Samuel Maharero
| Samuel Maharero | |
|---|---|
Maharero ka 1907 | |
| Kgosi ya Baherero | |
| Reign | 1890 go tsena 1917 |
| Predecessor | Maharero |
| Successor | Hosea Kutako |
| Tsalo | 1856 |
| Leso | 1923 Bechuanaland Protectorate |
Samuel Maharero(o o tshotsweng ka ngwaga wa 1856 a tlhokafala ka Mopitlo a le lesome le bone ngwaga wa 1923) e ne e le kgosikgolo ya morafe wa BaHerero kwa South West Africa (kwa e leng Namibia gompieno) ka nako ya ditsuologo tse di neng di amana le ditiragalo tsa polao ya batho ba merafe ya Herero le Nama. Gompieno o supiwa e le mogaka wa lefatshe kwa Namibia.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Samuel Maharero e ne e le morwa Maharero, molwantwa le mogapa dikgomo o o botlhokwa wa mo Herero. O kolobeditswe ka ngwaga wa 1869[1][2] a ya sekolong kwa Lutere, kwa a neng a bonwa a na le bokgoni jwa boruti. Fa rraagwe a tlhokafala ka ngwaga wa 1890, o ne a tsaya setilo sa bogosi kwa kgaolong ya Okahandja, le ntswa a ne a seka a ja boswa jo bo kalo jwa dikhumo le dikgomo tsa ga rraagwe go ya ka ngwao ya bojaboswa ya Herero.Pele o ne a na le botsalano jo bo siameng le batsamaisi ba kolone ba Germany ka fa tlase ga ga Theodor Leutwein. Le fa go ntse jalo, mathata a ne a golela pele, a akaretsa ditlhaselo tsa balemi ba ma Jeremane, le tiriso ya lefatshe la BaHerero go aga diporo, tse tsotlhe di ne tsa baka tshenyego ya botsalano. A šhakgaditswe ke go tlhoka go tshwarwa sent ga BaHerero ke batsamaisi ba kolone ba Germany, ba ba neng ba bona merafe e le pereko ya madi a a kwa tlase a letsela le dijalo tse dingwe, Maharero o ne a rulaganya tsuologo mo sephiring, le magosi a mangwe kgatlhanong le boleng teng jwa maJeremane, le ntswa a ne a its ka se se leng kgatlhanong le ene. Mo lokwalong lo lo itsegeng thata lo lo kwaletsweng Hendrik Witbooi, kgosi ya BaNama, Maharero o ne a batla go aga botsalano le merafe e mengwe, a re ba swe ba ntse ba lwa.[3]
Ntwa kgatlhanong le ma Jeremane
[fetola | Fetola Motswedi]
Ditlhaselo tsa pele mo tsuologong di simologile ka Firikgong a le lesome le bobedi ngwaga wa 1904, ba ne ba atlega, ba bolaya ma Jeremane a le lekgolo masome a mabedi le boraro, bontsi e le ba ba nang le lefatshe (Maharero o ne a ntshitse taolo ya gore masole a gagwe a seka a gobatsa Maburu, Makgoa, barongwa le batho basweu ba bangwe ba eseng ma Jeremane).[4] Ka Firikgong a le lesome le bone, batlhasedi ba BaHerero ba ba neng ba pagame dipitse ba ne ba goroga kwa Omarasa, maemelo a Waldau le Waterberg a senngwa. Lefelo la sesole la Waterberg le ne le nniwa ke BaHerero le masole otlhe a a neng ale mo taolong ya ga Gustav Rademacher ba ne ba bolawa. Maharero o ne a letla barongwa le palo potlana ya basadi le bana go ya Okandja ba sa lopiwe sepe. Ba ne ba goroga koo ka Moranang a le malatsi a mane ngwaga wa 1904. K a Firikgong a le lesome le borataro, motsana wa Gobabis o ne wa tlhaselwa, kompone ya ma Jeremane ya sesole ya senngwa gaufi le Otjiwarongo. Morago ga tatlhegelo e, Leutwein o ne a emelwa kwa Lothar van Trotha go nna moeteledipele wa sesole, o o tsileng ka mephato ya masole a le dikete di le lesome le botlhano. Masole a BaHerero a ne a fenngwa ke masole a bokolone, a dirisa dibetsa tse di tlhabologileng kwa ntweng ya WaterBerg ka Phatwe a le lesome le motso ngwaga wa 1904, BaHerero ba ba setseng(ba akaretsa basadi, bana le bagodi) ba ne ba kgweelediwa kwa sekakeng kwa kgaolong ya Omaheke. Dikete di le masome tsa BaHerero ba ne ba tlhokafala ka ntlha ya tlala, lenyora le malwetsi. Ba ba neng ba leka go ineela ba ne ba thuntshiwa. Morago ga lefatshe la Berlin le sena go dira ditlhatlhobo, ba ba neng ba falotse mme ba tshwerwe ba ne ba romelwa kwa dikampeng tsa bontsi kwa Shark Island.
Maharero o ne a atlega mo go eteleleng pele batho ba ka nna sekete go ya kwa Bechuanaland Protectorate (kwa e leng Botswana gompieno). O ne a tswelela a nna moeteledipele wa BaHerero ba ba tshabileng, a nna sedirisiwa sa botlhokwa sa ga Sekgathole Letsholathebe, kgosi ya kwa bokone jwa Bechaunaland.
Samuel Maharero o tlhokafaletse koo ka Mopitlo ngwaga wa 1923, mmele wa gagwe wa bolokwa ka nakwana kwa Bechuanaland.[5] Ka Phatwe a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 1923, mmele wa gagwe o ne wa busediwa kwa Okahandja a bolokwa mo moletlong go bapa le borragwemogolwagolwane, moletlo o BaHerero ba tsweletse ba a o ipelela gompieno o bidiwa letsatsi la BaHerero.
Go lemogiwa
[fetola | Fetola Motswedi]Samuel Maharero ke mongwe wa bagaka ba robabongwe ba Namibia ba ba neng ba supiwa kwa go tlhomiweng semmuso ga segopotso sa bagaka gaufi le Windhoek. Tautona Sam Nujoma o ne a bua jaana ka Phatwe a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 2002:
Kgosi Samuel Mahare
Kgosi Samuel Maharero o simolotse go dira dithulaganyo tsa tsuologo kgatlhanong le batsamaisi ba kolone ba Germany le banni ba lefatshe le ba Germany. Ka jalo, ka Firikgong ngwaga wa 1904 tsuologo e ne ya simolola, le ntwa ya Ohamakari gaufi le dithaba tsa Ohamakari. Nonofo ya sesoe sa gagwe e ne ya gwetlha masole a Jeremane go romela bathusi ka fa tlase ga ga General Lotha von Trotha o a neng a ganyaola basadi botlhe, bana le bagodi. Re isa tlotla ya rona kwa moweng wa gagwe.[6]
Maharero o supediwa tlotla ka letlapa le le kwadilweng leina lagagwe le senepe sa gagwe.[7]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Nils Ole Oermann (1999). Mission, Church and state relations in South West Africa under German rule (1884-1915). F. Steiner. ISBN 351507578X. OCLC 611198756.
- ↑ Pool, Gerhardus (1991). Samuel Maharero. Gamsberg Macmillian.
- ↑ Gewald, Jan-Bart, Herero Heroes: A Socio-political History of the Herero of Namibia, 1890-1923, London: James Curry Ltd (1999), ISBN 0852557493, p. 156
- ↑ Chalk, Frank Robert (1990). The history and sociology of genocide : analyses and case studies. Jonassohn, Kurt., Montreal Institute for Genocide Studies. New Haven: Yale University Press. ISBN 0300044461. OCLC 20422757.
- ↑ Silvester, Jeremy, ed. (13 July 2015). Re-viewing resistance in Namibian history. African Books Collective. ISBN 9789991642284. OCLC 961903227.
- ↑ Nujoma, Sam (26 August 2002). "Heroes' Acre Namibia Opening Ceremony - inaugural speech". via namibia-1on1.com.
- ↑ Nujoma, Sam (26 August 2002). "Heroes' Acre Namibia Opening Ceremony - inaugural speech". via namibia-1on1.com.