Jump to content

Rokhaya Niang

Go tswa ko Wikipedia

Rokhaya Niang, ke motshameki wa difilimiwa kwa Senegal.[1] O itsege thata ka go tshameka mo difiliming tse di tumileng jaaka Le prix du pardon, L'Extraordinaire destin de Madame Brouette le Teranga Blues. [2]

Tiro ya gawe

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2001, Niang o ne a simolola go tshameka mo filiming ya gagwe ya Le prix du pardon e e neng e tsamaisiwa ke Mansour Sora Wade. Ka katlego ya baesekopo, o ne a tlhophiwa go tshameka mo sesupa ditshwantshong ya L'Extraordinaire destin de Madame Brouette ka 2002. Difilimi tseo ka bobedi di ne tsa tlhophiwa go tsenela Pan African Film and Television Festival ya Ouagadougou (FESPACO) ka 2003.[3] Le fa go ntse jalo, go tshameka ga gagwe go go tumileng go ne ga tla ka filimi ya Teranga Blues ya 2007 e e neng e tsamaisiwa ke Moussa Sène Absa fa a ne a tshameka karolo ya 'Rokhaya'.[4]

[1] "Rokhaya Niang". British Film Institute. Archived from the original on October 28, 2020. Retrieved 25 October 2020.

[2] "Rokhaya Niang: Acteur". allocine. Retrieved 25 October 2020.

[3] "Who's who at Fespaco". BBC. Retrieved 25 October 2020.

[4] "Rokhaya Niang: Sénégal". newsbreak. Retrieved 25 October 2020.