Jump to content

Sara Blakely

Go tswa ko Wikipedia

Sara Treleaven Blakely[1](o tshotswe ka kgwedi ya Tlhakole a le masome a mabedi le bosupa (27) ka ngwaga wa 1971) ke mosadi wa kgwebo wa kwa Amerika ebile ke motho yo o ratang go thusa ba bangwe. O ne a tlhoma Spanx, khampani ya diaparo tse di nang le borokgwe le di leggings, kwa Atlanta, Georgia.[2] Ka ngwaga wa 2012, Blakely o ne a bidiwa ka leina la gagwe mo Time magazine's "Time 100" annual list of the 100 most influential people in the world.[3]Ka ngwaga wa 2014, o ne a kwalwa jaaka mosadi wa bo 93 wa maatla go gaisa mo lefatsheng ke Forbes.[4]

Botshelo le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Blakely o tshotswe ka kgwedi ya Tlhakole a le masome a mabedi le bosupa (27), ka ngwaga wa 1971, kwa Clearwater, Florida. Ke morwadia Ellen (née Ford), motaki, le mmueledi wa dikgobalo tsa mmele John Blakely. O na le kgaitsadie, motaki Ford Blakely.[5][6]O tsene sekolo kwa Clearwater High School mme a aloga kwa Florida State University ka dikirii ya tlhaeletsano,[5] kwa a neng a le leloko la Delta Delta Delta sorority.[7]

Tiro ya gagwe ya pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Le fa gone Blakely a ne a ikaeletse go nna mmueledi, o ne a fetola mogopolo wa gagwe morago ga go bona maduo a a kwa tlase thata mo tlhatlhobong ya go amogelwa mo Sekolong sa Molao; go na le moo, o ne a amogela tiro kwa Walt Disney World kwa Orlando, Florida, kwa a neng a bereka teng dikgwedi di le tharo. Gape o ne a dira jaaka motshameki wa metlae ka dinako tse dingwe mo nakong eno.[5]

Morago ga nako e khutshwane a le kwa Disney, Blakely o ne a amogela tiro kwa khampaning ya dilwana tsa ofisi ya Danka, koo a neng a rekisa metšhini ya fekese ka ntlo le ntlo.[5]O ne a atlegile thata mo go rekiseng mme a tlhatlosediwa maemo a go nna motlhatlheledi wa thekiso wa bosetšhaba a le dingwaga di le 25.[5]O ne a patelesega go apara di-pantyhose mo maemong a bosa a Florida a a mogote ka ntlha ya tiro ya gagwe ya go rekisa, Blakely o ne a sa rate tsela e leoto la gagwe le neng le lebega ka yone fa a ne a apere ditlhako tse di nang le menwana e e bulegileng mme o ne a rata tsela e mmotlolo wa gagwe o neng o tlosa mela ya di-pantyhose mme o dira gore mmele wa gagwe o lebege o nonofile. [5] Ka go ya kwa phathing ya poraefete, o ne a lekeletsa ka go kgaola maoto a gagwe a di pantyhose fa a ntse a di apere ka fa tlase ga borokgwe jo bosha mme a fitlhela gore di pantyhose di ne di nna di phutholola maoto a gagwe, mme gape o ne a fitlhelela maduo a a neng a a batla.[5]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2008, Blakely o nyetse Jesse Itzler, [8]mothei-mmogo wa Marquis Jet.Mmogo, ba na le bana ba le bane. [9] O sokologetse mo Sejudeng.[10]

  1. "VoterRecords". Archived from the original on April 20, 2019.
  2. Wes Moss (September 2, 2008). Starting From Scratch: Secrets from 22 Ordinary People Who Made the Entrepreneurial Leap. Kaplan Publishing. pp. 77–86. ISBN 978-1-4277-9828-2. Archived from the original on January 3, 2014. Retrieved January 29, 2013.
  3. Couric, Katie (April 18, 2012). "The 100 Most Influential People in the World". Time. Archived from the original on August 13, 2012. Retrieved August 15, 2012.
  4. "The World's 100 Most Powerful Women". Forbes. Archived from the original on June 22, 2019. Retrieved June 26, 2014.
  5. 1 2 3 4 5 6 7 O'Connor, Clare. "How Sara Blakely of Spanx Turned $5,000 into $1 billion". Forbes. Retrieved April 8, 2024
  6. My Bay City: "Billionaire Spanx Founder Sara Blakely Has Bay City Connection" by Dave Rogers Archived 2017-11-07 at the Wayback Machine March 20, 2012 | "Sara's mother is Ellen Ford, the only child of Charles Kelton and Morrow Weber Ford, of Bay City. Ellen married attorney John Blakely after her graduation from the University of Michigan. She and John Blakely, who are divorced, also have a son, Ford Blakely. Ford Blakely is an entrepreneur in California "
  7. Sanders, Triston V. (September 1, 2007). "Behind the Seams". Tallahassee Magazine. Archived from the original on October 21, 2013. Retrieved January 29, 2012.Sanders, Triston V. (September 1, 2007). "Behind the Seams". Tallahassee Magazine. Archived from the original on October 21, 2013. Retrieved January 29, 2012.
  8. Eldredge, Richard L. (July 30, 2008). "Spanx CEO books resort for wedding". The Atlanta Journal-Constitution.
  9. The Wall Street Journal (New York): "A Day in the Life of Spanx's Founder Sara Blakely" by Christopher Ross Archived 2014-10-22 at the Wayback Machine August 14, 2014
  10. Singer, Jenny (July 12, 2018). "These Are America's Richest Self-Made Jewish Women". Jewish Daily Forward. Archived from the original on December 25, 2019.