Ruth wanjiru
Ruth Wanjiru Kuria (o tshotswe ka kgwedi ya Lwetse a le lesome bongwe(11) ka ngwaga wa 1981) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya yo o gaisanang mo mabelong a marathone le halofo ya marathone. O na le rekoto ya gagwe ya 2:27:38 mo sekgaleng se seleele (e e tlhomilweng ka ngwaga wa 2009) mme e bile mofenyi wa ngwaga wa 2013 wa Eindhoven Marathon.
Wanjiru o ne a fetsa tiro ya gagwe ya kwa tshimologong kwa Japane, a taboga mo Hitachi, morago Second Wind AC mme a gaisana ka metlha mo tseleng ya go taboga koo. O ne a emela naga ya gaabo kwa Yokohama International Women's Ekiden ya ngwaga wa 2009.
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Wanjiru o ne a bona thutego ya metshameko kwa Japane kwa Sekolong se Segolo sa Sendai Ikue (se se itsegeng ka metshameko) a sa le mosha mme a fudugela koo go ya go ithuta le go tokafatsa go taboga ga gagwe.[1] O ne a le mo nakong ya ga Samuel Wanjiru, mmampodi wa Diolimpiki tsa ngwaga wa 2008, kwa sekolong seo. [2]Kwa tshimologong o ne a tlhoma mogopolo mo go tabogeng mo sekgaleng se se fa gare le se seleele; mo ngwageng wa gagwe wa ntlha kwa Japane o ne a fenya sekgele sa sekolo se segolwane mo sekgaleng sa dimetara di le 3000. Fa a sena go aloga o ne a tsena mo tsamaisong ya khampani mme a simolola go gaisana le Hitachi. Mo go Japan Corporate Track and Field Championships ya ngwaga oo o ne a tlhoma rekoto ya metsotso e le 15:43.05 mo metareng ya 5000 le metsotso e le 32:34.71 mo metareng ya 10,000. Lefelo la gagwe la botlhano kwa Sapporo Half Marathon ka metsotso e le 70:15 e ne e le le lengwe la maemo a a kwa godimo mo go ene.[3]O ne a tokafatsa rekoto ya gagwe ya go taboga go ya go 15:31.49 le 31:56.21 metsotso ka ngwaga wa 2003.[4]
O ne a bona phenyo ya gagwe ya ntlha e kgolo kwa Sanyo Women's Half Marathon ka ngwaga wa 2004. [1]O ne a tokafatsa rekoto ya gagwe mo kgaisanong ya halofo ya marathone dingwaga di le pedi morago ga foo go ya go 70:04 metsotso kwa kgaisanong ya halofo ya marathone ya basadi ya kwa Miyazaki, a nna wa boraro. [5]O ne a fenya ka makgetlo a le mabedi ka ngwaga wa 2006 kwa Kasumigaura 10 Miles le kwa Shibetsu Half Marathon.[6]O ne a le wa borobedi kwa kgaisanong ya Miyazaki Half kwa tshimologong ya ngwaga wa 2007.[7] Ka kgwedi ya Ngwanatsele ka ngwaga wa 2007 o ne a fenya halofo ya marathone ya Hakusan pele a simolola go taboga sekgala se se tletseng sa marathone kwa Shanghai Marathon (e leng tshimologo ya kgaisano ya gagwe kwa ntle ga Japane). Mo kgaisanong eo o ne a kgona go fetogela mo go se a neng a se batla mme a fetsa a le mo maemong a bone ka nako ya diura di le 2:43:16.[8] O ne a le bonya go sekae kwa Nagano Marathon mo ngwageng o o latelang, a fetsa a le lesome. [9]Ka bobedi jwa ngwaga wa 2008 le ngwaga wa 2009, o ne a nna wa boraro mo Sanyo Women's Half Marathon.[3]
Wanjiru o simolotse go taboga mo Second Wind AC mme ka ngwaga wa 2009 o ne a tsenela dikgaisano tsa gagwe tsa ntlha tsa kwa Yuropa. O simolotse ngwaga oo ka katlego e kgolo mo Osaka Ladies Marathon, a taboga ka nako ya 2:27:38 go bona maemo a bosupa mo kgaisanong.[10]Mo kgaisanong ya bofelo ya Yokohama International Women's Ekiden o thusitse basadi ba Kenya go bona maemo a bobedi morago ga Majapane.[11]O ne a nna mofenyi wa bobedi kwa Hannover Marathon le Hamburg Half Marathon mo ngwageng oo.[12]
Morago ga go iketla dingwaga di le pedi mo metshamekong ka ngwaga wa 2010 le ngwaga wa 2011 o ne a boa ka maemo a boraro kwa Ottawa Marathon ya ngwaga wa 2012 le maemo a bobedi kwa Ljubljana Marathon.[13]Mo go tse pedi tse a neng a di dira ka ngwaga wa 2013 o ne a le wa botlhano fela mo lobelong lwa Ottawa, mme a nna le phenyo ya gagwe ya ntlha e kgolo ya kwa Yuropa kwa Eindhoven Marathon.[14]
Wanjiru o ne a sa letlelelwa go tsenela dikgaisano ka dikgwedi di le lesome le borataro (16) go tloga ka kgwedi ya Ferikgong ngwaga wa 2018 go fitlha ka kgwedi ya Motsheganong ngwaga wa 2019 mme o ne a atlholelwa go se tsenele dikgaisano tseo ke Athletics Integrity Unit. [15]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Nakamura, Ken (2004-12-25). Ruth Wanjiru wins Sanyo Half Marathon. IAAF. Retrieved on 2013-10-26.
- ↑ Nakamura, Ken (2005-02-20). Niiya, Yamanaka, Sato and Wanjiru excel in Chiba Cross Country. IAAF. Retrieved on 2013-10-26.
- 1 2 Ruth Wanjiru. Tilastopaja. Retrieved on 2013-10-26
- ↑ Ruth Wanjiru. IAAF. Retrieved on 2013-10-26.
- ↑ Nakamura, Ken (2006-01-07). Okunaga wins Miyazaki Women's Half Marathon. IAAF. Retrieved on 2013-10-26.
- ↑ Kasumigaura 10 mile. Association of Road Racing Statisticians. Retrieved on 2013-10-26.
- ↑ Nakamura, Ken (2007-01-06). Noguchi wins Miyazaki Half-Marathon. IAAF. Retrieved on 2013-10-26.
- ↑ November 2007. AIMS. Retrieved on 2013-10-26
- ↑ April 2008. AIMS. Retrieved on 2013-10-26
- ↑ Nakamura, Ken (2009-01-25). Shibui breaks her four year victory drought with 2:23 win at Osaka Ladies Marathon. IAAF. Retrieved on 2013-10-26
- ↑ Nakamura, Ken (2009-02-22). Japan wins final edition of Yokohama International Women's Ekiden. IAAF. Retrieved on 2013-10-26.
- ↑ Wenig, Jörg (2009-05-03). Langat and Hahn prevail in Dusseldorf. IAAF. Retrieved on 2013-10-26.
- ↑ October 2012. AIMS. Retrieved on 2013-10-26
- ↑ Minshull, Phil (2013-10-13). Tsegay ends Kenya's 14-year winning streak at Marathon Eindhoven. IAAF. Retrieved on 2013-10-26
- ↑ "LATEST SANCTIONS FOR DOPING AND NON-DOPING VIOLATIONS - DECEMBER 2018" (PDF). Athletics Integrity Unit. December 2018.