Jump to content

Roy Blackbeard

Go tswa ko Wikipedia

Roy Warren Blackbeard (O o tshotsweng ka Moranang a le lesome le borataro ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a matlhano le boraro – a tlhokafala ka Phatwe a le lesome le le motso ngwaga wa dikete pedi masome mabedi le bone) e ne e le moemedi wa lefatshe gape e le mopolotiki wa Motswana. O berekile e le moemedj wa lefatshe la United Kingdom kwa Botswana go fitlhelela ka ngwaga wa dikete pedi lesome le borobabobedi.[1]

Morago ga go berekela kompone ya De Beers le ya Price Waterhouse, gammogo le go tlhama kompone ya gagwe, o ne a nna leloko la khuduthamaga ya Botswana ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le borobabongwe, a emetse kgaolo ya botlhophi ya Serowe bokone e le ntlhopheng wa Botswana Democratic Party . O ne a tlhomiwa go nna mothusa tona wa lephata la Temothuo ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le bobedi, a tlhomiwa tona wa lephata leo ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le bone, maemo a annileng mo go one go fitlhelela ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe masome a robabongwe le bosupa; ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le borobabobedi, o ne a tswa mo palamenteng mme a tlhomiwa go nna moemedi yo mogolo kwa Lontone.[2]

Blackbeard o tlhokafetse ka Phatwe a le lesome le motso ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le bone, a le dingwaga di le masome a supa le bobedi. [3]

  1. ↑ Roy Blackbeard recalled as Botswana's High Commissioner in United Kingdom, Sunday Standard, 3rd May 2018
  2. ↑ Blackbeard, Roy Warren (b. 16 April 1953 - ). In Who's Who 2006.
  3. ↑ "Blackbeard: Influential former BDP leader passes away". Mmegi Online. 13 August 2024. https://www.mmegi.bw/ampArticle/114100.