Jump to content

Samkelo Ndlovu

Go tswa ko Wikipedia

Samkelo Ndlovu o belegwe ka 1989 kwa Alexandra Township, Johannesburg. Ke motshameki wa mo Afrika Borwa yo o itsegeng ka seabe sa gagwe jaaka Sonia mo SABC1 kgwele ya dinao terama ya motseletsele wa Zone 14.

Samkelo o ne a tsena sekolo sa Fairways Primary School mme morago ga moo, a fetsa dithuto tsa gagwe kwa Sandringham High School. Samkelo Ndlovu o ne a bona tiro ya gagwe ya ntlha e e botlhokwa ya difilimi kgwedi fela morago ga go fetsa kwa kholetšheng jaaka Lerato mo filimeng ya metlae ya kgwele ya dinao Taka Taka, e Trevor Noah le Kagiso Lediga ba neng ba tshameka mo go yone.

A batla tiro mo thelebišeneng, o ne a dira diteko ka katlego mo dikarolong di le mmalwa mo metshamekong e e jaaka  Zone 14,  Intersexions,  le Sokhulu & Partners,  mmogo le karolo ya go tshegetsa mo terameng ya SABC1 Generations. O ne a bona karolo ya Esther mo filiming ya 2011 Skyf: The Movie, e e neng e dirilwe ke Thapelo Moekoena.