Ruth Chepng'etich
Ruth Chepng'etich (Ruth Chepngetich, o tshotswe ka kgwedi ya Phatwe e thola borobabedi (8) ka ngwaga wa 1994) [1] ke motabogi wa tsela wa kwa Kenya yo e leng mmamoratwa wa lefatshe wa basadi wa marathone. [2]
Chepng'etich o santse a le mo kgolegelong ya dingwaga di le tharo e e tla felang ka Moranang 2028 ka ntlha ya go tlola molao wa anti-doping.[3]
Ke mmampodi wa lefatshe wa 2019 mo marathong, ebile ke mofenyi wa Chicago Marathon gararo, ka a fentse ka 2021, 2022 le 2024, moo a beileng rekoto ya lefatshe. [4] Chepng'etich ke mosadi wa ntlha go roba dikgoreletsi tsa 2:11 le 2:10 mo marathone, mme gape o tshwere rekoto ya borataro ya basadi ba ba bofefo go gaisa botlhe mo sephatlong sa marathone, ka ura e le 1 metsotso e le 4 le metsotswana e le 2 e e neng e le kwa Istanbul Half-Marathon.
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]2018
Chepng'etich o ne a fenya kgaisano ya basadi e e neng e le yone fela ya tsela kwa 40th Istanbul Marathon, World Athletics Label Road Race. O ne a taboga ka 2:18:35, ka dinako tse di kgaoganeng tsa 31:59 mo dikilometareng di le 10, 48:15 mo dikilometareng di le 15, 1:08:22 mo half marathon, le 1:37:42 mo dikilometareng di le 30. Tiragalo eno ya ga Chepng'etich e ne e le rekoto e e kwa godimo mo tseleng, e le yone e e neng e le botoka go gaisa mo nageng ya Turkey, mme ka nako eo, e ne e le ya bosupa e e neng e le bonako go gaisa mo hisitoring. Ka go taboga mo nakong eno Chepng'etich o ne a nna moatlelete wa bo 10 mo hisetoring go roba sekgoreletsi sa 2:19, le wa bo 30 mo hisetoring go roba sekgoreletsi sa 2:20. [5][6]
2019
Kwa 20th Dubai Marathon, Chepng'etich o ne a tlhoma rekoto e ntšhwa ya diura di le 2, metsotso e le 17 le metsotswana e le 8.[7]
Ka kgwedi ya Lwetse ele masome a mabedi le boferabobedi (28), o ne a gapa sekgele sa lefatshe mo marathong kwa ngwaga wa 2019 World Athletics Championships kwa Doha, Qatar, a tsaya nako ya 2:32:43 morago ga go simolola bosigogare ka ntlha ya maemo a mogote, a a bongola. Rose Chelimo wa kwa Bahrain o ne a gapa sekgele sa selefera ka nako ya 2:33:46, mme Helalia Johannes wa dingwaga di le 39 wa kwa Namibia o ne a gapa sa boronse ka nako ya 2:34:15. Nako ya ga Chepng'etich e ne e le yone e e neng e le bonya go gaisa tsotlhe mo hisitoring ya kgaisano ya basadi ya marathone. Ka ntlha ya maemo a a sa itumediseng, ke ba le 40 fela mo go ba le 68 ba ba simolotseng ba ba feditseng lobelo kwa Doha. [8]
2020–2021
Ka kgwedi ya Phalane a thola bonne (4) ka ngwaga wa 2020, o ne a fetsa boraro mo London Marathon. 1]
Ka kgwedi ya Moranang e thola bonne(4) ka ngwaga wa 2021, Chepng'etich o ne a tlhoma rekoto ya lefatshe ya halofo ya marathone ya 1:04:02 kwa Istanbul Half Marathon kwa Turkey, a tsaya metsotsoana e le 29 go tswa mo rekotong ya gagwe ya pele e e neng e tlhomilwe ke Ababel Yeshaneh ka ngwaga 2020.[9]Rekoto ya ga Chepng'etich e ne ya rojwa, mme ga jaana ke mosadi wa borataro yo o bofefo go gaisa mo hisetoring mo sekgaleng seo.
Ka kgwedi ya Phalane ale lesome ka ngwaga wa 2021, o ne a tsaya phenyo ya gagwe ya ntlha kwa World Marathon Major ka go fenya Chicago Marathon ya 2021 ka nako ya 2:22:31.[1] O ne a tswa ka bonako ka 67:34 mo sephatlong sa ntlha, mme a wetsa ka bonya thata ka 74:57 mo sephatlong sa bobedi, mme o ne a fenya ka metsotso e le mebedi. [10]
2022
Ka kgwedi ya Mopitlwe ale lesome le boraro (13) , Chepng'etich o ne a dira nako ya bobedi e e bofefo go gaisa mo marathong a basadi go fenya Nagoya Women's Marathon kwa Japane, kgaisano ya World Athletics Elite Platinum Label. O ne a dira rekoto e ntšha ya go taboga, o ne a taboga ka lobelo lo lo kwa tlase lwa 2:17:18 ka 69:03 mo sephatlong sa ntlha le 68:15 mo sephatlong sa bobedi. Ka nako eo, eno e ne e le nako ya bosupa e e neng e le bofefo go gaisa tsotlhe mo hisitoring, e e neng ya dira gore a fenye ka sekgala sa metsotswana e le 87. O ne a gapa $250,000, e leng sekgele se segolo go gaisa tsotlhe se a kileng a se gapa.[11] [12]
Ka kgwedi ya Diphalane ele borerabongwe (9), Chepng'etich o ne a atlega go sireletsa serwalo sa gagwe sa kwa Chicago kwa Chicago Marathon ya ngwaga wa 2022 ka nako ya 2:14:18, e e neng e le nako e e gaisang ya gagwe ka metsotso e le meraro, e e neng e le nako ya bobedi e e bonako go gaisa mo hisetoring, mme e le metsotswana e le 14 fela kwa ntle ga rekoto ya lefatshe ya ga Brigid Kosgei ya 2:14:04. Chepng'etich o ne a taboga lobelo lo lo kwa tlase ga lobelo lwa rekoto ya lefatshe fa a ne a taboga ka lobelo lo lo kwa tlase thata ka dikilometara tsa gagwe tsa ntlha di le 10 a di taboga ka 49:49. O ne a taboga sephatlo sa ntlha ka 65:44 pele a taboga sephatlo sa bobedi ka 68:34. Phenyo e ne ya mo dira mosadi wa ntlha mo hisetoring go roba sekgoreletsi sa 2:18 ka makgetlo a le mararo a a farologaneng. [13]
2023 go fitlha gompieno: Marathon world record
Ka kgwedi ya Phalane ele lesome le boraro(13) ka ngwaga wa 2024, kwa Chicago Marathon, Chepng'etich o ne a tlhoma rekoto e ntšhwa ya lefatshe mo marathong, ka nako ya 2:09:56, a roba rekoto ya lefatshe ya ga Tigst Assefa ya 2:11:53 ka metsotso e ka nna mebedi. Fa a ne a tlhoma rekoto eno, o ne a nna mosadi wa ntlha go taboga ka lobelo lo lo fetang 2:11 le 2:10 mo marathong. Chepng'etich o boletse fa a ne a neela rekoto ya gagwe ya lefatshe go moagisani wa gagwe le motshodi wa rekoto ya lefatshe wa banna Kelvin Kiptum, yo o tlhokafetseng ka kgwedi ya Tlhakole 2024.[1]
Rekoto ya lefatshe ya ga Chepng'etich e ne ya ganediwa le go latofadiwa ka go dirisa diokobatsi. Robert Johnson wa LetsRun.com o ne a botsa Chepng'etich ka tlhamalalo gore o akanya eng ka dikakgelo tseno. Kokoano ya Bosetšhaba ya Kenya e ne ya tsaya potso ya ga Johnson e le "ya go tlhoka tlotlo". Go tokafala ga gagwe go ne ga bakwa ke go dirisa motswako wa dikhabohaetereite wa Maurten, motswako o o kgethegileng wa sodium, dikhabohaetereite le sukiri, le setlhako sa Nike Alphafly 3.[14]
Morago ga go kgaolwa nakwana, ka kgwedi ya Phalane 2025 Chepng'etich o ne a neelwa thibelo ya dingwaga di le tharo go tloga ka kgwedi ya Moranang 2025 ke Athletics Integrity Unit morago ga go tlhatlhobelwa hydrochlorothiazide. [1]] Katlholo ya dingwaga di le nne e ne ya fokodiwa ka ngwaga o le mongwe fa a ne a dumela gore o tlotse molao. [15]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Ruth CHEPNGETICH – Athlete Profile". World Athletics. Retrieved 1 January 2021
- ↑ "World Records". World Athletics. Retrieved 13 October 2024.
- ↑ "AIU Suspends World Record-Holder Chepng'etich" (PDF). Athletics Integrity Unit (Press release). 17 July 2025. Retrieved 17 July 2025
- ↑ "Ruth Chepngetich does something no other woman has done before in 2024 Chicago Marathon with likely world record finish". NBC Chicago. 13 October 2024. Retrieved 13 October 2024
- ↑ "2018 Istanbul Marathon". Podisti – Roberto Annoscia. 11 November 2018. Retrieved 30 January 2019.
- ↑ "Ruth Chepngetich Smashes Istanbul Marathon Record with 2:18:35". Watch Athletics. 11 November 2018. Retrieved 30 January 2019
- ↑ "Ruth Chepngetich shatters Dubai Marathon course record". Daily Nation. 25 January 2019. Retrieved 30 January 2019.
- ↑ "Leichtathletik-WM: Chepngetich gewinnt langsamsten WM-Marathon – 28 Läuferinnen müssen aufgeben". Spiegel Online. 28 September 2019. Retrieved 28 September 2019
- ↑ "İstanbul Yarı Maratonu'nda dünya rekoru!". NTV Spor (in Turkish). 4 April 2021. Retrieved 4 April 2021
- ↑ "Ruth Chepngetich Runs 2:14:18 to Win 2022 Chicago Marathon after Crazy 65:44 First Half". LetsRun.com. 9 October 2022. Retrieved 9 October 2022
- ↑ Dickinson, Marley (1 October 2021). "Nagoya Women's Marathon now offers the most prize money of any race". Canadian Running Magazine. Retrieved 13 March 2022
- ↑ Whittington, Jess (13 March 2022). "Chepngetich runs 2:17:18 to win Nagoya Women's Marathon". World Athletics. Retrieved 13 March 2022
- ↑ Henderson, Jason (9 October 2022). "Chepngetich goes No.2 all-time in Chicago Marathon". AW. Retrieved 9 October 2022
- ↑ "Ruth Chepngetich's 2:09 Marathon World Record Has Broken Our Brains". LetsRun. 18 October 2024. Retrieved 21 April 2025
- ↑ "Marathon record holder Chepngetich given three-year ban". BBC Sport. 23 October 2025. Retrieved 23 October 2025