Salina kosgei
Salina Jebet Kosgei (o tshotswe ka kgwedi ya Ngwanatsele e le lesome le borataro (16) ka ngwaga wa 1976 kwa Simotwo, Kgaolo ya Keiyo) ke motabogi wa sekgala se seleele go tswa kwa Kenya. Ke mmampodi wa gouta wa Commonwealth Games, o kile a gaisana kwa Diolimpiking mme o fentse dikgaisano tse di farologaneng tsa marathone, go akaretsa le Boston Marathon wa ngwaga wa 2009.
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]O simolotse tiro ya gagwe ya metshameko fa a ne a le kwa Sekolong sa Simotwo Primary. O ne a fudugela kwa Sekolong se Segolo sa Basetsana sa Kapkenda mme a gapa dikgele di le mmalwa tsa bosetšhaba tsa sekolo se segolwane mo metshamekong ya heptathlon, 800 metres le 200 metres. O ne a aloga ka ngwaga wa 1993 mme morago a thapiwa ke Kenya Prisons Service.[1]
O ne a tsenela dikgaisano tsa ngwaga wa 1994 Commonwealth Games, a fetsa mo maemong a botlhano mo metshamekong ya 800 metres. Morago ga go tshola ngwana wa gagwe wa ntlha ka ngwaga wa 1996, o ne a swetsa go leka go tsamaya sekgala se seleele.[1]
Kosgei o ne a fenya kgaisano ya basadi ya dimetara di le 10 000 kwa Metshamekong ya Commonwealth ya ngwaga wa 2002. Nako ya gagwe, 31:27.83, e ne ya nna rekoto e ntšhwa ya Commonwealth Games.
O ne a tsenela dikgaisano tsa IAAF World Half Marathon Championships ka 2003 kwa Vilamoura, Spain, mme ga a ka a fetsa botoka go feta wa bo41. Kosgei o ne a gaisana le Kenya kwa Metshamekong ya Di-Olympic tsa ngwaga wa 2008 kwa marathone, a fetsa a le lesome.
Ka kgwedi ya Moranang e le masome a mabedi (20) o ne a fenya ka ngwaga wa 2009 Boston Marathon timing 2:32:16, a second ahead of Dire Tune of Ethiopia.[2]O ne a leka go sireletsa sereto sa gagwe mo kgaisanong ya ngwaga o o latelang mme tlotlo e ne ya ya kwa go Teyba Erkesso fa Kosgei a ne a fetsa mo maemong a boraro.[3] O ne a tsenela dikgaisano tse dingwe tse pedi tsa marathone ka ngwaga wa 2009, a nna wa boraro kwa Grottazzolina Marathon le wa bo lesome le botlhano (15) kwa ngwaga wa 2010 New York City Marathon. Gape o ne a fenya Florence Half Marathon.[4]
Ka ngwaga wa 2011, o ne a le mo gare ga ba ba lesome ba ba kwa godimo kwa Lisbon Half Marathon, Portugal Half Marathon le Yokohama Women's Marathon. O ne a kgona go taboga lobaka lwa diura di le 2:32:06 mme a nna wa botlhano mo San Diego Marathon. Ga a ka a tsenela dikgaisano ka ngwaga wa 2012 mme o ne a dira ditshupo di le pedi fela ka ngwaga wa 2013, a tla mo maemong a bone kwa Stockholm Marathon mme a fenya Marathon des Alpes-Maritimes. [5]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]O nyetswe ke motshameki wa dikgoreletsi Barnabas Kinyor. Ba na le ngwana wa mosimane le wa mosetsana, Billy le Ruth, ba tsetswe ka ngwaga wa 1996 le ka ngwaga wa 2001, ka go latelana.[6]
Diphelelo
[fetola | Fetola Motswedi]Dikgaisano tse dikgolo tsa boditšhabatšhaba
[fetola | Fetola Motswedi]| Year | Competition | Venue | Position | Event | Notes |
|---|---|---|---|---|---|
| Representing Kenya | |||||
| 1992 | World Junior Championships | Seoul, South Korea | 8th | 800 m | 2:13.48 |
| 1994 | World Junior Championships | Lisbon, Portugal | 33rd (h) | 800m | 2:13.24 |
| Commonwealth Games | Vancouver, Canada | 5th | 800 m | 2:03,78 | |
| 2002 | Commonwealth Games | Manchester, United Kingdom | 1st | 10,000 m | 31:27.83 |
| 2003 | World Championships | Paris, France | 19th | 10,000 m | 32:09.15 |
| 2008 | Olympic Games | Beijing, China | 10th | Marathon | 2:29:28 |
Dikgaisano tsa tsela
[fetola | Fetola Motswedi]| Year | Competition | Venue | Position | Event | Notes |
|---|---|---|---|---|---|
| 2004 | Paris Marathon | Paris, France | 1st | Marathon | 2:24:32 |
| 2005 | Prague International Marathon | Prague, Czech Republic | 1st | Marathon | 2:28:42 |
| Virginia Beach Rock 'n' Roll Half Marathon | Virginia Beach, VA, United States | 2nd | Half marathon | ||
| 2006 | Lisbon Half Marathon | Lisbon, Portugal | 1st | Half marathon | 1:07:52 |
| Singapore Marathon | Singapore | 1st | Marathon | 2:31:55 | |
| 2007 | Tokyo Marathon | Tokyo, Japan | 2nd | Marathon | 2:23:31 |
| London Marathon | London, United Kingdom | 4th | Marathon | 2:24:13 | |
| 2008 | Ras Al Khaimah Half Marathon | Ras Al Khaimah, UAE | 1st | Half marathon | 1:12:29 |
| Lisbon Half Marathon | Lisbon, Portugal | 1st | Half marathon | 1:09:57 | |
| 2009 | Boston Marathon | Boston, United States | 1st | Marathon | 2:32:16 |
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 IAAF, 23 August 2003: 'Focus on Africans' - women's 10,000m, Kosgei and Kidane
- ↑ Golen, Jimmy (20 April 2009). "Deriba Merga, Salina Kosgei win at Boston Marathon". The Boston Globe. Archived from the original on 22 April 2009. Retrieved 20 April 2009.
- ↑ Morse, Parker (2010-04-19). Cheruiyot smashes Boston record with 2:05:52 sizzler - Boston Marathon report Archived 2010-04-22 at the Wayback Machine. Retrieved on 2010-04-25
- ↑ Salina Kosgei. Tilastopaja. Retrieved on 2013-11-28
- ↑ Abdissa and Kosgei win at the Marathon des Alpes-Maritimes. IAAF (2013-11-10). Retrieved on 2013-11-28.
- ↑ World Majors Marathon profile Archived 2009-05-06 at the Wayback Machine