Jump to content

Sarah Calburn

Go tswa ko Wikipedia

Sarah Katherine Calburn, yo o itsegeng thata ka leina la Sarah Calburn, (yo o tshotsweng ka kgwedi ya Motsheganong e le lesome ka ngwaga wa 1964) ke moagi wa moaferika borwa.[1][2]

Ka ga gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Sarah Calburn o tsholetswe kwa Johannesburg kwa a tseneng sekolo kwa Roedean School, a fetsa ka 1981. O ithutile tsa boagi kwa University of the Witwatersrand, a aloga ka 1987, mme ka 1996 o ne a abelwa digrata tsa gagwe tsa Masters morago ga dipatlisiso tsa gagwe kwa Royal Melbourne Institute of Technology kwa Australia. Ka ngwaga one o o gape o ne a simolodisa lekalana la kago kwa Johannesburg.[3]

Calburn o berekile ele moagi kwa Paris, Hong Kong, Sydney le Melbourne. Go taleletsa ditiro tse dintsi tsa kago, o ne a rulaganya kago ya Momo art gallery ya Johannesburg. O direla gape le komiti ya Gauteng Institute for Architecture ebile e ne ele motsamaisi wa thulaganyo ya ArchitectureZA 2010, South African Architectural Biennale ya ntlha e e diretsweng tlhabololo ya senjwalengjwale ya Johannesburg. Calburn gape o rutile kwa University of the Witwatersrand, the University of Cape Town and RMIT Melbourne.[1]

Ka Sedimonthole wa 2010, ene le moagi Dustin A. Tusnovics, Sarah Calburn a fenya sekgele sa boraro mo kgaisanong ya Urbaninform Design kwa Zurich, Switzerland, ka tiro ya bone ya Taking the Gap. Baatlhodi ba ne ba akgela mo thulaganyong ya yone e e kwenneng, ba e kaya e le maitlamo a a tlhokafalang thata mo go tsa kago ya selegae kwa South Africa.[4]

  1. 1 2 "Book of South African Women: Architects", Mail and Guardian online, 3 August 2009. Retrieved 11 February 2012.
  2. "The Team", Sarah Calburn Architects. Retrieved 11 February 2012.
  3. "Sarah Calburn – Matric Class 1981", Roedean School. Retrieved 11 February 2012.
  4. "urbaninform Competition : Architecture Contest", e-architect. Retrieved 11 February 2012.