Jump to content

Ruth Bhengu

Go tswa ko Wikipedia
Ruth Bhengu
Mopalamente
In office
Motsheganong a le malatsi a marataro ngwaga wa 2009  Motsheganong a le malatsi a supa ngwaga wa 2019
Ka Ga Ena
O tsetsweMotsheganong a le masome mabedi le bone ngwaga wa 1952
Pietermaritzburg
MokgatlhoAfrican National Congress
BanaNosipho Bhengu (o tlhokafetse ka 2006)

Nozabelo Ruth Bhengu (o o tshotsweng ka Motsheganong a le masome mabedi le bone ngwaga wa 1952), o pele a neng a itsege ka leina la Ruth Ntshulana-Bhengu, ke mopolotiki wa kwa Aforika Borwa le mogwebi o a neng a emetse African National Congress (ANC) kwa palamenteng go fitlhelela ka 2019. Ke mothusa tautona wa pele wa South African Civic Organisation (SANCO) gape e ne e le leloko la komiti kgolo ya ANC go tswa ka 2007 go tsena 2022.

Tiro ya ga Bhengu ya ntlha kwa palamenteng e simolotse ka Seetebosigo 1999 go tsena Phatwe 2005, fa a ithola marapo morago ga go atlholelwa go tsietsa palamente mo mekubukubong ya Travelgate. Ka nako eo o ne a itsagale ka mafoko a gagwe kwa palamenteng ka 2001 fa a bolela gore morwadie, Nozipho Bhengu o na le mogare wa HIV. Morago ga go tswa kwa palamenteng, o ne a bereka e le mothusa mmatoropo/ratoropo wa mmasepala wa kgaolo ya Ugu go tswa ka 2006 go tsena 2009. Ka nako e le mothusa tautona wa SANCO, o ne a tlhophiwa go nna tautona wa lekgotla leo ka Morule 2008.

O boetse palamenteng ka 2009, e le moema nokeng tautona o mosha Jacob Zuma. O berekile ditlha di le pedi pele ga a retelelwa ke go tlhophiwa gape mo ditlhophong tsa 2019.

Botshelo jwa a le mmotlana le go lwela ditshwanelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Bhengu o tshotswe ka Motsheganong a le masome mabedi le bone ngwaga wa 1952[1] kwa Pietermaritzburg (kwa morago e neng ya nna Natal, ya tloga ya nna KwaZulu-Natal).[2] Ke mo Zulu.[3]Go ya ka Bhengu, o nnile le kgatlhego mo polotiking ka nako ya a tsena sekolo se segolwane ka ntlha ya tsamaiso ya thuto ya Bantu mo pusong ya tlhaolele, le melao ya puo e e dirisiwang go ruta.[4]

O rutetswe tlhabololo magae ke lekgotla la babereki, a nna matlhagatlhaga mo go rulaganyeng setshaba le go lwela ditshwanelo, a bereka mo lekgotleng la baagi le morago le neng la amana le South African National Civic Organisation (SANCO).[4] O ne a gwetlhiwa ke leloko la African National Congress (ANC) ka 1987.[4] O ne a tlhama Third World Shops e e neng e berekisana le letsholo le le kgatlhanong le puso ya tlhaolele, a tlhama le kompone ya ditlhabololo ka 1995.[5]

Tiro ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Palamente: 1999 go tsena 2005

[fetola | Fetola Motswedi]

Bhengu o tlhophilwe lantlha mo palamenteng ka ditlhopho tsa 1999,[1] e ne e le modulasetilo wa komiti ya metshameko le itloso bodutu ka setlha sa peo molao se se neng sa latela.[4] O ne a tlhophiwa mo setlheng sa bobedi ka ditlhopho tsa 2004, jaanong a emetse kgaolo ya botlhophi ya KwaZulu-Natal,[6] a busediwa mo maemong ao a bodulasetilo.[7]Ka Seetebosigo 2004, ANC e ne ya tswakanya maloko a palamente, Bhengu a fapaana le Yunus Carrim, a nna modulasetilo wa komiti ya kgaolo le selegae.[8]

Go lwela ditshwanelo tsa HIV/AIDS

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Motsheganong 2001, ka nako ya segajaja sa HIV/AIDS se gaketse kwa Aforika Borwa, Bhengu o ne a simolola go itsege fa a supa mo palamenteng gore morwadie, Nozipho Bhengu o fitlhetswe ka mogare wa HIV ka 1998.[9] O ne a opelwa legofi batho botlhe ba mo emetse la dinao mo palamenteng[9], a akgolelwa go lwantsha go tshaba go bua ka HIV.[10][11] Morago o ne a re o buile se ka tetla ya ga morwadie, e le go tsibogela go nna botlhaswa ga mapalmente ka ene mo go direng melao.[2]

Ka nako ya fa a fa mafoko a kwa palamenteng, Bhengu o ne a re motsamaisa dipuisano tsa palamente a dire gore go nne le ditirelo tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo mo palamenteng, tsa mapalamente a a amilweng ke HIV/AIDS,[9] morago o ne a re puso e simolodise go itlhatlhoba ga mongwe le mongwe o o tlhakaelang dikobo.[12] Le fa go ntse jalo,Nozipho, a tsamaisana le molao wa ga tautona Thabo Mbeki, o ne a seka a tsaya kalafi ya diritibatsi, a dirisa ya dijo jaaka e ne e buelelwa ke Tine van der Maas le tona wa botsogo Manto Tshabalala-Msimang.[11] Fa Nozipho a tlhokafala ka malwetsi a a amanang le AIDS ka 2006, Treatment Action Campaign e ne ga re loso lwa ga Bhengu gongwe lo ne lo ka bo lo femetswe ka tiriso ya diritibatsi,[13] e le mafoko a a neng a bonwa a sa rekegele ebile a dirilwe sepolotiki ke mmueledi wa lolwapa loora Bhengu Mtholephi Mthimkhulu.[14] Buka ya segopotso sa ga Nozipho ya Against the Wall, e ne ya gatisiwa a sena go tlhokafala ka 2008, ka kgaolo nngwe e kwadilwe ke Bhengu.[15][16]

Travelgate

[fetola | Fetola Motswedi]

Bhengu e ne e le mongwe wa mapalamente a ANC a a neng a lebisiwa melato ya go dirisa botlhaswa dipampitshana tsa madi a mosepele tsa mapalamente mo mokubukubung wa Travelgate. Ka Moranang 2004, o ne a amogela tumalano ya go ikuela, a ipona molato mo go tsietseng palamente ka dipoelo tsa dikete di le masome mane le boraro. O ne a atlholelwa go duela madi a a kana ka dikete di le masome a mane le botlhano kgotsa go nna dingwaga tse pedi kwa kgolegelong, le tse tharo tsa tlaleletso tse di seegetsww kwa thoko dingwaga tse tlhano.[17] Ka Seetebosigo 2005,ANC ene ya itsise fa Bhengu a tlaa ithola marapo mo palamenteng ka ntlha ya seabe sa gagwe mo molubukubung oo.[18] O dule mo mannong a gagwe semmuso ka Phatwe a rogwa ngwaga wa 2005, a tlhatlhamiwa ke Shakes Cele.[19]

Mmasepala wa Ugu: 2006 go tsena 2009

[fetola | Fetola Motswedi]

Pele ga ditlhopho tsa 2006, Bhengu o ne a nna mo maemong a ntlha mo lenaaneng la ANC la ditlhopho tsa mokhanselara wa mmasepala wa Ugu kwa KwaZulu-Natal, se se mo dira gore a nne le kgonagalo ya go nna ntlhopheng wa mmatoropo.[20] Go emela ditlhopho ga gagwe go ne go le manganga,[21] fa go lebeletswe tsheko e e neng e santse e le ntsha ya Travelgate, phathi ya kganetso ya Democratic Alliance e ne ya re e supa fa ANC e dumalana le tshenyetso setshaba, ebile e sa utlwane le batlhopho ka jalo ba re a ithole marapo.[22] Lekalana la ANC kwa KwaZulu-Natal le ne la re Bhengu o ne a sa supe dikai dipe tsa go feretlhega maikutlo, a ne a neelwa sebaka se sengwe ke ANC go direla batho ba lefatshe leo.[23] Mokwaledi-mogolo wa ANC wa kgaolo Senzo Mchunu o ne a re "se re ka se buang ke gore botlhe ba ba dumelang gore ga ba na molato, re tlaa ba letla go ngata Ntshulana-Bhengu ka matlapa.[22]Bhengu o ne a re o tshediwa botshelo jo bo magale a mabedi, a supa fa Hansie Cronje, Phillip Powell le Brian Mitchell ba letleletswe go boela mo matshelong a bone a selegae.

Fa batho ba ba tsweletseng ka mpitsa motsietsi le ntswa ke ikopile maitshwarelo ebile ke duetse tse ke neng ke di lopiwa, ba sa bue se se tshwanang ka batho ba ke ba boletseng, go raya gore ba tlhaola batho ka mmala le lotso. Ke ikope maitshwarelo ga kae, gape kopo maitshwarelo ya me e farologana jang le ya ga Cronje, Mitchell le Powell.[24]

O ne a tlhophiwa mo mannong a ANC kwa khanseleng ya Ugu, a nna mothusa ratoropo Sithembiso Cele.[25][26]

Go tlhatloga maemo mo ANC le SANCO

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka nako ya fa a tsena mo pusong, Bhengu o ne a berekile mo boeteleding pele jwa kgaolo ya Pietermaritzburg jwa ANC. O ne a bonwa e le mo ema nokeng le mothusi wa ga Zweli Mkhize, modulasetilo wa nako eo wa ANC kwa KwaZulu-Natal. [27]O ne a nna le mo maemong a a kwa godimo mo SANCO e le mothusa tautona ka fa tlase ga ga Mlungisi Hlongwane. Ka ngwaga wa 2006, o ne a tshwarelela maemo a botautona jwa SANCO Hlongwane a seegetswe kwa thoko.[28]

Mo maemong ao, e ne e le moema nokeng mothusa tautona wa pele Jacob Zuna, o ka nako eo a neng a letsholong la go thankgola tautona Thabo Mbeki e le tautona wa ANC.[29][30][25] Ka Phukwi 2006, o ne a utlwela botlhoko dikatlholo tsa ga Zuma botlhoko, a bolelela Scorpions go tlogela Msholozi (Zuma) a ke nosi gore a kgone go etelela batho pele. [31]Morago o ne a nna mo setlhopheng sa maloko a ANC a a neng a tseneletse megwanto kwa ntle ga kgotlatshekelo fa Zuma a fa bopaki.[32][33]

ANC e ne ya tshwara bokopano jwa yone jwa masome a matlhano le bobedi ka Morule 2007 jwa tlhopha Zuma go nna tautona wa ANC. Kwa bokopanong joo, Bhengu o ne a tlhophiwa go emela tlhopho ya komiti ya ANC; go ema ga gagwe go ne go enngwe nokeng ke lekgamu la ga Zuma.[30] O ne a tlhophiwa, a le mo maemong a masome mararo le borobabongwe go ya ka palo ya ditlhopho tse di neng di amogetswe, mo malokong a le masome a robabobedi ba ba neng ba tlhophilwe.[25][34] Fa godimo, ka Morule 2008, Bhengu o ne a tlhophiwa go nna tautona wa SANCO morago ga gore Hlongwane a ithole marapo mo ANC; o ne a fenya Richard Mdakane ka tlhopho, a amogetse di le makgolo a supa, masome a robabongwe le bobedi go di le makgolo a matlhano le lesome tsa ga Richard.[35]

Go boela palamenteng: 2009 go tsena 2019

[fetola | Fetola Motswedi]

Modulasetilo wa dipalamo: 2009 go tsena 2014

[fetola | Fetola Motswedi]

Pele ga ditlhopho tsa 2009,kwa Zuma a neng a atlega e le ntlhopheng wa botautona, Bhengu o ne a akareditswe mo lenaaneng la ANC la ditlhopho tsa bopalamente, selo se se neng sa seka sa ratiwa ke ba Dmeocratic Alliance gape. [36]O ne a boela palamenteng morago ga ditlhopho a tlhophiwa go nna modulasetilo wa komiti ya dipalamo.[37]

Bidulasetilo jwa gagwe bo ne jwa nna le mathata ka 2012,fa pampiri ya Sowetan d bega gore kompone ya ga Bhengu, Riblore 22 cc, e mo dipuisanong tsa go rekisetsa bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba lookwane ka khansele ya dipalamo (SANTACO).[38] Bobegadikgang bo ne a bo abelela gore o gotlhana le dikgatlhego tsa gagwe ka komiti e a mo go yone e okametse go laola mohama wa dipalamo tsa setshaba le go okamela lephata la dipalamo le le thusang SANTACO ka madi.[39][40] Go bega ga Sowetan go ne ga oketsa ditshekatsheko tsa komiti ya  go sala morago molao, e e neng ya fitlhela gore ka Phatwe 2012 Bhengu o ne a sa tlola molao mme kgonagalo ya go gotlhagotlhana ga dikgatlhego e ne ya fitlhelwa kwa ofising ya motsamaisa dipuisano.[41][42]

Ka setlha sa peo molao, Bhengu o ne a tswelela a le mo ofising ya SANCO e le tautona,[43] ka Morule 2012 o ne a tlhophiwa gape mo komiting ya ANC, a le mo maemong a borobabobedi mo malokong a le masome a robabobedi[44][45]. Morago ga go tlhophiwa gape, komiti e ne ya mo tlhoma moemedi wa yone wa semmuso kwa lekalaneng la Limpopo.[46]

Modulasetilo wa dikgwebo tse dipotlana:2014 go tsena 2019

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo ditlhophong tsa 2014, o ne a le mo maemong a a mo siametseng mo lenaaneng la ANC, a le wa masome mane le borataro,[16] morago ga ditlhopho o ne a tlhophiwa go nna modulasetilo wa komiti ya tlhabololo ya dikgwebo potlana.[47] O ne a tlhophiwa gape mo setlheng sa boraro mo komiting kgolo ya ANC ka Morule 2017, a le mo maemong a masome a mane le bosupa mo malokong a robabobedi a a neng a tlhophilwe.[48]

Le fa go ntse jalo, pele ga ditlhopho tse di latelang ka 2019, Bhengu o ne a tlodisiwa matlho mo lenaaneng la ANC, o ne a wela kwa maemong a lekgolo, masome a supa le bongwe.[49] Fa godimo ga foo, ka Motsheganong 2019, komiti ya ANC ya tshegetso molao e ne ya akaretsa Bhengu mo lenaaneng la bo ntlhopheng ba le masome mabedi le boraro ba ba tshwanetseng go sekasekelwa go tlhoka go tsamaisa sentle kgotsa tshenyetso setshaba;[50] lekgotla la ditlhopho la Aforika Borwa le ne le kile la amogela dikganetso tsa semmuso tsa go ema e le ntlhopheng ga gagwe.[51]

Tiro ya morago

[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga go retelela ke go tlhophiwa gape ka 2019,[16]Bhengu o ne a bereka e le mmakgwebo.[52] O ne a eme nokeng letsholo la ga Zweli Mkhize la go nna tautona wa ANC pele ga bomopano jwa ANC jwa masome a matlhano le botlhano ka Morule 2022,[52] mme Mkhize o ne a seka a fenya, fa Bhengu le ene a ne a seka a tlhophiwa gape mo komiting.[53]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Bhengu o na le bana,[9] ka 2005 o ne a re ke mme o o godisang bana a le nosi.[5]

  1. 1 2 "General Notice: Notice 1319 of 1999 – Electoral Commission: Representatives Elected to the Various Legislatures" (PDF). Government Gazette of South Africa. Vol. 408, no. 20203. Pretoria, South Africa: Government of South Africa. 11 June 1999. Retrieved 15 December 2025
  2. 1 2 Blignaut, Chene (4 September 2002). "I'll stand by you". News24. Retrieved 15 December 2025
  3. Pewa, Duma (28 August 2009). "Zuma's Zulufication of the political landscape". Witness. Retrieved 15 December 2025
  4. 1 2 3 4 "MP Corner: Ms Ruth Bhengu (ANC)". People's Assembly. 2 September 2016. Retrieved 15 December 2025
  5. 1 2 "'Have mercy on us – we fought for democracy'". IOL. 5 April 2005. Retrieved 15 December 2025
  6. "General Notice: Notice 717 of 2004 - Electoral Commission – List of Names of Representatives in the National Assembly and the Nine Provincial Legislatures in Respect of the Elections Held on 14 April 2004" (PDF). Government Gazette of South Africa. Vol. 466, no. 2677. Pretoria, South Africa: Government of South Africa. 20 April 2004. pp. 4–95. Retrieved 15 December 2025
  7. "ANC man to head key fiscal watchdog". The Mail & Guardian. 6 May 2004. Retrieved 15 December 2025
  8. "ANC old guard reshuffled". IOL. 23 June 2004. Retrieved 15 December 2025
  9. 1 2 3 4 "MP breaks silence on HIV/Aids". News24. 11 May 2001. Retrieved 15 December 2025
  10. Carroll, Rory; Boseley, Sarah (26 May 2006). "New HIV row as South African who shunned drugs dies". The Guardian. ISSN 0261-3077. Retrieved 15 December 2025
  11. 1 2 "Storm over Dutch 'Aids quack'". The Mail & Guardian. 26 May 2006. Retrieved 15 December 2025
  12. "MP calls for HIV 'census': tests for all". IOL. 24 November 2001. Retrieved 15 December 2025
  13. "Bhengu's Aids death 'premature', says TAC". The Mail & Guardian. 24 May 2006. Retrieved 15 December 2025
  14. "Bhengu family: TAC insensitive". News24. 24 May 2006. Retrieved 15 December 2025
  15. "AIDS". NUMSA. 8 October 2008. Retrieved 15 December 2025
  16. 1 2 3 "Nozabelo Ruth Bhengu". People's Assembly. Retrieved 15 December 2025
  17. "Travelgate: Two more MPs convicted". The Mail & Guardian. 4 April 2005. Retrieved 15 December 2025
  18. "Travelgate MPs resign from Parliament". The Mail & Guardian. 23 June 2005. Retrieved 15 December 2025
  19. "National Assembly Members". Parliamentary Monitoring Group. 15 January 2009. Archived from the original on 14 May 2009. Retrieved 15 December 2025
  20. "Errant mayors are purged from lists". The Mail & Guardian. 27 January 2006. Retrieved 15 December 2025
  21. Msomi, Sibonelo (26 January 2006). "Travelgate crook makes ANC list". News24. Retrieved 15 December 2025
  22. 1 2 "DA wonders why 'convicted criminal' is on ANC list". The Mail & Guardian. 26 January 2006. Retrieved 15 December 2025
  23. "ANC gives fraudster 'a chance'". News24. 26 January 2006. Retrieved 15 December 2025
  24. "Travelgate fraudster says crime was 'trivial'". IOL. 9 March 2006. Retrieved 15 December 2025
  25. 1 2 3 Mbanjwa, Bheki (21 December 2007). "Premier almost ditched". Witness. Retrieved 15 December 2025
  26. "Mbeki's men challenge Zuma in KZN". The Mail & Guardian. 8 February 2007. Retrieved 15 December 2025
  27. "Mbeki's men challenge Zuma in KZN". The Mail & Guardian. 8 February 2007. Retrieved 15 December 2025
  28. "ANC on charm offensive". The Mail & Guardian. 23 June 2006. Retrieved 15 December 2025
  29. Mbanjwa, Bheki (13 December 2007). "Delegates urged: Don't sell votes". Witness. Retrieved 15 December 2025
  30. 1 2 Mbanjwa, Bheki (3 December 2007). "Bhengu defends ANCWL on Zuma". Witness. Retrieved 15 December 2025
  31. "Zuma steals the show at SACP rally". The Mail & Guardian. 30 July 2006. Retrieved 15 December 2025
  32. "The political art of cheerleading". The Mail & Guardian. 6 February 2009. Retrieved 15 December 2025
  33. Mgaga, Thando (4 February 2009). "Song and dance: New tune – and an old favourite". Witness. Retrieved 15 December 2025
  34. Seekings, Jeremy (2011). "The changing faces of urban civic organisation". Transformation: Critical Perspectives on Southern Africa. 75 (1): 148–150. doi:10.1353/trn.2011.0018. ISSN 1726-1368.
  35. Seekings, Jeremy (2011). "The changing faces of urban civic organisation". Transformation: Critical Perspectives on Southern Africa. 75 (1): 148–150. doi:10.1353/trn.2011.0018. ISSN 1726-1368.
  36. DA launches 'Crooked Comrades' campaign". The Mail & Guardian. 8 October 2009. Retrieved 15 December 2025
  37. "ANC names committee chairs, snubs DA". The Mail & Guardian. 21 May 2009. Retrieved 15 December 2025
  38. "ANC MP in taxi petrol dispute". Sowetan. 13 January 2012. Retrieved 15 December 2025
  39. "MPs probed for misconduct". The Mail & Guardian. 10 February 2012. Retrieved 15 December 2025
  40. Joubert, Jan-Jan (17 February 2012). "ANC MPs to be questioned". Witness. Retrieved 15 December 2025
  41. "Parliament takes no action on oil deal MP". Saturday Star. 11 August 2012. Retrieved 15 December 2025– via PressReader.
  42. Ollis, Ian (4 September 2012). "Ethics? What ethics?". Daily Maverick. Retrieved 15 December 2025
  43. Miya, Skhumbuzo (11 October 2010). "Bhengu won't relent over funeral speech". Witness. Retrieved 15 December 2025
  44. "Pro-Zuma NEC announced at Mangaung". The Mail & Guardian. 20 December 2012. Retrieved 15 December 2025
  45. "ANC National Executive Committee". African National Congress. 20 December 2012. Retrieved 15 December 2025
  46. "Mthembu continues as ANC spokesperson". News24. 15 January 2013. Retrieved 15 December 2025
  47. "ANC announces committee chairs". News24. 12 June 2014. Retrieved 15 December 2025
  48. "Meet the new ANC NEC". News24. 21 December 2017. Retrieved 15 December 2025
  49. Ndou, Clive (25 April 2019). "'We'll break Msunduzi' - ANC". Witness. Retrieved 15 December 2025
  50. "The 23 people red-flagged by the ANC's integrity body". News24. 29 May 2019. Retrieved 15 December 2025
  51. "Both allies opponents of President Cyril Ramaphosa on ANC lists receive objections". The Mail & Guardian. 3 April 2019. Retrieved 15 December 2025
  52. 1 2 Ndou, Clive (9 February 2022). "Zweli Mkhize hailed in Pietermaritzburg as 'champion of black empowerment'". Witness. Retrieved 15 December 2025
  53. "ANC NEC members". eNCA. 22 December 2022. Retrieved 15 December 2025