Seitlhamo
Seitlhamo | |
|---|---|
| Leso | 1795 Dithejane |
| Title | Kgosi ya Bakwena |
| Term | 1785 go tsena 1795 |
| Predecessor | Motswasele I |
| Successor | Legwale |
| Bana | Legwale Mooketse |
| Batsadi(s) |
|
Seitlhamo (o o tlhokafetseng ka ngwaga wa 1795) e ne e le kgosi ya morafe wa Bakwena. O busitse go tswa ka nako ya loso lwa ga rraagwe ebong Motswasele I ka ngwaga wa 1785 go fitlhelela ene a tlhokafala ka 1795. O ne a tlhatlhamiwa ke ngwana wa gagwe Legwale.
Botshelo
[fetola | Fetola Motswedi]Seitlhamo e ne e le ngwana wa ga Motswasele I o e neng e le kgosi ya Bakwena.[1] O ne a le boikanyego mo go rraagwe, a diragatsa dikeletso tsa gagwe ebile a gana go tsaya taolo fa rraagwe a ne a le bokoa mo dingwageng tsa gagwe tsa bogodi.[2] Mo botshelong jwa gagwe, Seitlhamo o lole dintwa di le mmalwa kgatlhanong le Bangwaketse,[1] ba Bakwena ba neng ba nna fela ba lwantshana le bone ka nako ya ga Seitlhamo.[3]
Seitlhamo o nnile kgosi ka ngwaga wa 1785.[3][4] Ka nako e, o ne a setse a le mo dingwageng tsa bogodi. Fa a le kgosi, o ne a fuduga mo morafeng wa Bakwena kwa Shokwane a ya Dithejane, kwa e neng e le legae la Bakwena ka nakwana ka nako ya puso ya ga rraagwe.[1] Kgabo Tebele o tlhalositse Seitlhamo e ne e le moeteledipele o o pelo telele, fa a tshwantshanngwa le ba a neng a ba tlhatlhama.[2]
Loso le boswa
[fetola | Fetola Motswedi]Seitlhamo o ne a bolawa mo tlhaselong ya Bangwaketse ka ngwaga wa 1795. Go begilwe fa tlhaselo e diragetse morago ga ngwana wa ga Seitlhamo o mmotlana ebong Mooketse a sena go kopana le kgosi ya Bangwaketse a mmolelela gore Dithejane o tlaa bo a sa sireletsega leng. Seitlhamo o ne a tlhatlhamiwa ke morwa wa gagwe Legwale.[1] Go pagama setilo sa bogosi ga ga Legwale go ne ga ganediwa ke ngwana o mongwe wa ga Seitlhamo wa mosimane ebong Tshosa. Maagwe Legwale e ne e le mosadi wa ntlha wa ga Seitlhamo, se se dira gore Legwale e nne ene o o latelang mo bogosing, mme mmaagwe Tshosa, o e neng e le mosadi o mongwe wa ga Seitlhamo, o ne a belege pele.[2] Motlhatlhami wa ga legwale, ebong ngwana wa ga Seitlhamo Maleke, o ne a etelela pele tlhaselo kgatlhanong le Bangwaketse go busolosetsa loso lwa ga Seitlhamo.[1]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 5 Schapera, I (1980). "Notes on the early history of the Kwena (Bakwena-bagaSechele)". Botswana Notes and Records. 12: 83–87. ISSN 0525-5090. JSTOR 40980796.
- 1 2 3 Ramsay, Jeff (13 June 2016). "The Orphan And The Ants Part 10 Kgosi Seitlhamo". Mmegi Online. Retrieved 24 September 2025.
- 1 2 Morton, Fred (4 July 2017). "To Die For: Inherited Leadership ( Bogosi ) Among the Tswana Before 1885". Journal of Southern African Studies. 43 (4): 699–714. doi:10.1080/03057070.2017.1309838. ISSN 0305-7070.
- ↑ Stevens, Richard P. (1975). Historical Dictionary of the Republic of Botswana. The Scarecrow Press Inc. ISBN 0-8108-0857-9.