Jump to content

Sankie Mthembi-Mahanyele

Go tswa ko Wikipedia
Sankie Mthembi-Mahanyele
Mothusa mokwaledi wa African National Congress
In office
Morule 2002  Morule 2007
PresidentThabo Mbeki
Pele Ga GagweThenjiwe Mtintso
Morago Ga GagweThandi Modise
Tona wa matlo
In office
1995–2003
PresidentNelson Mandela Thabo Mbeki
Pele Ga GagweJoe Slovo
Morago Ga GagweBridgitte Mabandla
Ka Ga Ena
O tsetsweSankie Dolly Mthembi
Mopitlo a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 1951
Sophiatown Johannesburg Transvaal Union of South Africa
MokgatlhoAfrican National Congress
Mo/BakapeloWinston Nkondo Mohale Mahanyele
BanaNare

Sankie Dolly Mthembi-Mahanyele ( o a neng a fana ka Mthembi pele; o o tshotsweng ka Mopitlo a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 1951) o pele a neng a itsege ka leina la Sankie Mthembi-Nkondo kgotsa Sankie Nkondo, ke mopolotiki, moemedi le molweladitshwanelo o o kgatlhanong le puso ya tlhaolele. E ne e le tona wa matlo go tswa ka 1995 go tsena 2003, o berekile gape e le mothusa mokwaledi-mogolo wa African National Congress (ANC) go tswa ka 2002 go tsena 2007.

Botshelo jwa a le mmotlana le go lwela ditshwanelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Mthembi-Mahanyele o tshotswe ka Mopitlo a le masome mabedi le boraro kwa Sophiatown kwa Johannesburg[1], ngwaga wa 1951.[2] O alogile mo dithutong tsa matric kwa Sekane-Ntoane High School kwa Soweto ka 1970 a ya go tsena sekolo se segolwane se se tlwaelesegileng ka diphuduego tsa polotiki sa University of the North, a aloga ka bachelor's degree ka 1976.[2]

Morago ga go aloga, Mthembi-Mahanyele o ne a tshabela kwa ntle le African National Congress (ANC), e e neng e thibeletse kwa Lusaka,Zambia. E ne e le mmegadikgang wa Radio Freedom a bereka ka fa tlase ga ga Thabo Mbeki mo lephateng la dikgang tsa mafatshe a sele la ANC.[3] Ka nako e (le morago),[4] o ne a kwala buka ka leina la sephiri la Rebecca Matlou.[5][3]

Tiro ya gagwe fa e sale ka puso ya tlhaolele

[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga phelelo ya puso ya tlhaolele ka 1994, o ne a tlhomiwa mothusa tona wa pabalesego mo pusong ya Aforika Borwa, ka fa tlase ga tautona Nelson Mandela.[3] O ne a emela ditlhopho tsa mothusa mokwaledi mogolo wa ANC kwa bokopanong jwa masome mane le borobabongwe ka Morule 1994, mme le ntswa go ne go dumelwa fa a ne a na le kemo nokeng ya ga Mandela,Mbeki le Jacob Zuma, o ne a latlhegelwa ke ntlhopheng wa lekalana le le mo molemeng Cheryl Carolus.[3]

Morago ga loso lwa ga Joe Slovo, o ne a nna tona wa matlo go tswa ka 1995 go tsena 2003, a bereka ka fa tlase ga ga Mandela le motlhatlhami wa gagwe Mbeki.[6] Ka 1999, o ne a sekisa pampiri ya dikgang ya Mail & Guardian a e sekisetsa go mo senya leina,    mabapi le magatwe a pampiri eo ka Morule 1998 a gore Mthembi-Mahanyele o neetse tsala ya gagwe konteraka ; kgotlatshekelo ya ikuelo e ne ya dumalana le ya Johannesburg gore pego e o ga se tshenyo leina.[7][8] Ka 2003, o ne a fenya seetsele go tswa kwa United Nations Habitat ka tiro ya gagwe ya maemo a matlo.[9]

Pereko ya morago

[fetola | Fetola Motswedi]

Go ithola marapo ga ga Mthembi-Mahanyele mo palamenteng go ne ga sala morago ga go tlhophiwa ga gagwe jaaka mokwaledi mogolo wa ANC kwa bokopanong jwa masome matlhano le motso ka Morule 2002.[10] O nnile mo maemong ao go fitlhelela ka bokopano jwa masome matlhano le bobedi ka Morule 2007, fa a ne a sa emela ditlhopho. Mo dingwageng tse di fa moragonyana, o ne a bereka e le modulasetilo wa letlole la kgothetso la Aforika Borwa go tswa ka Tlhakole 2012 go fitlhelela a ithola marapo ka 2015.[11][12] E ne e le moemedi wa Aforika Borwa kwa Switzerland go tswa ka 2018 go tsena 2022[13], fa a tlhomiwa moemedi kwa Spain.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa a tshabile, Mthembo-Mahanyele o ne a nyalwa ke Zinjiva Winston Nkondo, a itsewe ka leina la Sankie Mthembi-Nkondo. Nkondo o ne gape e le molweladitshwanelo wa ANC le mokwadi (a dirisa leina la sephiri la Victor Matlou);[14] ba ne ba kgaogana.[15] Ka 1996, Mthembi-Mahanyele o ne a nyalwa ke Mohale Mahanyele (o o tshotsweng ma 1939 a tlhokafala ka 2012) e le mogwebi.[16] Ba ne ba na le ngwana wa mosetsana a le nosi, o o bidiwang Nare.[17]

  1. Women Marching Into the 21st Century: Wathint' Abafazi, Wathint' Imbokodo. HSRC Press. 2000. p. 84. ISBN 978-0-7969-1966-3.
  2. 1 2 "Sankie Dolly Mthembi-Mahanyele, Ms". South African Government. Retrieved 24 November 2025
  3. 1 2 3 4 Gevisser, Mark (20 January 1995). "The poet with a politician's instincts". The Mail & Guardian. Retrieved 24 November 2025
  4. "Healing from the armed struggle through poetry and prose". Rhodes University. 21 July 2011. Retrieved 24 November 2025
  5. Narismulu, Gayatri Priyadarshini (1998). Locating the popular-democratic in South African resistance literature in English, 1970-1990 (PhD thesis). University of KwaZulu-Natal.
  6. "A Tearful Exit for Outgoing Housing Minister". allAfrica. 24 February 2003. Retrieved 24 November 2025
  7. Milo, Dario (1 January 2005). "The cabinet minister, the Mail & Guardian, and the report card : the Supreme Court of Appeal's decision in the Mthembi-Mahanyele case : notes". South African Law Journal. 122 (1): 28–43. hdl:10520/EJC53619.
  8. "It's an F, Sankie, and that's final". The Mail & Guardian. 2 August 2004. Retrieved 24 November 2025
  9. "UN awards ANC's leader". News24. 5 October 2003. Retrieved 24 November 2025
  10. "51st National Conference: National Executive Committee as elected". African National Congress. Archived from the original on 9 November 2021. Retrieved 24 November 2025
  11. "New PetroSA CEO welcomed". South African Government News Agency. 19 November 2012. Retrieved 24 November 2025
  12. "Sankie Storms Out The Door". Africa Oil+Gas Report. 10 September 2015. Retrieved 24 November 2025
  13. "Refugees, xenophobia in SA top agenda for Western Govts - Ambassador Sankie Mthembi-Mahanyele". BizNews. 22 January 2020. Retrieved 24 November 2025
  14. Narismulu, Gayatri Priyadarshini (1998). Locating the popular-democratic in South African resistance literature in English, 1970-1990 (PhD thesis). University of KwaZulu-Natal.
  15. Gevisser, Mark (20 January 1995). "The poet with a politician's instincts". The Mail & Guardian. Retrieved 24 November 2025
  16. Barron, Chris (16 September 2012). "Mohale Mahanyele: pioneer of BEE ended career under a cloud". Sunday Times. Retrieved 24 November 2025
  17. Monama, Tebogo (12 September 2012). "Mahanyele is no more". Sowetan. Retrieved 24 November 2025