Jump to content

Sepatela sa Bolwetse jwa tlhaloganyo sa Sbrana

Go tswa ko Wikipedia

Sepatela sa Bolwetse jwa tlhaloganyo sa Sbrana ke bookelo jwa setšhaba jwa malwetse a tlhaloganyo kwa Lobatse, Botswana. E kwa bokone jwa mabenkele mme e agilwe mo lefelong la Dikgolegelo tsa Botswana. Sbrana e dira jaaka bookelo jo bo kaelang batho go ya kwa bookelong jo bo tlhokomelang batho botlhe mo Botswana.

Boitekanelo jwa tlhaloganyo jwa Sbrana ke setheo sa bosetšhaba sa boitekanelo se se direlang setšhaba sa Botswana. E ne ya tlhomiwa ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome (2010) morago ga go fetolwa go tswa kwa tliliniking ya malwetse a tlhaloganyo ya Lobatse go nna bookelo jwa malwetse a tlhaloganyo. [1]Sbrana e golagantswe le Health Sciences institution kwa Botswana, e tlamela ka ditirelo tsa go ruta baithuti ba bongaka jaaka karolo ya katiso ya bone ya tiro le go ikatisetsa tiro. Sepetlele se na le ditlamelo tse di akaretsang lebala la kgwele ya dinao, lefelo la go itshidila mmele, kgotla ya tenese le kgotla ya softball.

Sepatela sa bolwetse jwa tlhaloganyo sa Sbrana se itsegeng ka go alafa malwetse a a masisi a tlhaloganyo, a a jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong, bolwetse jwa tlhaloganyo le bolwetse jwa go fetofetoga maikutlo.

  • maranyane a ditshedi
  • Neuroimaging le Interventional Radiology
  • Bolwetse jwa boboko
  • Thutatshelo ya ditshika
  • Neuropathology
  • Neurophysiology
  • Karo ya boboko
  • Neurovirology
  • Booki
  • Go Tokafatsa Malwetse a Ditshika
  • Tirelo ya Loago ya Malwetse a Tlhaloganyo
  • Kalafi ya tlhaloganyo
  • Psychopharmacology
  • Boenjenere jwa Kalafi
  • Go tsosolosa boitekanelo jwa tlhaloganyo
  • Thekenoloji ya go Bua le Thekenoloji ya go Utlwa
  1. "District Hospitals". Archived from the original on 7 May 2013. Retrieved 20 October 2017