Jump to content

Sekolo se segolwane sa Martin Luther High, Okombahe

Go tswa ko Wikipedia
Martin Luther High
Information
Established1968
Teaching stafflesome le bobedi
Gradeslokwalo lwa borobabobedi go stena lwa lesome le bobedi
Enrollmentmakgolo a mabedi le masome a matlhano

Sekolo se segolwane sa Martin Luther High (MLH) ke sekolo se go robalwang kwa go sone kwa motseng wa Okombahe kwa kgaolong ya Erongo kwa legareng la Namibia, se filwe leina la morongwa Martin Luther. Sekolo seo se na le baithuti ba ka nna makgolo a mabedi le masome a matlhano ba ba mo lokwalong lwa borobabobedi go tsena lwa bo lesome le bobedi, le barutabana ba le lesome le bobedi.[1]

Go na le dipego di le dintsi tsa gore sekolo seo se tlhamilwe leng kae. Go ya ka Klaus Dierks, sekolo sa Martin Luther High se butswe ka 1968  e le tiro ya kereke ya Lutere ya South West Africa. Pele se ne se rulaganyeditswe go nna kwa toropong e e gautshwane ya Karibib, mme babusi ba Aforika Borwa ba ne ba sa dumalane le go bulwa ga sekolo sa bana ba bantsho mo toropong ya batho basweu fela. Ka jalo go ne ga tshwanela gore ba batle lefelo le barutabana ba basweu le baithuti ba bantsho ba ka nnang teng ba kgaogane, sekolo se ne sa bulwa kwa Okombahe kwa lotshitshing lwa Damaraland bantustan.[2] Go ya ka pampiri ya dikgang ya The Namibian, sekolo se butswe kwa 1962 kwa Karibib morago sa fudusediwa kwa Okombahe ka 1979, ka lebaka la gore ke sa baithuti ba bantsho, mme Karibib e le toropo ya basweu.Sekolo se ka nako ya ouso ya Aforika Borwa se ne se ruta ka puo ya Sekgoa, fa dikolo tse dingwe tsa puso di ne di ruta ka Afrikaans.[1]

Sekolo se ne sa phutlhama mme sa bolotsa letsholobka 2014 la go baakanya ditlamelo.[3] Ka 2015 sekolo se ne se kgobokantse madi a a lekaneng go simolola paakanyo ya ntlha fa e sale 1970.[1]

Barutabana ba tlhwatlhwa le baithuti ba pele

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. 1 2 3 4 5 6 "Dilapidated MLH gets facelift". The Namibian. 20 July 2015.
  2. Dierks, Klaus. "Chronology of Namibian History, 1966". klausdierks.com.
  3. 1 2 3 Hartman, Adam (18 July 2014). "Hopes for the restoration of MLH school". The Namibian.
  4. Angula, Conrad (22 September 2023). "The man behind the nation's anthem: Axali's living legacy". The Namibian.
  5. "Nicanor Hilma Ndinelago". Parliament of Namibia. Retrieved 20 October 2025