga tse tharo morago ga Abraham Lincoln a ntsha taolo ya 1863.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Renty Taylor o ne a na le bana ba le babedi ba ba neng ba itsewe: morwadie a bidiwa Delia Taylor le morwa a bidiwa Renty Thompson (o o tshotsweng ka ngwaga wa 1850 a tlhokafala ka 1945) o a neng a rekisediwa mong o sele wa makgoba ka 1860.[8]
Tsheko
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2019, ditlogolwana tsa ga Taylor di ne tsa tsaya kgato kgatlhanong le Harvard gore ditshwantsho le dinepe di busiwe ga mmogo le phimolo dikeledi.[9] Tsheko e e ne e engwe nokeng ke ditlogolwana tse di santseng di le mo botshelong, tsa Louis Agassiz di le masome a mane le boraro, ba ne ba kwala lokwalo lwa kemo nokeng le le neng le balega jaana bontlha bongwe jwa lone "Gore Harvard e neele Ms. Lanier le ba lolwapa lwa gagwe dinepe ke go simolola go dira dipaakanyo ka tiriso ya dinepe tse jaaka ditshupo mo kakanyong ya ga Agassiz ya gore batho basweu ba feta merafe e mengwe ka maemo.[4]" Fa a budiwa gore o a go dirang ka dinepe tse fa a ka fenya tsheko, Tamara Lanier, kokomane ya ga Renty Taylor o ne a re: "Ke itse gore se ke sengwe se se tshwanetseng go nna mo phatlalatseng, Harvard ga e a tshwanela go ka bo e bona dipoelo mo tirisong ya dinepe tse, mme go feta foo, ke kgang ya seriti le go busetsa seriti sa ga Renty.[4]
Tsheko ya ga Lanier kgatlhanong le Harvard e ne ya phatlaladiwa ka ngwaga wa 2021, ka mabaka a le mantsi, a akaretsa molao o o tlwaelesegileng wa gore motho o o mo senepeng ga a na tshwanelo epe ya senepe seo.[10][11] Lanier o ne a ikuela morago ga foo.[11]
Ka Motsheganong ngwaga wa 2025, Harvard e ne ya dumalana go neela mabolokelo a ditso a batho bantsho ba America kwa borwa jwa Carolina dinepe tseo. Ms. Lanier o ne a duelwa madi a a sa bolelwang e le bontlha jwa tsheko ya gagwe. Le ntswa go nnile le tharabololo ya tuelo ya madi a a sa bolelwang, Harvard e itshwarelela ka gore Ms. Lanier ga a fa bosupi jwa kamano ya gagwe le Renty Taylor.[12]
Kgaso
[fetola | Fetola Motswedi]- Lefatshe le lebeletse: mosadi a sekisetsa Harvard dinepe tsa bomogolwagolwane ba ba neng ba dirilwe makgoba are ditso di mo kotsing. (Puisano ya setshwantsho sa motshikhinyego le Tamara Lanier, kokomane ya ga Ppapa Renty). Democracy Now! Mopitlo a le masome mabedi le borobabongwe ngwaga wa 2019.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 5 "Who was Renty? The story of the slave whose racist photos have triggered a lawsuit against Harvard". USA Today. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ "Faces of Slavery: A Historical Find". American Heritage. Retrieved 03 July 2025.
- 1 2 "Who Should Own Photos of Slaves? The Descendants, not Harvard, a Lawsuit Says". March 20, 2019. Retrieved 03 July 2025.
- 1 2 3 Moser, Erica. "Descendants of racist scientist back Norwich woman in fight over slave images". theday.com. The Day. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ Browning, Kellen. "Descendants of slave, white supremacist join forces on Harvard's campus to demand school hand over 'family photos'". www.bostonglobe.com. The Boston Globe. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ "The World Is Watching: Woman Suing Harvard for Photos of Enslaved Ancestors Says History Is At Stake". Democracy Now!. March 29, 2019. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ Hecimovich, Gregg. "The Life and Times of Alfred, Delia, Drana, Fassena, Jack, Jem, and Renty." Chapter 2 of To Make Their Own Way in the World: The Enduring Legacy of the Zealy Daguerreotypes, edited by Ilisa Barbash, Molly Rogers, Deborah Willis. Cambridge: Peabody Museum Press, 2020: page 82–82.
- ↑ "Norwich woman tracks down slave ancestor's inspiring story". Norwich Bulletin. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ Tony Marco, Ray Sanchez and. "The descendants of slaves want Harvard to stop using iconic photos of their relatives". /www.cnn.com. CNN. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ Hartocollis, Anemona (2021-03-05). "Images of Slaves Are Property of Harvard, Not a Descendant, Judge Rules". The New York Times. ISSN 0362-4331. Retrieved 03 July 2025.
- 1 2 "Case Review: Lanier v. Harvard (2021)". Center for Art Law. 2021-07-27. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ Betts, Anna (29 May 2025). "Harvard agrees to transfer early photos of enslaved people to African American museum". The Guardian. Retrieved 03 July 2025.