Jump to content

Robert Sobukwe

Go tswa ko Wikipedia
Robert Sobukwe

Robert Mangaliso Sobukwe (5 Sedimonthole 1924 – 27 Tlhakole 1978) e ne e le mofetogedi wa Aforika Borwa yo o kgatlhanong le tlhaolele le leloko le le simolotseng lekgotla la Pan Africanist Congress (PAC), a dira jaaka moporesidente wa ntlha wa mokgatlho ono.[1]

Botshelo jwa pele le lelapa

[fetola | Fetola Motswedi]

Robert Sobukwe o tshotswe ka 5 Sedimonthole 1924 kwa Graaff-Reinet, kwa porofeseng ya Kapa Botlhaba mo Aforika Borwa. E ne e le gofejana mo baneng ba le barataro.[2] Rraagwe yo o tswang kwa Lesotho o ne a dira jaaka tlelereke ya mabenkele le go rema dikgong ka nako e e rileng. Fa mmaagwe yo e neng e le MoXhosa, a ne a dira jaaka modiri wa selegae mo magaeng a basweu.[3] Sobukwe o simolotse dithuto tsa gagwe kwa sekolong sa borongwa sa selegae sa Methodist kwa Graaff-Reinet. Fa a le dingwaga di le 15, o ne a fudugela kwa Healdtown Institute, e leng sekolo se segolwane se se tlotlegang sa Methodist, koo a neng a bona thuto ya Bokeresete le ya botsweretshi jo bo gololesegileng gone.[3]

Ka 1947, Robert Sobukwe o ne a simolola dithuto tsa gagwe kwa kholetšheng ya Aforika Borwa kwa Fort Hare, e e neng e le setheo se se kwa godimo sa thuto e kgolwane ya bantsho ka nako eo. Le fa kwa tshimologong a ne a sa kgatlhegele dipolotiki, tiro ya gagwe ya khoso ya tsamaiso ya setso le go nna matlhagatlhaga ga baithuti mo khamphaseng go ne ga dira gore a nne le seabe mo dipolotiking.[1][4] Ka 1948, Sobukwe o ne a tsenetse African National Congress Youth League (ANCYL), mme bokgoni jwa gagwe jwa boeteledipele bo ne jwa bonala ka bonako. A tlhophiwa go nna moporesidente wa ntlha wa lekgotla la baemedi ba baithuti ba Fort Hare ka 1949, koo a neng a itlhaola ka bokgoni jwa gagwe jwa tlholego jwa go bua le go kgatlha .[4][1]

Tiro ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa a sena go aloga, Robert Sobukwe o ne a simolola tiro ya gagwe ya sepolotiki jaaka morutabana wa sekolo se segolwane kwa Standerton, kwa go kopana ga gagwe le tshiamololo ya tlhaolele go neng ga dira gore a tsenele ANC jaaka mokwaledi wa lekala la selegae, le fa a ne a nna kwa thoko ga mokgatlho mme a lelekwa mo tirong mme moragonyana a busediwa mo tirong ka ntlha ya go tshegetsa letsholo la 1952.[5][1] Ka 1954, Sobukwe o ne a fudugela kwa Gauteng, a nna motlhatlheledi wa dithuto tsa Aforika kwa Yunibesithing ya Witwatersrand, mme a rulaganya maAforika, a a dirisa go tlhagisa go sa kgotsofale go go golang ka tirisanommogo ya ANC le batho ba basweu ba ba gololesegileng le makomonisi, e a neng a dumela gore e ne e nyatsa Aforika.[5] Tumelo ya ga Sobukwe ya gore Maaforika a tshwanetse go fitlhelela kgololesego ka go itshepa le kwa ntle ga dikgolagano tsa merafe e mentsi e ne ya mo farologanya le baeteledipele ba ba tlwaelegileng ba ANC mme kwa bofelong ya mo dira gore ka 1959, a etelele pele go tlhamiwa ga Pan Africanist Congress (PAC), kwa a neng a nna moporesidente wa ntlha wa go lwantsha tlhaolele ya bosetšhaba.[6]

Bolwetse le loso

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo tshimologong ya ngwaga wa 1977, Sobukwe o ne a lwala mme a kopa tetla ya go bona kalafi. Kopo ya gagwe e ne ya ganwa go fitlha tsala ya gagwe Benjamin Pogrund a tsereganya.[1] Morago ga moo, ka Lwetse 1977, Sobukwe o ne a ya kwa Gauteng kwa a neng a fitlhelwa a na le kankere ya makgwafo mme morago a fudusediwa kwa bookelong kwa Motsekapa. Le fa puso ya Aforika Borwa e ne ya naya Sobukwe tetla ya go bona kalafi, ba ne ba baya maemo a a gagametseng mo mosepeleng wa gagwe. Sobukwe o ne a tshwanetse go ipegela kwa seteišeneng sa mapodisi nako le nako fa a tswa kwa Kimberley kgotsa a goroga kwa bookelong.[2] O tlhokafetse ka ntlha ya mathata a kankere ya makgwafo ka 27 Tlhakole 1978 mme a fitlhwa kwa Graaff-Reinet ka 11 Mopitlwe 1978.[7]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 1.4 Robert Sobukwe - World History Edu
  2. Robert Sobukwe | South African History Online
  3. 3.0 3.1 11.5-4-Lebakeng.pdf
  4. 4.0 4.1 Remembering Robert Sobukwe: 23 historical facts to learn about the Africanist struggle icon | Soweto Urban
  5. 5.0 5.1 Robert Sobukwe - Our Constitution
  6. Robert Sobukwe: ‘There is only one race. The human race’ - South Africa Gateway
  7. Robert Sobukwe | Apartheid Opponent, Pan-Africanism, PAC Founder | Britannica