Reut Naggar
Reut Naggar (Hebrew: רעות נגר; o tshotswe ka kgwedi ya Motsheganonge thola bobedi (2),ka ngwaga wa 1983) ke motlhami wa kwa Iseraele, rakgwebo wa setso le molweladiphetogo wa loago, yo o tsepamisang maikutlo thata mo ditshwanelong tsa basadi le LGBT. Naggar ke mosimolodi le mong-ka-ene wa WDG, lefelo la dikgang la LGBT, le motlhami wa terama ya "Lesbihonest". Leloko la Khansele ya Toropokgolo ya Tel Aviv Jaffa.[1]
Botshelo jwa gagwe jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Naggar o tsholetswe kwa Tel Aviv mme a golela kwa Ashdode. O ne a dira tiro ya gagwe ya sesole e e patelesegang mo IDF magareng ga dingwaga tsa 2001-2004 mo Logistics Unit jaaka Moofisiri wa Ditirelo. Morago ga tirelo ya gagwe ya sesole, Naggar o ne a ya go bona dikirii ya B.Sc. ka Chemistry le Internal Medicine kwa Bar Ilan University. O ne a ithutela capital Markets kwa Psagot College le Creative Writing kwa "Aboodi" College, sekolo sa papatso. Morago ga dithuto tsa gagwe, Naggar o ne a dira kwa dikhampaning di le mmalwa tsa papatso, go akaretsa Saatchi & Saatchi.
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2014, Naggar o ne a nna motlhami-mmogo wa Lesbian bar Amazona, [2]moo a neng a dira ditiragalo tsa setso sa LGBT. Ka ngwaga wa 2015, o ne a dira moletlo wa boditšhabatšhaba wa baesekopo wa LGBT, TLVFest"[3]mme e ne e le motlhami wa porojeke ya "Yemei Tarboot", ya ga Mifal HaPayis. Naggar o ne gape a dira mo mekgatlhong e e seng ya puso ya Iseraele e le motsamaisi wa diteng, motlhami wa ditiragalo le mogokaganyi wa mokgatlho wa baithuti ba maloba.[4]
Naggar, mmogo le George Avni, ba dirile webosaete ya WDG.co.il ⁇ e leng yone fela webosaete ya dikgang e e ikemetseng ya LGBT kwa Iseraele. Lefelo leno le tlhamilwe go neela lentswe la sepolotiki mo setšhabeng sa LGBT kwa Iseraele le go tlisa dikgang go tswa kwa Iseraele le lefatshe go ya kwa setšhabeng ka puo ya sone. [5]Webosaete e bontsha pharologano ya se se diragalang, e fedisa dikgopolo tse di tlwaelegileng e bile e na le di-call to action, ditlhogo tsa botho le tshedimosetso e ntšha ka ditiragalo le ditiro tse di direlwang setšhaba.
Ka ngwaga wa 2016, Naggar o ne a dira lenaneo la "Lesbihonest" le motshameki wa moanedi le mmoki, Mika Ben Shaul. [6]Thulaganyo eno e akaretsa metlae, dipina le maboko a a buang ka basadi ba ba ratang basadi. Pontsho e ne ya tshamekiwa la ntlha kwa LGBT centre kwa Tel Aviv, e e neng ya latelwa ke leeto le le neng le akaretsa Jerusalema, Haifa, Beersheba, Netanya le tse dingwe. Gone jaanong "Lesbihonest" e bontshiwa ka metlha kwa bobogelong jwa setšhaba jwa kwa Iseraele, jwa HaBima.
Mo go one ngwaga oo, Naggar o ne a tlhophiwa jaaka mongwe wa basadi ba ba nang le tlhotlheletso mo setšhabeng sa LGBT ke "Time Out Tel Aviv".[7]
Ka ngwaga wa 2017 Naggar o ne a thaya setlhopha sa mmino sa "Pashoot" go tlotla segopotso sa dingwaga di le lesome tsa Lethal Lesbian Film Festival, mme a tshameka kwa lefelong la moletlo, Tel Aviv Cinematheque. Ga jaana o nna kwa Tel Aviv. [8]
Tiro ya Puso le ya Dipolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Naggar ke molwela ditshwanelo tsa LGBT, bosadi le tekatekano ya bong kwa Iseraele. O ne a le mongwe wa baeteledipele ba letsholo la "Basadi kwa Ntlha", setlhogo sa ditiragalo tsa Boikgogomoso tsa ngwaga wa 2016 kwa Tel Aviv, go rotloetsa basadi mo maemong a boeteledipele mo setšhabeng.[9][10]O ne gape e le mongwe wa baeteledipele ba SlutWalk ya ngwaga wa 2018.[11]
Naggar o ne a dira tiragalo ya "Golden LGBT" ya bagodi ba LGBT le Seder ya Paseka ya LGBT mo boemong jwa Setlhopha sa Tiro sa LGBT sa Iseraele le Setheo sa Mmasepala sa Tel Aviv sa LGBT. Naggar o ne gape a tsenya letsogo mo go kwaleng ditlhogo tsa dikgang tsa "mako", tse di buang ka dikamano tsa LGBT le go farologana ga ditso.
Ka kgwedi ya Tlhakole ka ngwaga wa 2018, o ne a itsise gore o tlaa tsaya karolo mo ditlhophong tsa khansele ya motse wa Tel Aviv ka thekete ya mokgatlho wa Meretz. Mo ditlhophong tsa lekoko, tse di neng di tshwerwe ka kgwedi ya Motsheganong ka ngwaga wa 2018, Naggar o ne a fitlheletse maemo a bosupa mo lenaaneng la Meretz, mme kwa bofelong a bona maemo a botlhano morago ga diphetogo. Le fa go ntse jalo, kwa ditlhophong tsa bommasepala ka kgwedi ya Diphalane ka ngwaga wa 2018, Meretz e ne ya fenya ditulo di le tharo fela mo khanseleng ya toropo.
Ka kgwedi ya Phukwi ka ngwaga wa 2018 o ne a le mongwe wa bathei ba setlhopha sa "Pink female Panthers", se se simolotseng seteraeke sa LGBT sa kwa Iseraele.[12]
Ka kgwedi ya Ngwanatsele ka ngwaga wa 2019 o ne a tlhophiwa go nna leloko la Boto ya Batsamaisi ba The Aguda ⁇ Israel's LGBT Task Force. [13]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ ""Rally Instead of Parade: LGBTQ Community Forges Togetherness, Remembering Soldiers, Hostages"". themedialine. May 31, 2014. Retrieved May 31, 2024.
- ↑ ""אמזונה" – בר הלסביות החדש של תל אביב". mako. February 10, 2014. Retrieved November 22, 2018.
- ↑ "TLVFest " צוות ותודות 2015". tlvfest.com (in Hebrew). Retrieved November 22, 2018
- ↑ "Reut Naggar at "Israel Hofsheet" website". Israel Hofsheet. Archived from the original on February 25, 2019. Retrieved January 21, 2019
- ↑ כירו את ג'ורג' אבני ורעות נגר – וואלה! ברנז'ה". וואלה! ברנז'ה (in Hebrew). February 16, 2017. Retrieved November 22, 2018.
- ↑ סביהונסט – תיאטרון הבימה". Archived from the original on August 5, 2020. Retrieved November 22, 2018.
- ↑ מפת הקשרים: הנשים הגאות הכי משפיעות". June 2, 2016.
- ↑ לסבית הקטלנית חוגגת 10 – והיא מסקרנת מתמיד". mako. October 24, 2017. Retrieved November 22, 2018.
- ↑ טלוויזיה החברתית | נשות הקהילה הגאה- התייצבו!". הטלוויזיה החברתית (in Hebrew). January 25, 2016. Retrieved November 22, 2018
- ↑ זית, יעל (March 6, 2016). "עכשיו תורן: מצעד הגאווה מהזווית הנשית". Ynet (in Hebrew). Retrieved November 22, 2018.
- ↑ י שרמוטה גאה – כאן דרום – אשדוד". כאן דרום – אשדוד (in Hebrew). April 27, 2018. Retrieved November 22, 2018.
- ↑ "PDF" (PDF). Archived from the original (PDF) on July 26, 2018. Retrieved November 22, 2018
- ↑ וצאות הבחירות לוועד המנהל". Archived from the original on May 10, 2020. Retrieved January 3, 2020