Sekolo sa Dibasen
| Dibasen Junior Secondary School | |
|---|---|
| Information | |
| Teaching staff | ba lesome le borataro |
| Grades | lokwalo lwa bosupa go ya kwa go la borobabongwe |
| Enrollment | baithuti ba le makgolo mararo masome a marataro |
Sekolo se segolwane sa Dibasen ke sekolo se se kwa Okombahe, dikhilomithara di le masome marataro bophirima jwa Omaruru kwa kgaolong ya Erongo kwa legare la Namibia.[1] Se tlhamilwe ka 1982,[2]se na le barutabana ba le lesome le borataro le baithuti ba le makgolo mararo le masome a le marataro ba ba mo lokwalong lwa bosupa go tsena lwa borobabongwe.[3]
Sekolo se, se itemogetse ditlhaselo tsa melelo di le mmalwa ka nako ya fa lefatshe la Namibia le ya boipusong ka 1990. Ka ntlha ya ditlhaselo tse tsa sepolotiki, dipalo tsa baithuti di ne tsa ya tlase go tswa kwa makgolong a robabongwe go ya kwa go a le mabedi. Ka nako ya maiteko a go aga sekolo sesha, matlo a borobalo a a neng a setse a ne a sha ka 2005.[1] Ka ngwaga wa 2016 tse di senyegileng mo molelong di ne di ise di ntshiwe kgotsa di agiwe sesha.[4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Maletzky, Christof (14 July 2005). "Dibasen School hostel burns down". The Namibian.
- ↑ Maletzky, Christof (7 October 2003). "Dibasen School Marks 21 Years With Rebuilding Drive". The Namibian. via allafrica.com.
- ↑ "Erongo Schools". Association of Regional Councils in the Republic of Namibia. Archived from the original on 21 September 2007. Retrieved 10 October 2025
- ↑ Hartmann, Adam (27 May 2016). "History catches up with the future". The Namibian. pp. 6–7.