Jump to content

Sandra Ndebele

Go tswa ko Wikipedia

Sandra Ndebele ke moopedi, mmini le diragatsi wa ka [[Zimbabwean]].

Ndebele o simolotse go nna le seabe mo botaking jwa go tshameka fa a sa ntse a le kwa sekolong mme moragonyana a nna leloko la setlhopha sa IYASA se a neng a tsamaya le sone lefatshe ka bophara. Moragonyana o ne a golola alebamo ya gagwe ya dipina di le 10 ka 2003. O ne a tswelela go tshameka kwa ditiragalong tse di farologaneng le bataki ba bagolo jaaka Oliver Mtukudzi le Alick Macheso. Metshameko ya gagwe ya go bina e ne ya dira gore a ratwe ke batho ba le bantsi le fa bangwe ba ne ba tshwenngwa ke gore metshameko ya gagwe e ne e tsosa maikutlo a tlhakanelo dikobo e bile e supa maikutlo a tlhakanelo dikobo. Di-single tsa gagwe, Malaika le Mama e ne e le tse di ratwang thata ke babogedi. O ne a tswelela go golola dipina le dialebamo tse dingwe tse dintsi. O ne a fetola leina la gagwe ka 2019 mme a batla batantshi ba baša go ikamanya le setlhopha sa gagwe fa a ntse a ipaakanyetsa alebamo e ntšhwa. [3] Mo dingwageng tse di fetileng Ndebele o dirisane le diopedi tse di farologaneng go akaretsa Jah Prayzah mo pineng ya lorato e e bidiwang Mushona neMuNdevere.[ O ne gape a dira le batho ba ba tshwanang le Ammara Brown, Sulumani Chimbetu le Somandla Ndebele. Bosheng jaana go ne ga begwa gore Sandra Ndebele o tlaa tshameka mo filiming ya Netflix, The Bad Bishop e e tla gatisiwang mo Afrika Borwa. [5]

[1] "Sandra Ndebele". Music In Africa (in French). 3 July 2015. Retrieved 4 December 2021.

[2] "Raunchy dance to sell Zimbabwe culture". 24 January 2007. Retrieved 3 December 2021.

[3] "Sandra Ndebele hints at comeback". The Standard. 21 February 2016. Archived from the original on 3 December 2021. Retrieved 3 December 2021.

[4] Chronicle, The. "Jah Prayzah, Sandra collaborate". The Chronicle. Retrieved 3 December 2021.

[5] "Sandra Ndebele, Madam Boss To Star In SA Netflix Movie". NewZimbabwe.com. 23 July 2021. Retrieved 3 December 2021.