Robert Mugabe Jr.
Robert Mugabe Jr | |
|---|---|
| Tsalo | Moranang a le malatsi a mabedi ngwaga wa 1992 |
| Letso | Zimbabwean |
| Tiro | Motshameki wa baseketebolo
O na le letshwao la kapari mmolotsa letsholo la sepolotiki |
| Political party | ZANU-PF |
| Batsadi(s) | Robert Mugabe Grace Marufu Mugabe |
| Masika | Bona Mugabe |
Robert Tinotenda Mugabe Jr. (o o tshotsweng ka Moranang a le malatsi a mabedi ngwaga wa 1992) ke motshameki wa baseketebolo wa kwa Zimbabwe, o na le letshwao la kapari, o mo matsholong a sepolotiki,gape e le morwa tautona wa pele Robert Mugabe le Grace Mugabe.
Botshelo jwa a le mmotlana le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Robert Tinotenda Mugabe Jr. o tshotswe ka Moranang a le malatsi a mabedi ngwaga wa 1992, ke tautona wa pele wa Zimbabwe Robert Mugabe le mohumagadi wa pele Grace Mugabe.[1][2]
O tsene sekolo kwa United Arab Emirates.[3]
Tsa pereko le polotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Fa a le dingwaga di le masome mabedi le botlhano, Mugabe o ne a tshamekela setlhopha sa Zimbabwe sa lefatshe sa baseketebolo.[3] Pele o ne a le bontlha jwa setlhopha sa lefatshe sa ba ba kwa tlase ga dingwaga tsa lesome le borobabobedi.[3]
Robert Mugabe, le monnawe Chatunga, ba ne ba tlhama letshwao la kapari la xGx kwa Johannesburg, ka Morule 2017.[2][4] Bobedi bo bo ne bo kile jwa tlhama kompone ya itloso bodutu ya Trip Life.[4] Mugabe ke moemedi wa letshwao la kapari la SVG.[5]
Ka 2022, Mugabe e ne e le leloko la batho ba ba neng ba boloseditse letsholo Emmerson Mnangagwa mo sepolotiking.[6] Ke leloko la phathi ya sepolotiki ya ZANU-PF.[7]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Motsheganong 2022, Mugabe o ne a isiwa kwa sepateleng sa Singapore morago ga go phutlhama ga lekgwafo.[6] Ka Lwetse ngwaga one oo, o ne a gobala morago ga go thula ka koloi ya gagwe ya Range Rover kwa Eastern Highlands.[8] Ka Tlhakole 2023, Mugabe o ne a tshwarwa, a lebisiwa melato ya tshenyo ya matlo, le go betsa lepodisi.[9] Tsheko e ne ya emisiwa morago ga a sena go itshupa kwa kgotlatshekelong kwa Harare.
Mugabe o itsege ka go tshela botshelo jo bo manobonobo.[10] Ka dinako tse dingwe, o ntse kwa Aforika Borwa.[11][12]
Ka Phalane a rogwa ngwaga wa 2025, Mugabe o ne a tshwarwa kwa Harare morago ga go fitlhelwa ka beke e tletse motekwane fa a emisiwa ke mapodisi ka a ne a kgweetsa mo tseleng e a neng a sa tshwanela go kgweetsa mo go yone.[13]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Chabvuta, Tendai (2022-04-02). "The Rise of the UNDERTAKER – Robert Mugabe Jnr. strays onto the political stage". Nehanda Radio. Retrieved 2025-10-29
- 1 2 "Mugabe's fashion designer son Robert jnr says his mom Grace inspires him - report". News24. Retrieved 2025-10-29
- 1 2 3 "Robert Mugabe Jr à l'Afrobasket 2015". BBC News Afrique (in French). 2015-08-25. Retrieved 2025-10-29
- 1 2 "Mugabe sons unveil clothing brand". 2018-01-10. Archived from the original on 2018-01-10. Retrieved 2025-10-29
- ↑ Mavhimira, Bridget Wadzanai. "SVG plots fashion scene takeover". The Zimbabwe Independent. Retrieved 2025-10-29
- 1 2 Ndoro, Nyashadzashe (2022-05-16). "Robert Mugabe Jnr admitted at Singapore hospital over lung collapse". Nehanda Radio. Retrieved 2025-10-29
- ↑ "I am a son of Zanu PF: Robert Mugabe Jnr". The Herald. 24 March 2022. Retrieved 2025-10-29
- ↑ "Robert Mugabe junior in accident". Bulawayo24 News. Retrieved 2025-10-29
- ↑ "Robert Mugabe's son arrested in Zimbabwe over cars trashed at Harare party". BBC News. 2023-02-20. Retrieved 2025-10-29
- ↑ Chingono, Nyasha; Burke, Jason (2023-02-20). "Robert Mugabe's son charged in Zimbabwe for damaging cars at party". The Guardian. ISSN 0261-3077. Retrieved 2025-10-29
- ↑ McGoogan, Cara (2018-07-13). "Who are Robert Mugabe's indulged children?". The Telegraph. ISSN 0307-1235. Retrieved 2025-10-29.
- ↑ "Kehidupan mewah anak-anak Mugabe, mobil dan jam-jam mahal, di tengah kemiskinan rakyat Zimbabwe". BBC News Indonesia (in Indonesian). Retrieved 2025-10-29
- ↑ "Mugabe's son arrested with cannabis, faces court in Zimbabwe". Africanews. 2025-10-03. Retrieved 2025-10-29.