Jump to content

Samia Suluhu Hassan

Go tswa ko Wikipedia

Samia Suluhu Hassan (/sɑːmiɑː suluhu hɑːssɑːn/ i SAH-mee-ah soo-LOO-hoo HA-san; o tshotswe ka Herikgong ale masome a mabedi le bosupa ka ngwaga wa 1960) ke mmadipolotiki wa kwa Tanzania yo o ntseng e le Tautona wa borataro wa Tanzania go tloga ka kgwedi ya Mopitlwe ele lesome le boferanongwe(19) ka ngwaga wa 2021. Ke ene mosadi wa ntlha go nna mo maemong ao mme o ne a kile a nna motlatsa-Tautona wa Tanzania go tloga ka ngwaga wa 2015 go fitlha ka ngwaga wa 2021, go tswa foo a nna Tautona morago ga loso lwa yo o neng a mo eteletse pele, John Magufuli.

Suluhu, yo o tlholegang kwa Zanzibar, o ne a direla jaaka tona mo kgaolong e e ikemetseng ka nosi go tloga ka 2000 go fitlha ka 2010. Morago ga moo o ne a direla jaaka Leloko la Palamente go tswa kwa kgaolong ya Makunduchi go tloga ka 2010 go fitlha ka 2015 mme e ne e le Tona ya Naga mo Ofising ya Motlatsa-Tautona wa Merero ya Kopano go tloga ka ngwaga wa 2010 go fitlha ka ngwaga wa 2015. Ka ngwaga wa 2014, o ne a tlhophiwa go nna motlatsa modulasetilo wa Kokoano ya Molaotheo e e neng e rwele maikarabelo a go kwala molaotheo o mosha wa naga. Suluhu o ne a nna motlatsa-Tautona wa ntlha wa mosadi wa Tanzania morago ga ditlhopho tsa ngwaga wa 2015, morago ga go tlhophiwa ka thekete ya Chama Cha Mapinduzi (CCM) le Magufuli. Suluhu le Magufuli ba ne ba tlhophiwa gape go dira paka ya bobedi ka ngwaga wa 2020.

Jaaka Tautona , Suluhu o ne a tsentse tirisong melawana e e neng e ikaeletse go fokotsa go anama ga leroborobo la COVID-19 kwa Tanzania, e Magufuli a neng a ganetsa gore ke kgang e e masisi. Tse dingwe tse a neng a tsepamisitse maikutlo mo go tsona e ne e le go atolosa mafaratlhatlha le go dira gore ikonomi ya Tanzania e nne ya lefatshe ka bophara ka go dirisa batsetedi le bojanala. [1]

Mo ditlhophong tsa kakaretso tsa Tanzania tsa ngwaga wa 2025, puso ya CCM ya gagwe e ne ya thibela lekoko le legolo la kganetso, Chadema, go tsaya karolo; moeteledipele wa lekoko, Tundu Lissu, le ene o ne a latofadiwa ka boepapuso mme a tshwarwa.[2][3]Ditlhopho ka botsona di ne tsa tshwaetswa ke tirisodikgoka ya ditlhopho le go sa siama, tse di neng tsa baka ditshupetso.[4] Mo tshimologong ya bo Tautona jwa gagwe o ne a na le setshwantsho se se siameng jaaka modira-phetogo, fela go tloga ka ngwaga wa 2025, puso ya gagwe e ntse e lejwa ke bakanoki jaaka e e laolang ka thata.[5][6][7][8]

Botshelo le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Suluhu o belegetswe kwa Sultanate of Zanzibar ka kgwedi ya Ferikgong ele masome a mabedi le bosupa(27) ka ngwaga wa 1960 ke morutabana le mosadi wa gagwe. Dingwaga di le nne morago ga moo, Zanzibar e ne ya kopana le Tanganyika go bopa naga ya Tanzania.[9] O weditse thuto ya gagwe ya sekontari ka ngwaga wa 1977,[10]mme a simolola go dira jaaka tlelereke ya ofisi.Ka ngwaga wa 1978, o ne a nyalwa ke molemi Hafidh Ameir. [9] Mmogo ba ne ba nna le barwa ba le bararo le morwadi a le mongwe.[11] Morwadiabone, Wanu Hafidh Ameir, yo o tshotswe ka ngwaga wa 1982, ngwana wa bobedi wa banyalani, o ne a nna leloko la Ntlo ya Baemedi ya Zanzibar.[12]

Suluhu o ne a dira dithuto di le mmalwa tse dikhutshwane ka nakwana. Ka ngwaga wa 1986, o ne a aloga kwa Institute of Development Management (e ga jaana e leng Mzumbe University) a na le dipoloma ya maemo a a kwa godimo mo tsamaisong ya puso. Magareng ga ngwaga wa 1992 le ngwaga wa 1994, o ne a tsena kwa Yunibesithing ya Manchester mme a bona dipoloma ya morago ga kalogo mo ikonoming. [13]Ka ngwaga wa 2015, o ne a bona MSc ya gagwe mo Community Economic Development ka lenaneo le le kopaneng magareng ga Open University of Tanzania le Southern New Hampshire University.[10]

Ka ngwaga wa 1988, Suluhu o ne a nna motlhankedi wa tlhabololo le puso ya kgaolo ya Zanzibar. O ne a nna mookamedi wa porojeke kwa World Food Programme. Ka dingwaga tsa bo1990, o ne a bewa mo taolong ya setheo se se laolang mekgatlho e e seng ya puso kwa Zanzibar. [9]

Tiro ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2000, Suluhu o ne a nna leloko le le kgethegileng la Ntlo ya Baemedi ya Zanzibar le lekoko la Chama Cha Mapinduzi (CCM), koo a neng a tlhophiwa go nna Tona ya Zanzibar ya Ditiro tsa Bašwa, Basadi le Bana. [9][14] Fa a ne a le mo maemong a, o ne a fedisa thibelo ya bomme ba ba sa tswang go tshola bana go boela kwa sekolong.[15]E ne e le ene fela mosadi wa maemo a a kwa godimo mo kabineteng mme o ne a sa tshwarwe ka tsela e e masisi ke banna ba a neng a dira le bone ka gonne e ne e le mosadi. O ne a tlhophiwa gape ka ngwaga wa 2005 mme a tlhophiwa jaaka Tona ya Bojanala le Kgwebo le Dipeeletso. [9] [13]

Ka ngwaga wa 2010, Suluhu o ne a batla go tlhophiwa go nna leloko la Kokoano Bosetšhaba, a eme mo palamenteng ya Makunduchi mme a fenya ka 80%.o. [13]Moporesidente Jakaya Kikwete o mo thapile jaaka Tona ya Merero ya Dinaga.Ka ngwaga wa 2014, o ne a tlhophiwa go nna Motlatsa Modulasetilo wa Kopano ya Molaotheo e e neng e rwele maikarabelo a go kwala molaotheo o mošwa wa naga.

Suluhu e ne e le motlatsaporesidente wa CCM mo ditlhophong tsa 2015 mmogo le John Magufuli. E ne e le tlhopho e e neng e sa solofelwa, ka gonne boradipolotiki ba le mmalwa ba ba itsegeng le ba ba nang le tlhotlheletso ba ne ba fetisediwa mo tirong eno. O ne a le mosadi wa ntlha go nna motshwaramarapo mo hisetoring ya mokgatlho. Ba ne ba fenya ditlhopho, mme ba ikana ka kgwedi ya Ngwanatsele a thola botlhano (5) ka ngwaga wa 2015. Suluhu o ne a nna motlatsa moporesidente wa ntlha wa mosadi wa Tanzania. Go ne ga nna le kgotlhang magareng ga Magufuli le Suluhu ka 2016 e mo go yone go neng ga bodiwa dipotso ka ga boikanyego jwa gagwe, mme Suluhu o ne a dira dipolelo tsa phatlalatsa go tshegetsa Magufuli. [9] [13] Magufuli le Suluhu ba ne ba tlhophiwa gape mo ditlhophong tsa kakaretso tsa ngwaga wa 2020, le fa phenyo e ne ya belaelwa morago ga ditatofatso tsa tsietso ya ditlhopho ke basekaseki ba ba ikemetseng.[16]

  1. "Tanzania: back to the authoritarian routine". Civicus. 11 June 2025. Retrieved 5 November 2025
  2. "Two flawed elections show the dangers of one-party rule". The Economist. ISSN 0013-0613. Retrieved 24 October 2025.
  3. "Tanzania president cleared to run in October election, key rivals barred". Reuters. 27 August 2025. Retrieved 29 August 2025
  4. "How Tanzania's President Samia Suluhu Hassan went from reform to repression". france24.com. France 24. 4 November 2025. Retrieved 5 November 2025.
  5. Muhammad, Baba Yunus. "President Samia Suluhu Hassan and Tanzania's Descent into Authoritarianism". The Islamic Economist.
  6. "Tanzania on the Road to Dictatorship? - Rosa-Luxemburg-Stiftung". www.rosalux.de. 17 July 2025. Retrieved 14 November 2025
  7. CIVICUS (11 June 2025). "Tanzania: back to the authoritarian routine". CIVICUS LENS. Retrieved 14 November 2025.
  8. "Samia Suluhu Hassan: Tanzania's disputed president". DW. Retrieved 9 November 2025
  9. 1 2 3 4 5 6 "Samia Hassan: Tanzania's new president who rose through the ranks". Al Jazeera. Retrieved 26 September 2023
  10. 1 2 "Member of Parliament CV". Parliament of Tanzania. Archived from the original on 13 July 2015. Retrieved 19 February 2013
  11. "President Samia Suluhu Hassan Husband Who Lives A Low-Key Life - Times Digital". 5 December 2023. Retrieved 21 January 2024
  12. "Samia Suluhu Hassan – the woman set to become Tanzania's next president". BBC News. 18 March 2021. Retrieved 18 March 2021.
  13. 1 2 3 4 Mwakyusa, Alvar (18 September 2014). "Tanzania: Samia Suluhu Hassan – a Tough Journey From Activism to Politics". AllAfrica. Archived from the original on 5 August 2019. Retrieved 16 November 2016
  14. "Tanzania's Samia Suluhu takes presidential oath". Business Daily. 19 March 2021
  15. "Samia Suluhu Hassan - Tanzania's new president". BBC News. 18 March 2021. Retrieved 26 September 2023
  16. "Samia Suluhu Hassan sworn in as Tanzania's first female president". France 24. 19 March 2021. Retrieved 26 September 2023