Royal ǀUiǀoǀoo
| Motlotlegi Royal ǀUiǀoǀoo | |
|---|---|
| Mothusa tona wa batho ba ba kgapetsweng kgakala | |
| In office Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2015 – Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2025 | |
| President | Hage Geingob |
| Prime Minister | Saara Kuugongelwa |
| Pele Ga Gagwe | Nickey Iyambo |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Lwetse a le masome mararo ngwaga wa 1966 Tsumkwe |
| Mokgatlho | SWAPO |
Royal Johan Kxao ǀUiǀoǀoo (o o tshotsweng ka Lwetse a le masome mararo ngwaga wa 1966) ke mopolotiki wa kwa Namibia o o berekileng mo palamenteng e le mothusa tona wa batho ba ba kgaphetsweng kwa ntle go tswa kwa Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2015 go tsena Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2025.[1] E ne e le leloko la palamente e le ba ba nnang kwa morago wa SWAPO ka dingwaga tsa 2000 go tsena 2010,[2] morago ga foo a nna mogakolodi o o faphegileng mo ofising ya mothusa tonakgolo.[3]
Botshelo jwa a le mmotlana le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]ǀUiǀoǀoo o tshotswe ka Lwetse a le masome mararo ngwaga wa 1966 kwa Tsumkwe kwa kgaolong ya Otjozondjupa.[2] O goletse kwa Botswana. Ka dingwaga tsa 1991 go tsena 1997 o ne a bereka e le morutabana mo dikolong tse di farologaneng. Ka 2000 o ne a fetsa matric kwa NamCOL, o na le setlankana sa diteme tsa Aforika. Ka 2016 o ne a dira degree tsa molao kwa UNISA.[4][2]
ǀUiǀoǀoo ke motho wa morafe wa !Kung go tswa kwa Tsumkwe, kwa a leng kgosi gape. Ka nako ya fa a nna mopalamene ka 2000, e ne e le ene a mmotlana wa SWAPO. E ne e le Mosarwa wa ntlha go nna mopalamente.[5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Immanuel, Shinovene; Mongudhi, Tileni (20 March 2015). "Costly Democracy". The Namibian. pp. 1–2.
- 1 2 3 "/Ui/o/oo, Royal Kxao". Parliament of Namibia. Retrieved 21 October 2025.
- ↑ "Mushelenga to replace Iyambo in parliament". Namibian Sun. 21 February 2013.
- ↑ "Know Your MPs. Royal Kxao ǀUiǀoǀoo (Swapo)". New Era. 24 June 2016. p. 4.
- ↑ Graham Hopwood: Who's Who: ǀUiǀoǀoo, Royal at Namibia Institute for Democracy, 2007