Sekgele sa Poelano
Setheo sa Aforika Borwa sa Bosiamisi le Poelano se neetse Kabo ya Poelano ya ngwaga le ngwaga go motho ka bongwe, setšhaba kgotsa mokgatlho mo Aforika Borwa o o nnileng le seabe, ka tsela nngwe kgotsa e nngwe, mo poelanong. Awate eno e ntse e abiwa go tloga ka 2000-2021. Ka awate eno Setheo se rata go akgola le go bontsha mekgwa le maano a baamogedi ba one a go kgontshang go boelana, e ka tswa a simolotse mo makaleng a dipolotiki, metswedi ya dikgang, kgwebo, setso, le thuto kgotsa tirelosetšhaba. Awate eno e abiwa ke motshegetsi wa Setheo seno Mobishopomogolo Emeritus Desmond Tutu.
Ditlhokego tsa batlhophiwa
[fetola | Fetola Motswedi]Go tlhophiwa ga motho kgotsa mokgatlho go tshwanetse ga ikaega ka diphitlhelelo tse di fitlheletsweng kgotsa tiro e e dirilweng mo lephateng lepe la setšhaba sa Aforika Borwa go fitlha le go akaretsa ngwaga o o fetileng (2011). Se se raya gore e ka tsaya lobaka lo loleele mme e tshwanetse go akaretsa ngwaga o o fetileng. Diphitlhelelo kgotsa tiro ya batlhophiwa e tshwanetse go nna e e kgethegileng, ka gore di feta pitso ya tiro mme di na le boitshimololedi. Motlhophiwa o tshwanetse a bo a nnile le seabe se segolo mo kgopolong ya tsela ya poelano le mo poelanong mo lephateng/bokaong jo a dirang matlhagatlhaga mo go jona. Motho yo o tlhophilweng o tshwanetse go neelana ka bosupi jo bo tshelang jwa mekgwa ya temokerasi, go akaretsa le go tlhoka tirisodikgoka, mo botshelong jwa setšhaba le jwa poraefete. Motho yo o tlhophilweng o tshwanetse go neela bosupi jo bo tshelang jwa go rotloetsa mekgwa e e kwadilweng mo Molaotheong wa rona. Batho ba ba tlhophilweng ba ka tswa mo maemong otlhe a botshelo. Se se raya gore motho/batho/mokgatlho o ka tswa mo lephateng lengwe le lengwe. Batlhophiwa ba tshwanetse go nna mo Aforika Borwa (le fa ba sa tlhoke go bo ba tsholetswe fano) mme tiro ya poelano e tshwanetse go amana le diphitlhelelo mo Aforika Borwa. Tlhokeho ena e behilwe dikarolo tsa dithulaganyo tsa tshebeletso tsa tshebetso ya ho aba. Motho kgotsa mokgatlho ga o kake wa mo tlhopha ka bobone. Go letleletswe fela tlhopho e le nngwe ka motho. Go tlhokega gore go romelwe foromo e e tladitsweng ya tlhotlheletso le ya kopo.
Baamogedi
[fetola | Fetola Motswedi]Mo dingwageng tse di fetileng, batho ba ba latelang ba ne ba amogela sekgele sa Poelano:
2021: Bhekisisa Centre for Health Journalism[1] - 'Ka go nna le seabe se segolo mo go abelaneng tshedimosetso ka nako ya leroborobo la COVID-19 ka dipegelo tsa bone tsa dikgang.'
2012: The Socio-Economic Rights Institute[2] - 'Ka go tshola batswasetlhabelo ba Marikana le ba malapa a bona mo lenaneong la bosetšhaba.'
2011: Mme Olga Macingwane - 'Ka ntlha ya maitlamo a gagwe a a tswelelang pele a go agisana le setšhaba.'
2010: Dikopo tse di sa lekaneng
2009: Moatlhodi Albie Sachs - 'Ka go fitlhelela poelano ka botshelo le tiro ya gagwe.'
2008: Shine Centre - 'Go thusa, ka go ithaopa, baithuti ba ba simololang go ithuta go bala le go kwala.'
2007: Setšhaba sa Masiphumelele - 'Ka go tlhoma sekao mo go rotloetseng go itshokelana le batswakwa, le go leka go netefatsa seriti le tshiamiso go botlhe mo setšhabeng sa bone.'
2006: Ouma Grietjie Adams - 'Ka go tshwaraganya setšhaba mmogo mo khutsafalong, kgotlhang le moletlo.'
2005: Brigalia Bam - "Ka seabe sa gagwe mo go kgontsheng ditlhopho tsa kagiso tsa temokerasi"
2004: Mary Burton - 'Ka tiro ya gagwe kwa Black Sash le kwa mafelong a mangwe'
2003: Dullah le Farieda Omar - "Ka ntlha ya seabe sa bone mo thulaganyong ya TRC"
2002: PJ Powers le Sibongile Khumalo - 'Ka go opelana dipina'
2001: Pieter Dirk Uys - 'Ka go dira gore re kgone go itshega'
2000: Tim Modise - 'Ka go dira gore setšhaba se bue'
Bona gape
[fetola | Fetola Motswedi]- Lekalana la bosiamisi le poelano
- Desmond Tutu
- Tharabolo ya kgotlhang
Dikgokagano
[fetola | Fetola Motswedi]- IJR ijr.org.za. Retrieved 2014-04-04
Dikitso
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Kambule, Samantha. "Bhekisisa wins the 2021 Reconciliation Award for its role in reporting on the COVID pandemic". IJR. Retrieved 2022-04-08.
- ↑ "Socio-Economic Rights Institute of South Africa". seri-sa.org. Retrieved 14 January 2014.