Jump to content

Rita Naa Odoley Sowah

Go tswa ko Wikipedia
Rita

Rita Naa Odoley Sowah (o belegwe ka 2 Phukwi 1968) ke mopolotiki wa kwa Ghana. Ke leloko la National Democratic Congress (NDC). [1] [2] [3] Ke ene mosadi wa ntlha go nna leloko la palamente go tswa mo kgaolong ya La Dade Kotopon. [4][5][6] A tswa kwa Labadi mo Greater Accra Region, o ne a direla jaaka Mookamedi wa Khuduthamaga ya Mmasepala (MCE) wa La Dade kotopon Municipal Assembly (LADMA) go tloga ka 2013 go fitlha ka 2017.

Botshelo jwa gagwe jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Rita Naa Odoley Sowah o belegwe ka di 2 Phukwi 1968. Ke Mo-Ga le moagi wa La gape o itsege jaaka Labadi kwa Greater Accra Region ya Ghana. [8]

Tiro ya gagwe ya pele

Sowah o ne a dira jaaka mokwaledi kwa Premix Secretariat ka fa tlase ga Khomišene ya Ditlhapi ya Ghana. O ne gape a dira jaaka Data Entry Officer kwa Lefapheng la Di-Lottery tsa Bosetšhaba jaanong National Lottery Authority kwa Ghana le jaaka mokwaledi kwa Ofising ya La Dade Kotopon ya Leloko la Palamente.[ 8]

Mookamedi wa Khuduthamaga ya Mmasepala

O ne a direla jaaka Mookamedi wa Khuduthamaga ya Mmasepala wa ntlha (MCE) wa La Dade kotopon Municipal Assembly (LADMA) go tloga ka 2013 go fitlha ka 2017.[1] O ne gape a direla jaaka motshwaramatlotlo wa National Association of Local Authorities of Ghana (NALAG). [11][12]

Mopolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Taletso ya Palamente

O ne a tsenela ditlhopho tsa NDC go tlhophiwa jaaka mokgatlhô wa bona go ya kwa ditlhophong tsa 2020 mme a fenya. [1] O dirile hisetori jaaka mosadi wa ntlha go fenya setilo sa palamente sa La Dade-Kotopon mo ditlhophong tsa Palamente tsa 2020. O ne a fenya ka go bona diboutu di le 47,606 tse di emetseng 53.67% fa Joseph Gerald Tetteh Nyanyofio wa New Patriotic Party (NPP) a ne a bona diboutu di le 41,101 tse di emetseng 46.33%.[1] [2] Ke mongwe wa basadi ba le 40 ba ba emetseng dikgaolo tsa bona mo Palamenteng ya bo 8 go tloga ka 7 Ferikgong 2021. [3][6]

Leloko la Palamente Sowah o ne a ikana jaaka Leloko la Palamente a emela La Dade Kotopon Constituency mo Palamenteng ya bo 8 ya Rephaboliki ya bo 4 ya Ghana ka 7 Pherekgong 2021. [1] O direla jaaka leloko la Komiti ya Basha, Metshameko le Setso le Komiti ya Bong le Bana ya Palamente. [8]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Sowah ke mo keresete.

[1] "Rita Naa Odoley Sowah empowering the youth through sports in La Dadekotopon". GhanaWeb. 2020-11-29. Retrieved 2020-12-19.

[2] "Prince Akpah: Female politicians who will influence December 2020 elections". MyJoyOnline. Retrieved 2020-12-19.

[3] Botchway, Nii Martey M. (27 July 2019). "Odoley Sowah to retrace NDC roots". Graphic Online. Retrieved 14 April 2021.

[4] "Election 2020: Provisional results show slight rise in women elected to parliament". Graphic Online. 9 December 2020. Retrieved 2020-12-19.

[5] "40 Female MPs elected into Ghana's 8th Parliament". kasapafmonline. 18 December 2020. Retrieved 2020-12-19.

[6] "Meet the 40 female MPs-elect of 8th Parliament". MyJoyOnline. Retrieved 2020-12-19.

[7] "Rita Naa Odoley Sowah, MP La Dade Kotopon". Graphic Online. October 16, 2023. Retrieved June 26, 2024.

[8] "Official Profile of Rita Naa Odoley Sowah – Parliament of Ghana". Parliament Of Ghana. Retrieved 2021-04-13.

[9] "Rita Naa Odoley Sowah's quest to revamp education La Dadekotopon". Citinewsroom – Comprehensive News in Ghana. 2020-12-01. Retrieved 2020-12-19.

[10] "La Dadetokopon: Hundreds of artisans to benefit from Rita Odoley Sowah's vocational training initiative". Pulse Ghana. 2020-11-30. Retrieved 2020-12-19.

[11] Dogbevi, Emmanuel (2016-03-23). "Zambia delegation calls on National Association of Local Authorities of Ghana". Ghana Business News. Retrieved 2021-04-14.

[12] "NALAG To Venture Into Property Development". News Ghana. 2016-03-23. Retrieved 2021-04-14.

[13]"Miss GH, Hon. Rita Odoley Donated to La Polyclinic & LATENU". NationalTymes. 2020-09-30. Retrieved 2020-12-19