Jump to content

Samson Kitur

Go tswa ko Wikipedia

Samson Kitur (O tshotswe ka kgwedi ya Tlhakole e tlhola malatsi a le masome a mabedi le botlhano ka ngwaga wa 1966 —O tlhokafetse ka kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi a le masome a mabedi le botlhano ka ngwaga wa 2003) e ne e le moatlelete wa Kenya, le mofenyi wa mentlele ya Diolimpiki ka 1992.

Bayokerafi

[fetola | Fetola Motswedi]

Go farologana le bontsi jwa bagaabo, ba ba tabogang sekgala sa dimitara di le 800 go ya kwa godimo, Kitur o ne a itsege mo dimitara di le 400. O ne a fenya kgaisano ya kontinente ka 1991, mme ngwaga o o latelang o ne a tsaya mmentlele wa boronse kwa Diolimpiking tsa Selemo tsa 1992, a le kwa morago ga mofenyi Quincy Watts. Ngwaga moragonyana, o ne a fenya mmentlele wa boronse kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe kwa Stuttgart.

O ne a tlhokafala ka tshoganyetso ka ntlha ya bolwetse jo bo sa tlhalosiwang a le dingwaga di le 37 kwa legaeng la gagwe kwa Eldoret, legae la gagwe kwa Kerotet Village gaufi le Ziwa.

Bomorwarraagwe ba babedi le bone e ne e le baatlelete ba Diolimpiki: Simon Kitur le David Kitur.

Tse di kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]