Jump to content

Sílvio Nascimento

Go tswa ko Wikipedia

Silvio Emerson de Sousa Ferreira do Nascimento (o belegwe ka 11 Ngwanatsele 1987), yo o itsegeng thata e le Sílvio Nascimento, ke motshameki wa difilimi le motlhami wa difilimi wa kwa Angola.[1] O itsege thata ka ditiro tsa gagwe mo thelebišeneng ya Windeck le Jikulumessu mmogo le difilimi, Njinga: Queen of Angola le Blood Lines.[2]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

O belegwe ka 11 Ngwanatsele 1987 kwa Lubango, kwa borwa jwa porofense ya Huila, Angola.[3]

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Nascimento o simolotse tiro ya gagwe ya go tshameka mo theatereng a le dingwaga di le supa fa a ne a tshameka mo motshamekong wa sekolo o o bidiwang "Sé Catedral" . Fa a na le dingwaga di le 18, o ne a tsenela setlhopha sa bobogelo sa "Os Vozes Soltas". O ne a tswelela ka ditiro tsa gagwe kwa Luanda national ballet, ka 2006. Ka 2008, o ne a tsena mo setlhopheng sa "Henrique Artes", mme a dira kwa "Hotel Komarka". Morago o ne a etela dinaga di le mmalwa jaaka Cape Verde, Brazil, Portugal, Mozambique, Afrika Borwa le United States of America go ithuta go tshameka. Mo go one ngwaga oo, o ne a simolola go tshameka mo filiming ya gagwe ya Reduced to Nothing e e neng e tsamaisiwa ke Jack Caleia le Divua António. Ka 2009, o ne a tshameka mo filiming ya Assaltos em Luanda 2, le mo thulaganyong ya thelebišene ya Conversas no Quinta. Ka ngwaga wa 2010, o ne a tsenela lenaneo la beke le beke la thelebišene le le neng le bua ka go lwantsha HIV le go tlhaola batho ka lotso, le le bidiwang Stop SIDA, mme a tswelela ka dingwaga di le pedi e le sefatlhego se segolo sa lenaneo leno. Seno se ne sa dira gore a bone katlego mo terameng le mo thelebisheneng mo bathong ba Angola.[3]

Ka 2011, o ne a gapa sekgele sa "Festlip" sa setlhopha se se gaisang sa CPLP jaaka leloko la Henrique Artes. Mme ka 2012, o ne a gapa Sekgele sa Bosetšhaba sa Setso le Botsweretshi kwa Angola. Ka 2013 o ne a dira mo seraleng sa Njinga Rainha de Angola mme a tshameka karolo ya "Kasa Cangola". O ne a gapa sekgele sa gagwe sa ntlha sa boditšhabatšhaba sa filimi kwa Jakarta ka ntlha ya karolo eo. Ka 2014 le 2015, o ne a tlhophiwa mo kgaisanong ya "Moda Luanda" mo kgaisanong ya Best Actor of Angola. Moragonyana o ne a amogela tlotla ya motshameki yo o gaisang ke TV ZAP mo Lenaneong la Zap News. Ka 2015 le 2016, o ne a tsenela telenovela ya Jikulumessu, a tshameka jaaka Paulo Almeida. Ka ntlha ya karolo eno, o ne a gapa sekgele sa Seoul International AWARDS mo setlhopheng sa motseletsele wa diterama o o gaisang.[3]

Fa go ntse go le jalo, Nascimento o ne a fiwa leina la Ambassador of Angolan Youth Culture kwa USA. Pele ga moo, o ne a tlhophiwa gabedi mo "Emmys International TV Festival" ka ntlha ya diterama tsa thelebišene tsa Windeck ka 2014 le Jikulumessu ka 2015. Ka 2017, o ne a gapa Luanda Fashion Award ya Actor yo o gaisang. Ka ngwaga wa 2018, o ne a gapa sekgele sa Golden Globe Angola sa Best Actor. Ka 2021, o ne a saena tumalano le RTP-Afrika go bontsha the Tellas digital platform e e bontshang difilimi le diteng tse dingwe tsa bonono jwa bosupa ke batsamaisi ba Angola, Cape Verdean, Mozambique, Bissau-Guinean le Sao Tome.[4] Mo ngwageng oo, o ne a emela Angola kwa " Berlinale" - 71st Berlin Film Festival, kwa Jeremane.[5]

  1. "Ator angolano Sílvio Nascimento participa de bate-papo com Grupo de Teatro Afrisamé". unilab.edu.br. Retrieved 1 October 2021.
  2. SAPO. "Sílvio Nascimento". SAPO Mag (in Portuguese). Retrieved 1 October 2021
  3. "Sílvio Nascimento biography" (PDF). blast.com.pt. Retrieved 1 October 2021
  4. grxnet.com. "Jornal de Angola - Notícias - Sílvio Nascimento destaca acordo com a RTP-África". Jornal de Angola (in Portuguese). Retrieved 1 October 2021
  5. "Sílvio Nascimento "entrou em cena" no Festival de Berlim]". Expansão (in Portuguese). 6 March 2021. Retrieved 1 October 2021