Jump to content

Ritaa

Go tswa ko Wikipedia

Rita Kalonga (o belegwe ka 16 Phatwe 1996), yo o itsegeng ka leina la gagwe la setswerere Ritaa, ke moopedi,mokwadi wa dipina le rakgwebo wa kwa Malawi.

Botselo le Mmereko

[fetola | Fetola Motswedi]

Ritaa, yo o nnang kwa toropong ya Malawi, Blantyre, o ne a atlega thata ka 2016 morago ga go golola pina ya gagwe ya "Chapatali". Pina eno e na le mongwe wa dinaledi tsa mmino wa pop wa kwa Malawi, Dan Lu. Pina eno e ne ya fitlha kwa maemong a ntlha mo ditšhateng tsa lefelo leo. Ritaa o ne a dira le batlhagisi ba ba jaaka BFB ba ba neng ba tlhola ba direla HHP le Blasto mme o ne a abelana le Tay Grin le go nna mongwe wa batlhagisi ba Carlsberg Malawi urban music bash. Ritaa o tlhotlhelediwa ke batho ba ba jaaka Rihanna, Beyonce le moswi Whitney Houston. O kopanya Afro-pop, R&B, dancehall, le pop.

Tumo ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Chapatali ke pina ya ntlha e e tlhamilweng ke moopedi wa mosadi go nna mo maemong a ntlha mo Malawi Music top 100 le mo Weekly Malawi Music Top 20 chart ya malawi-music.com. Ke yone fela pina e e tlhamilweng ke moopedi wa mosadi wa kwa Malawi e e ileng ya rekotiwa makgetlo a le dikete di le lekgolo mme ya tshamekiwa makgetlo a le halofo ya milione mo webosaeteng ya semmuso ya Malawi Music. Ka 2016, o ne a dira hisetori fa a ne a nna moopedi wa ntlha wa mosadi wa kwa Malawi go nna le dipina di le tharo mo nomorong ya 1 mo top 100 Malawi Music chart. 4][5]

Bosadi le ditshwanelo tsa basadi

[fetola | Fetola Motswedi]

Ritaa o tlhalositswe e le mofeminist mo madirelong a mmino wa kwa Malawi. O ne a gwetlha puso ya banna ka tlhamalalo mme a lwela ditshwanelo tsa basadi mo nageng go akaretsa kgololesego ya go apara ya basadi le basetsana mo nageng e e laolwang ke puso ya banna.

[1] "Ritaa overthrows Gwamba". Malawi24.

[2] "Rise of Ritaa with Chapatali song featuring Dan Lu". Retrieved 23 April 2020.

[3] "Winners and losers in 2017 Nyasa Music Awards". Retrieved 23 April 2020.

[4] "Malawi Songstress Ritaa Madly Love, Releases Winner/". Nyasa Times. Retrieved 23 April 2020.

[5] "Malawi musician Ritaa dares Rihanna: Releases 'Down Down'". Retrieved 23 April 2020.