Samuel O. Outlule
Samuel Otsile Outlule (yo o tshotsweng ka di 8 tsa Phukwi 1957) e ne e le Moemedi wa sennelaruri (Ambassador) wa Botswana go ya kwa Ditšhabeng tse di Kopaneng go tloga ka ngwaga wa 2005 go fitlha ka 2010. O ne a itshupa mo go Mokwaledi-Kakaretso wa Mokwaledimogolo wa Ditšhabakopano ka di 18 tsa phalane 2005, a emisetsa Alfred M. Dube.[1]
O ne a kile a nna le maemo kwa Lephateng la Botswana la Merero ya Dinaga di Sele, mme a nna Motlatsamokaedi wa Aforika le Botlhabagare ka ngwaga wa 1997 le Mokaedi wa Dikamano tsa Boditšhabatšhaba ka ngwaga wa 1999. Ka Ngwanatsele 2000, o ne a nna Mokwaledi wa Kabinete le Mokwaledi wa ga Tautona Festus Mogae wa Poraefete.[1]
Outlule o ne a direla jaaka PS kwa Lepateng la Bosha, Metshameko le Setso dikgwedi di le mmalwa ka 2010, mme a tlhomiwa go nna Moemedi yo mosha wa Botswana go ya kwa Kopanong ya Yuropa ka Ngwanatsele 2010, a emisetsa T. Modise. Gape o tla newa tetlelelosemmuso kwa Belgium, Jeremane le Fora.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "NEW PERMANENT REPRESENTATIVE OF BOTSWANA PRESENTS CREDENTIALS", United Nations Press Release BIO/3708, 18 October 2005