Sepatela sa Princess Marina
Princess Marina Hospital (PMH) [1] ke sepatela sa puso mo Botswana. Go ya ka dipego tsa Mopitlo 2018, ke sone sepatela se setona se balwetsi ba romelwang kwa go sone mo Botswana, se na le malao a balwetsi a le makgolo a matlhano le masome a mararo[2]. Se neetswe leina la ga Princess Marina.[3]
Lefelo
[fetola | Fetola Motswedi]Sepatela se se agilwe mo toropokgolo Gaborone, fa makopanelong a ditsela tsa North Ring le Notwane. Kwa bophirima jwa sepatela go na le mabolokelo a ditso (National Museum), fa kwa botlhaba go na le lobala lo logolo lwa metshameko. (Botswana National Stadium).[4]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Sepatela se agilwe go tshwaya boipuso jwa lefatshe la Botswana le le neng le bidiwa Bechuanaland pele ga le tsaya boipuso go tswa mo lefatsheng la Britain ka kgwedi ya Lwetse e le malatsi a le mararo ka ngwaga wa 1966. Dikago di butswe semmuso ke mohumagatsana Duchess of Kent Princess Marina, mme sepatela sa bidiwa ka ene.[3]
Ditlamelo
[fetola | Fetola Motswedi]Sepatela sa Princess Marina se na le malao a balwetsi a ka nna makgolo a matlhano le masome a mararo.[2] Ditlamelo di akaretsa (a) mochine wa malwetsi a diphilo (b) lefelo la go tlhatlhoba malwetsi (medical laboratory) (c) mabolokelo a madi a a abilweng ke batho (blood bank) (d) lephata la tshidilo ya balwetsi (e) seipone (f) le la go tlhatlhoba malwetsi (pathology lab).[2] Ditlamelo tse dingwe di akaretsa (g) lephata la malwetsi a tlhaloganyo (h) seipone (CT Scan), (i)seipone sa ditshika (angiography unit) (j) ditlamelo tsa go bonesa kankere ya dikarolo tsa borre (prostrate screening) (k) lephata la dithuso tsa potlako (ICU) le (I) ditlamelo tsa marang a a dirisiwang go alafa kankere.[2]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Ngidi, Tiro (July 2015). "Management of Medical Records: A Study at Princess Marina Hospital, Gaborone, Botswana" (PDF). Gaborone: University of Botswana. Retrieved 25 March 2018.
- 1 2 3 4 Electives.net (25 March 2018). "Princess Marina Hospital, Gaborone, Botswana". Electives.net. Retrieved 25 March 2018.
- 1 2 MmegiOnline (4 October 2012). "Princess Marina, The Duchess Of Kent's Botswana Legacy". Gaborone: Mmegi.bw. Retrieved 25 March 2018
- ↑ Google (25 March 2018). "Location of Princess Marina Hospital, Gaborone, Botswana" (Map). Google Maps. Google. Retrieved 25 March 2018.