Jump to content

Sekgoma I

Go tswa ko Wikipedia
Sekgoma I
Kgosi ya BaNgwato
Reign1834 go tsena 1957

1858 go tsena 1866

1873 go tsena 1875
PredecessorKhama II
SuccessorMacheng Khama III
TsaloPele ga ngwaga wa 1815
Leso1883
Mathatalesome le borataro, e akaretsa Khama III le Kgamane
RraagweKgari
MmagweDibeelane

Sekgoma I (1815 - 1883) e ne e le kgosi wa morafe wa BaNgwato mo makgethong a le mararo gareng ga dingwaga tsa 1834 le 1875. O tsere bogosi lantlha morago ga go tlhokafala ga ga monnawe ebong Khama II, Sekgoma o ne a ithola marapo ka ngwaga wa 1857 fa mojaboswa ebong Macheng a ne a boa. Sekgoma o ne a tshabela kwa morafeng wa BaKwena kwa Kgosi Sechele I a neng a mo fa masole, se se mo letla go tsaya setilo sa bogosi gape ka ngwaga wa 1858. O ne a lwantshana le bana ba gagwe ba basimane ebong Khama III le Kgamane ka dingwaga tsa 1860 fa ba ne ba tlhopha SeKeresete mo boemong jwa tumelo ya setso, a thankgolwa ke Macheng ka ngwaga wa 1866. Khama III o ne a busetsa Sekgoma mo setilong sa bogosi ka ngwaga wa 1873 mme a mo thankgola ka ngwaga wa 1875.

Botshelo jwa a le mmotlana

[fetola | Fetola Motswedi]

Sekgoma o tshotswe pele ga ngwaga wa 1815, e le ngwana wa ga Kgosi Kgari wa morafe wa BaKwena, le Dibeelane. E ne e le motsalwa le Khama II le Mokokong mo lotlhakoreng lwa ga rraabo.[1] Dibeelane e ne e le mosadi o mmotlana wa ga Kgari, se se raya gore Sekgoma e ne e se mojaboswa wa ga Kgari, le gore o ne a ka tsaya bogosi fela ka mojaboswa wa boammaruri,Macheng, a ne a seo kwa Matebeleland.[2]

Kgosi wa morafe wa BaNgwato

[fetola | Fetola Motswedi]

Sekgoma o ne a tlhatlhama monnawe Khama II e le kgosi wa BaKwena fa Khama a tlhokafala pele ga ngwaga wa 1834, mme a tlogelela Macheng setilo fa a boa ka ngwaga wa 1857.[1][2] Sekgoma o ne a ya kwa morafeng wa BaKwena, go bolelwa e le ka a ne a tshaba gore Macheng o ka nna a mmolaya, a buisana le kgosi ya BaKwena, Sechele I go mo fa mophato wa sesole. Sekgoma o ne a boa le masole a Bakwena ka ngwaga wa 1858 a tsaya bogosi mo go Macheng.[2] Puso ya kgatelelo ya ga Macheng, e e tshwanang le ya Matebele a kwa bokone kwa Matebeleland, e ne ya dira gore a seka a ratiwa ke batho ba maemo ba morafe wa BaNgwato ba bo ba gwetlha gore Sekgoma a boe.

Sekgoma o ne a buisana ka go tlhamiwa ga lefelo la borongwa le barongwa ba Hemmannsburg, o eteletswe pele ke Heinrich C. Schulenburg. o dirile se ka ngwaga wa 1859 morago ga gore Sechele le ene a buisane ka se mo morafeng wa BaKwena go itumedisa Maburu le go ba kganela go tlhasela.[3] Sekgoma o ne a etelela pele letsholo kgatlhanong le BaTswapong ba kwa Lerala, ba ba neng ba le ka fa tlase ga puso ya BaNgwato , ka dingwaga tsa 1860 morago ga gore ba fe Macheng lefelo la botshabelo. Se se ne sa fedisa taolo ya BaTswapong mo kgaolong eo.[4]

Sekgoma o ne a kopa thuso ya banna ba le mmalwa go ya kwa morafeng wa BaKwena ka ngwaga wa 1862 kwa ba neng ba ya go hutsa masimo a morafe oo, mme ba ne ba tshwarwa. Kgosi wa Bakwena Sechele o ne a ipusolosetsa ka ngwaga wa 1864 o ya fifing, fa a dira tlhaselo e e neng ya seka ya atlega kgatlhanong le morafe wa BaNgwato. [2]Sekgoma o ne a obamela melao ya tumelo ya setso, mme bana ba gagwe ba basimane ebong Khama III le Kgamane e ne e le BaKeresete ebile ba gana go tsaya karolo mo ngwaong ya bogwera. Sekgoma o ne a romela banna go hutsa Khama fa a gana ka ngwaga wa 1865, mme Khama o ne a sa dumele mo boselamoseng jo ba neng ba supa ba na le bone mo tumelong ya setso.[3] Kgotlhang e ne ya golela pele gore e bo e bake ntwa ya selegae ka ngwaga wa 1866,[3] mme Sekgoma o ne a thankgolwa mo bogosing ke Macheng ngwaga one oo. Ka ngwaga wa 1873, Sekgoma o ne a busediwa mo bogosing ke ngwana wa gagwe Khama, o a neng a eteletse pele thankgolo ya ga Macheng ka ngwaga wa 1872. Sekgoma o ne a thankgolwa ke Khama ka ngwaga wa 1875.[1]

Loso le boswa

[fetola | Fetola Motswedi]

Sekgoma o tlhokafetse ka ngwaga wa 1883 kwa Serowe.[1] Sekgoma o ne a nyetse basadi ba le lesome le motso, a na le bana ba le lesome le borataro mo botshelong jwa gagwe: Khama III, Kgamane, Seretse, Kebailele, Mphoeng, Mokhutshwane, Ikitseng, Seeletso, Moloi, Nkate, Rraditladi, Ramorotong, Seropola, Badirwang le Baudube.[1]

  1. 1 2 3 4 5 Williamson, David (1977). Burke's Royal Families of the World. Vol. II: Africa & the Middle East. Burke's Peerage. ISBN 978-0-85011-029-6.
  2. 1 2 3 4 Gulbrandsen, Ørnulf (1995). "The King is King by the Grace of the People: The Exercise and Control of Power in Subject-Ruler Relations". Comparative Studies in Society and History. 37 (3): 415–444. ISSN 0010-4175.
  3. 1 2 3 Chirenje, J. Mutero (1976). "Church, State, and Education in Bechuanaland in the Nineteenth Century". International Journal of African Historical Studies. 9 (3): 401–418. doi:10.2307/216845. ISSN 0361-7882.
  4. Motzafi-Haller, Pnina (1993). "The Duiker and the Hare: Tswapong Subjects and Ngwato Rulers in Pre-colonial Botswana". Botswana Notes and Records. 25: 59–71. ISSN 0525-5090.