Jump to content

Sekolo sa dithuto ka bokgoba le kgololesego sa Wilberforce

Go tswa ko Wikipedia

Sekolo sa Wilberforce sa dithuto tsa bokgoba le kgololesego ke sekolo sa ditshekatsheko kwa sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa Hull kwa Kingston upon Hull kwa lefatsheng la England. Se le kwa kagong ya Oriel Chambers fa e sale ka ngwaga wa 2005, maikaelelo a sone ke go sekaseka bokgoba mo ditsong le mo isagong.

Ditso tsa sekolo

[fetola | Fetola Motswedi]
Lebota la balweladitshwanelo tsa setho kgatlhanong le bokgoba

Sekolo sa Wilberforce sa dithuto tsa bokgoba le kgololesego se se kwa Kingston upon Hull kwa lefatsheng la England, se butswe semmuso ka ngwaga wa 2006 go nna lefelo la dipatlisiso kgotsa ditshekatsheko tsa baithuti ba berekisana le ba sekolo se segolwane sa Hull. Motlhokomedi wa sekolo se, ke motho o o leng kgatlhanong le tlhaolelele, Archbishop Desmond Tutu, sekolo se butswe ke tautona wa pele wa lefatshe la Ghana, John Agyekum Kufuor.[1] Madi a bonwe ka letlole la Europe la ditlhabololo tsa dikgaolo le letlole la bojaboswa. Sekolo se se butswe pele ga moletlo o o neng o tshwaya dingwaga di le makgolo mabedi tsa molao wa kgwebisano ya makgoba wa 1807, o ka mopalamente wa pele ebile e le molwela ditshwanelo William Wilberforce, a nang le kamano e e nonofileng le one.[2] Sekolo se ke sone se se eteletseng pele se se itebagantseng le go sekaseka ditso tsa bokgoba, mme gape e le boremelelo jwa ditshekatsheko tsa bokgoba jwa malatsi ano le tsuololo ya ditshwanelo tsa setho mo dinakong tsa segompieno. Se ikaelela go ikamanya le dikolo tse dingwe tse digolwane mo lefatsheng ka bophara, di akaretsa tsa maemo a ntlha tsa kwa America jaaka Yale, Harvard le Stanford. Tshupo ya sone e supa kamano ya toropo le Aforika, bogolo jang le toropokgolo ya Freetown kwa Sierra Leone.[2] Jaaka bontlha jwa sekolo se segolwane sa ithutelo ditiro sa Hull, sekolo se gantsi se tshwara dithutuntsho tsa phatlalatsa mo dithutong tsa ditso le bokgoba jwa malatsi a no, di akaretsa thuto ya ngwaga le ngwaga ya ga Alderman Sydney Smith,[3] o o reeletsweng ka mopalamente wa pele wa tsa pereko wa kwa Kingston upon Hull kwa borwa bophirima Sydney Smith. Sekolo se se mo kagong ya ditso ya oriel Chambers, go bapa le legae la ditso la ga William Wilberforce.

Ka ngwaga wa 2014, sekolo se e ne e le bontlha jwa metseletsele ya ditshwantsho kwa toropong ya ditso ya Hull e e neng e bidiwa "Long walk to Freedom", e le bontlha jwa meletlo ya ngwaga le ngwaga ya kgololesego.[4] Ka ngwaga wa 2015, go ne ga itsisiwe fa sekolo se amogetse seetsele sa matsala a go mmamosadinyana sa dithuto tse dikgolwane le dithuto tse di tswelelang, ka tshekatsheko ya sone ya go emisa mefuta le mekgwa e mešha ya bokgoba."

Lebota la kwa sekolong sa Wilberforce la balweladitshwanelo tsa setho

[fetola | Fetola Motswedi]

Lebota la balweladitshwanelo tsa setho le le kwa sekolong sa Wilberton le ipelela batho ba ba botlhokwa, mo ditsong le gompieno, mabapi le go ngakalala kgatlhanong le bokgoba.

Mopalamente wa pele wa kwa Hull ebile e le motho o kgatlhanong le bokgoba William Wilberforce o neela sekolo leina la gagwe

Le supiwa jaaka tlotla e e pharologanyo ya bontsi jwa maina a a tlwaelesegileng mo ditsong a a tsamaelanang le go lwela kgololesego, lebota le le supa maina a ba ba latelang:

  • Steve Biko (ngwaga wa 1946 go tsena 1977)
  • Dietrich Bonhoeffer (1906 go tsena 1945)
  • Thomas Clarkson (1760 go tsena 1846)
  • William Edward Burghardt Du Bois (1868 go tsena 1963)
  • Olaudah Equiano (1745 go tsena 1997)
  • Mahatma Ghandi (1869 go tsena 1948)
  • Toussaint LÓuverture (pele ga 1743 go tsena 1803)
  • Martin Luther King Jr. (1929 go tsena 1968)
  • Abraham Lincoln (1809 go tsena 1865)
  • Nelson Mandela (1918 go tsena 2014)
  • Jose Marti (1853 go tsena 1995)
  • Edmund Dene Morel (1873 go tsena 1924)
  • Thomas Paine (1737 go tsena 1809)
  • Sylvia Pankhurst (1882 go tsena 1960)
  • Rosa Parks (1913 go tsena 2005)
  • Granville Sharp (1735 go tsena 1813)
  • Harriet Beecher Stowe (1811 go tsena 1896)
  • Harriet Tubman (1820 go tsena 1913)
  • Desmond Tutu (1931 go tsena 2021)
  • Raoul Wallenberg (1912 go tsena 1947)
  • William Wilberforce (1759 go tsena 1833)


Lebota le le lebagane le tshingwana ya Mandela Gardens e e botsweng ka Motsheganong ngwaga wa 1983 ke Sir Shridath Ramphal. Tshingwana e e reelwetswe ka Nelson Mandela o o kileng a nna legolegwa ka ane a le kgatlhanong le tlhaolele, mme morago a nna tautona wa lefatshe la Aforika Borwa.

Moemedi wa lefatshe la United States kwa United Kingdom Matthew Barzun, o ne a tsewa senepe a ile go fa tlotla kwa lebotaneng le ka nako ya loeto lwa go bone Hull ka ngwaga wa 2015, a tlaleletsa ka gore "Wilberforce ke leina le le itsagalang mo lefatsheng ka bophara, ebile ke tshepha gore ke sengwe se Hull ba ka se dirisang go rotloetsa le go rekisa torpokgolo eo ka ngwaga wa 2017."[5]

  1. Johnston, Chris (6 July 2006). "Slavery research centre opens at Hull". The Guardian. Retrieved 04 July 2025.
  2. 1 2 "Hull case study". www.understandingslavery.com. Retrieved 04 July 20255.
  3. "Alderman Sydney Smith Lecture – University of Hull". www2.hull.ac.uk. Retrieved 04 July 2025.
  4. "Freedom Festival". www.freedomfestival.co.uk. Retrieved 04 July 2025.
  5. "US Ambassador Matthew Barzun 'falls in love' with Hull". Hull Daily Mail. Retrieved 04 July 2025