Jump to content

Sekepe sa makgoba

Go tswa ko Wikipedia
Moalo wa sekepe sa makgoba sa Borithane sa Brookes, se se bontshang kafa makgoba a le makgolo a mane le masome a matlhano le bone a neng a tsenngwa ka gone mo sekepeng morago ga Molao wa Kgwebisano ya Makgoba wa 1788. Go begwa gore sone sekepe se se ne se rwele makgoba a ka nna makgolo a marataro le metso e ferabongwe mme se ne se le morwalo wa ditone di le makgolo a mabedi le masome a marataro le bosupa, se dira makgoba a le 2,3 ka tone.[1] E gatisitswe ke Mokgatlho wa go fedisa kgwebo ya makgoba

Dikepe tsa makgoba e ne e le dikepe tse dikgolo tsa dithoto tse di neng di agilwe kgotsa di fetotswe ka tsela e e kgethegileng go tloga ka ngwagakolo wa bolesome le bosupa go ya go wa bolesome le boferabongwe go tsamaisa makgoba. Dikepe tse di jalo di ne di itsege gape jaaka "Guineamen" ka gonne kgwebo e ne e akaretsa go gweba ka batho go ya le go boa kwa lotshitshing lwa Guinea mo Aforika Bophirima.[2]

Kgwebo ya makgoba kwa Atlantic

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo tshimologong ya ngwagakgolo wa bolesome le bosupa, dingwaga di feta lekgolo morago ga go goroga ga Bayuropa kwa Amerika,[3] go batlega ga badiri ba ba sa duelweng go bereka masimo go ne ga dira gore go gweba ka makgoba e nne kgwebo e e nang le dipoelo. Kgwebo ya makgoba ya Atlantic e ne ya fitlha kwa setlhoeng mo dingwageng di le masome a mabedi tsa bofelo tsa ngwagakgolo wa bolesome le boferabobedi, ka nako ya Ntwa ya Selegae ya Kongo le morago ga yone.[4]

Go tlhomamisa gore beng ba dikepe tseno ba ne ba bona dipoelo, ba ne ba kgaoganya dikarolo tsa tsone go nna ditshodi tse di nang le sebaka se sennye sa tlhogo, gore ba kgone go tsamaisa makgoba a le mantsi ka mo go ka kgonegang ka gone. Maemo a a seng bophepa, go tlhoka metsi mo mmeleng, dysentery, le scurvy di ne tsa baka seelo se se kwa godimo sa dintsho, ka palogare ya 15%[5] le go fitlha go nngwetharong ya batshwarwa. Gantsi dikepe tseno di ne di rwala makgoba a le makgolokgolo, a a neng a bofilwe ka dikeetane thata mo malaong a mapolanka. Ka sekai, sekepe sa makgoba sa Henrietta Marie se ne se rwala makgoba a ka nna makgolo a mabedi mo Tseleng e telele ya Middle Passage. Ba ne ba tswaletswe mo dithotong, lekgoba lengwe le lengwe le bofilwe ka dikeetane mme le na le phatlha e nnye fela ya go suta.[6]

Ditsela tse di botlhokwa thata tsa dikepe tsa makgoba di ne di tswa kwa mabopong a bokone-bophirima le bophirima jwa Afrika go ya kwa Amerika Borwa le lebopo la borwa-botlhaba jwa se gompieno e leng Amerika, le Caribbean. MaAforika a ka nna didikadike di le masome mabedi a ne a rwalwa ka dikepe.[7] Go tsamaisiwa ga makgoba go tswa kwa Aforika go ya kwa Amerika go ne go itsege jaaka Tsela e e Fa Gare ya kgwebo ya khutlotharo.

  1. Walvin 2011, p. 27. E nopotswe Seetebosigo a ferabobedi ka 2025.
  2. "Guineaman" at Oxford English Dictionary; E nopotswe Seetebosigo a ferabobedi ka 2025.
  3. Native Americans Prior to 1492. Historycentral.com. E nopotswe Seetebosigo a ferabobedi ka 2025.
  4. Thornton, John (1998). Africa and Africans in the Making of the Atlantic World, 1400–1800 (2nd ed.). New York: Cambridge University Press. pp. 304–5. ISBN 978-0-521-62217-2. E nopotswe Seetebosigo a ferabobedi ka 2025.
  5. Mancke, Elizabeth and Shammas, Carole. The Creation of the British Atlantic World. 2005, pages 30–1 E nopotswe Seetebosigo a ferabobedi ka 2025.
  6. "History: The Middle Passages". The Middle Passage – A Slave Ship Speaks: The Wreck of the Henrietta Marie. Mel Fisher Maritime Heritage Society, Inc. Archived from the original on 9 November 2007. E nopotswe Seetebosigo a ferabobedi ka 2025.
  7. Shillington, Kevin (2007). "Abolition and the Africa Trade". History Today. 57 (3): 20–27.