Jump to content

Rosh Pinah

Go tswa ko Wikipedia
Rosh Pinah

Rosh Pinah ke toropo ya meepo[1] e e kwa Borwa jwa Namibia, gaufi le molelwane wa Aforika Borwa. E dikhilomithara di le makgolo a mararo le masome a maratari kwa Borwa jwa Keetmanshoop kwa kgaolong ka Karas kwa Namibia. Kwa bophirima jwa toropo go na le lefelo la teemane, e le boremelelo jwa meepo ya teemane kwa Namibia. Rosh Pinah e kwa kgaolong ya botlhophi ya Oranjemund. Toropo e e amana le Aus[2] le Oranjemund ka tsela.

Kopore e lemogilwe mo lefelong le ka 1920, Mose Kohan wa mo Jeremane  o ne a lemoga zinc mo dithabeng tse di gautshwane tsa Hunz ka 1963. O tlhamile leina la Rosh Pinah le e leng boremelelo ka puo ya Sehebera.[3] Go ne ga fitlhelwa zinc e ntsi ka 1968.

Rosh Pinah ke legae la meepo e mebedi, wa Skorpion Zinc le wa Rosh Pinah. Meepo e ka bobedi go epiwa zinc le lead. Jaaka ditoropo tse dingwe tsa meepo mo Namibia, legae le le tlhamilwe fa moepo wa ntlha o bulwa. Moepo wa Rosh Pinah o simolotswe ka 1969, fa e sale jalo o tsweletse o mo tirisong.[4] Skorpion zinc o butswe ka 2001,[5] ke moepo wa borobabobedi ka botona mo lefatsheng ka bophara. Ke one mohiri o mo tona mo toropong, e thapa batho ba ka nna sekete le makgolo a robabongwe.[6]

Legae le le tsamaisiwa ke kompone ya RoshSkor (e e filweng leina ke meepo e mebedi) ka ga e na puso  jaaka magae a mangwe a Namibia. Ratoropo ke Slabbert Burger. Itsholelo ya toropo e ikaegile ka meepo e e bontsi jwa dikago e leng tsa tsone, ebile e e fa batho ba le bantsi ditiro. Fa meepo e ka tswala, Rosh Pinah ya go nna Kolmanskop o mongwe, ka gore ga re a ipelega re le toropo, Burger o supile ka 2019.[7] Hoeksteen le Tsau Khaeb ke dikolo tsa puso tse di mo toropong eo.[8][9]

Dingwaga ngwaga tsa go epa lead le zinc di bakile malwetsi mo banning ba Rosh Pinah. Ka 2020, pego e ne ya rulaganngwa ke ngaka ya moepo wa zinc, e tlhomamisa malwetsi a a bakilweng ke lead mo baneng ba le masome a mararo ba ba neng ba tlhatlhobilwe, ngaka o ne a kobiwa. Pego e ne ya seka ya gatisiwa, ngaka a lelekiwa. Fa malwetsi a a senolwa ka 2023, dipego tsa dingaka tsa mo gae di ne tsa supa batho ba ka nna lekgolo mo tsamaong ya dingwaga.[10][11]

  1. "Small business flocks to Rosh Pinah". Namibia Economist. 18 April 2008.
  2. Sasman, Catherine (10 November 2010). "Karas profile". New Era.
  3. Tonchi, Victor L., William A. Lindeke, and John J. Grotpeter, "Rosh Pinah Mine" Historical Dictionary of Namibia. 2nd edition. (2012) Toronto: The Scarecrow Press, Inc, p. 373.
  4. "Rosh Pinah mine". Trevali Mining Corporation. Retrieved 14 October 2025
  5. "Glencore buys 80% of Rosh Pinah". The Namibian. Mining Weekly. 16 December 2011.
  6. Cassidy, Joseph (2009). Place Names of Namibia A Historical Dictionary. Windhoek: Macmillan Education Namibia Publishers (Pty) Ltd. p. 97. ISBN 978-99916-0-654-5.
  7. Hartman, Adam (May 2019). "Evolution of Namibia's mining towns". Mining Journal supplement to The Namibian. pp. 26–33.
  8. Miyanicwe, Clemans (20 August 2013). "Nine regions need 55 schools". The Namibian.
  9. Tuyeimo, Haidula (18 February 2016). "3 225 classrooms needed, Govt pleads for help". The Namibian.
  10. Alberts, Ellen (13 July 2023). "Rosh Pinah children suffer chronic lead exposure". The Namibian.
  11. Klukowski, Steven (12 October 2023). "Rosh Pinah lead exposure alarming". New Era.