Rolene Strauss
Rolene Strauss | |
|---|---|
Strauss ka 2018 | |
| Tsalo | 22 April 1992 Volksrust, Mpumalanga, Aforika borwa |
| Alma mater | mmadikolo wa Free State |
| Bolele | 1.77 m (5 ft 9+1⁄2 in) |
| Mosadi | D'Niel Strauss lenyalo (2016) |
| Bana | 3 |
| Beauty pageant titleholder | |
| Lebante | Mohumagatsana wa Elite Model Look Aforika Borwa 2007 Mohumagatsana wa Aforika Borwa 2014 Mohumagatsana wa Lefatshe 2014 |
| Mmala wa moriri | bosetlha |
| Mmala wa matho | botuba |
| Dikgaisano tsa konokono | Mohumagatsana wa Aforika Borwa wa 2011 (Top 5) Mohumagatsana wa Aforika Borwa wa 2014 (Mofenyi) Mohumagatsana wa Lefatshe wa 2014 (Mofenyi) |
| Maranyane | www |
Rolene Strauss (o tshotswe ka 22 Moranang a tlhola malatsi a masome a mabedi le bobedi ka1992) ke mohumagadi wa bontle wa Aforikaborwa yo o fentseng Mohumagatsana wa Aforikaborwa wa 2014 mme moragonyana a rwesiwa korone ya Mohumagatsana wa Lefatshe wa 2014. Ke mosadi wa boraro wa Aforikaborwa go rwesiwa korone ya Mohumagatsana wa Lefatshe, morago ga Penelope Anne Coelen ka 1958 le Anneline Kriel ka 1914 .
Gone jaana Strauss ke modulasetulo wa mokgatlho o o sa direng dipoelo wa Mokgatlho wa Strauss.[1]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Strauss e ne e le moithuti wa bongaka kwa mmadikolo wa Free State.[2] O belegetswe kwa Volksrust, mo Afrika Borwa, ke Theresa, mooki, le Hennie Strauss, ngaka.[3]Ke lesea le le tsetsweng ka go dirisiwa motšhine wa go lekeletsa dilo. Ka mafoko a gagwe a re "Ke lesea le le tsetsweng ka go dirisa teseletso mme ke dumela gore ke tshotswe ke kgatlhegela boitekanelo".[4]
Strauss o ne a beeletsana le D'Niel Strauss (ga a sikane le ene) ka Sedimonthole wa 2014. Moragonyana ba ne ba nyalana ka 6 Tlhakole 2016, kwa lefelong la Lenyalo la Laurent kwa somerset bophirima.[5][6]Ngwana wa bone wa ntlha, morwa, o ne a tsholwa ka Ferikgong 2017.[7] Ka Tlhakole 2020, o ne a tshola ngwana wa gagwe wa bobedi wa mosimane. Rolene Strauss ke Mokeresete yo o ineetseng.[8]
Dikgaisano
[fetola | Fetola Motswedi]Strauss o ne a fenya sekgele sa gagwe sa ntlha a le dingwaga di le lesome le botlhano, fa a ne a fenya kgaisano ya Aforika Borwa ya Elite Model Look ka 2007. Moragonyana Strauss o ne a bewa mo maemong a ntlha a le matlhano a Mohumagatsana wa Aforika Borwa wa 2011, kwa Melinda Bam a neng a nna mofenyi gone.[9] O ne a boa morago ga dingwaga di le tharo go tla go gaisana, a emetse Bloemfontein, mme a rwesiwa korone ya Mohumagatsana wa Aforika Borwa wa 2014.[10]
Jaaka Mohumagatsana wa Aforika Borwa wa 2014, Strauss o ne a solofetswe go gaisana mo dikgaisanong tsa Miss universe 2014 le miss world wa 2014. Strauss o ne a gaisana mo kgaisanong ya Mohumagatsana wa Lefatshe wa 2014 kwa Lontone, kwa United Kingdom mme ka nako ya tikologo ya bofelo ya dipotso le dikarabo, Strauss o ne a bodiwa - “Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go nna Mohumagatsana wa Lefatshe yo o latelang?” e Strauss a neng a e araba ka go bolela jaana:
Ke dumela gore kgang ya buka ya me e na le bokao go feta khabara ya me. Ka go nna Moaforika Borwa yo o motlotlo, ke na le maitemogelo a ka bonna a gore kutlwano, tlotlo, boitshwarelo di teng mme tseo ke dikeletso tsa Mokgatlho wa Bohumagatsana ba Lefatshe. Ka jalo, go tla bo go gakgamatsa go emela mokgatlho o o leng lesedi la tsholofelo mo lefatsheng.[11]
O ne a felela a rwesiwa korone sya go nna Mohumagatsana wa Lefatshe wa 2014 kwa bokhutlong jwa tiragalo eno, mme a nna Mo aforika Borwa wa boraro go nna Mohumagatsana wa Lefatshe fa e sale kgaisano eno e simololwa ka 1951. Ka ntlha ya seno, o ne a se ka a kgona go gaisana kwa Mohumagatsaneng wa Lefatshe Lotlhe wa 2014. Ziphozakhe Zokufa, yo e neng e le mofenyi wa gagwe wa ntlha wa lefatshe mme Mohumagatsana wa Aforika Borwa ka dikgaisano tsa 2014.
Morago ga go rwesiwa korone sa Mohumagatsana wa Lefatshe wa 2014, Strauss o ne a simolola maikarabelo a gagwe jaaka Mohumagatsana wa Lefatshe mme fa e sa le ka nako eo o ile a ya kwa Hong Kong, China, Indonesia, India, Philippines, Brazil, Sri Lanka, Mexico, Kenya, Jamaica, Cameroon, united kingdom, United States gareng ga dinaga tse dingwe go diragatsa maikarabelo a gagwe a a farologaneng mo dinageng tse dingwe.
Strauss o ne a lalediwa jaaka moatlhodi mo Miss World 2018, a nna wa ntlha mme go fitlha ga jaana ke ene fela Mohumagatsana wa Lefatshe go tloga ka dingwaga tsa bo 2010 go nna moatlhodi mo makgaolakgannyeng a Miss World.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Rolene Strauss Has Much To Celebrate!". People Magazine. Retrieved 20-11-25.
- ↑ "Rolene Strauss". Facebook. 2014.
- ↑ "Dit voel net soos 'n droom" (in Afrikaans). Retrieved 20-11-25
- ↑ "10 Things You Didn't Know About The South African Miss World: Rolene Strauss". Buzz South Africa. 18 December 2014. Retrieved 20-11-25
- ↑ "Rolene Strauss | Miss World 2014". Rolene Strauss. Retrieved20-11-25
- ↑ "Rolene Strauss looked absolutely beautiful on her wedding day". Retrieved 20-11-25
- ↑ Potter, Daniella (9 January 2017). "Rolene Strauss welcomes her 'little prince'". The Citizen.
- ↑ "Former Miss World Rolene Strauss Launches Christian Devotional Book In South Africa". joynews.co.za. Joy News. 7 October 2019.
- ↑ "Eye For Beauty: Miss South Africa 2011: Telecast Review". Retrieved 20-11-25
- ↑ "And Miss South Africa 2014". Miss South Africa. 2014. Archived from the original on 31 March 2014.
- ↑ "Miss South Africa Rolene Strauss is Crowned Miss World 2014". The Sun International. 18 December 2014. Retrieved 20-11-25