Serena Williams
Serena Jameka Williams(o tshotswe ka kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le masome a mabedi le borataro ka ngwaga wa 1981)[1]ke moemedi wa pele wa mo America wa [./Https://en.wikipedia.org/wiki/Tennis tennis] yo o setseng a tlogetse go tshameka.O ne a beetswe mo maemong a World No.1 mo papading ya basadi ya singles ke Women's Tennis Association (WTA) ka dibeke di le 319 (third-most of all the time),[2] mme a feditse a le year-end No.1 ga tlhano.Williams o fentse ditlhopha di le 73 tsa WTA Tour-level mo singles, go akaretsa le ditulo di le 23 tsa major mo papading ya basadi ya singles, tseo e leng tsone tse di oketsegileng ka bogolo mo Open Era, le tse di leng second-most of all time. Ke ene fela motshameki yo o kgonneng go fitlhelela career Golden Slam mo singles le mo doubles.[3]
Gammogo le kgaitsadie e bong Venus,Serena Williams o ne a rutuntshiwa ke batsadi ba gagwe Oracene Price le Richard Williams.Fa a nna motshameki yo o setswerere ka ngwaga wa 1995,o ne a fenya setlhopa se le sengwe sa ntlha ko 1999 US Open.Go simologa ka 2002 French Open go ya ko 2003 Australian Open o ne a busa,a fenye ditlotla tse nne tse dikgolo mo motshamekong wa papadi wa basadi ka tatelano, (nako le nako a fenya Venus mo kgaolong ya bofelo ya motshameko mongwe le mongwe) go fitlhelela non-calendar year Grand Slam ( a itsege ka "Serena Slam").Mengwaga e e latelang re bona Williams a fenya ditlotla tse dingwe tse pedi tse dikgolo mo motshamekong wa batho ba le bannyane, mme a itemogela tlhotlheletso le go fokotsega ga botswerere jwa gagwe.Go simolola ka 2007, le fa go ntse jalo, o ne a boela a kgona go tshwana le pele mo botswerere jwa gagwe le fa a ntse a itemogela dikotsi, a boela a nna mo World No.1 mo metshamekong yotlhe ya lefatshe.Go simologa ka 2012 Wimbledon Championships,Williams o boela mo go buseng, a fenya Olympic gold (a feleletsa Career Golden Slam mo papading ya bomme ya motshameko) [4]mme a fenya ditlhopa di le borobabobedi mo go tse lesome le boraro tsa motshameko, go akaretsa tsotlhe tse nne tse di latelanang go simolola ka 2014–2015 go fitlhelela ''Serena Slam'' wa bobedi. Ka 2017 Australian Open, o ne a fenya tlotla ya gagwe ya bo 23 ya motshameko, a feta Steffi Graf's Open Era record.”Fa a sena go itsholofela,Williams o ne a ikhutsa mo botswerereng jwa gagwe jwa go tshameka tennis, mme a tsena mo dikgaolong tse nne tse dikgolo fa a boela go tshameka. Ka August 2022, Williams o ne a senola boikemisetso jwa gagwe jwa “evolution” ya go tlogela tennis , mme a tshameka motshameko wa gagwe wa bofelo kwa 2022 US Open.[5]
Williams gape o ne a fenya 23 WTA Tour-level doubles titles, go akaretsa 14 major women's doubles championships, tsotlhe a tshameka le kgaitsadi wa gagwe Venus. The Pair bo ne bo sa gaisiwa mo motshamekong wa tlotla wa doubles, ba ne ba gaisa mo go tsitsibanyang mmele mo dikgaolong tse dikgolo mo motshamekong wa bofelo.[6] [7]Ba ne ba fitlhelela non-calendar year Grand Slam fa gare ga 2009 Wimbledon Championships le 2010 French Open, e e ba fileng doubles world No. 1 ranking. Williams o ne a fenya four Olympic gold medals, tse tharo mo women's double, e a e abelaneng le kgaitsadi wa gagwe. [8][9]Ke bomme fela ba babedi mo Open Era ba fentseng Olympic gold mo singles le doubles. Williams gape o ne a fenya ditlhopa tse pedi tsa mixed doubles, tsotlhe ka 1998. Ke motshameki fela, mosimane kgotsa mosadi, yo o fentseng three career Golden Slams—e le nngwe mo women's singles le tse pedi mo women's doubles.”
METSWEDI
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Serena Williams at the Women's Tennis Association
- ↑ "Who has won the most Grand Slams in tennis history?". ESPN.com. September 8, 2024. Retrieved March 25, 2025.
- ↑ Berkok, John (August 28, 2022). "Serena Williams records that may never be broken: A Career Golden Slam in singles AND doubles". Tennis.com. Archived from the original on February 3, 2023. Retrieved February 3, 2023.
- ↑ Berkok, John (August 4, 2020). "On This Day: Serena completes her Golden Slam at 2012 London Olympics". Tennis.com. Archived from the original on April 7, 2022. Retrieved March 28, 2022.
- ↑ Streeter, Kurt (August 9, 2022). "Serena Williams Will Retire TennisJust as She Played: On Her Own Terms". The New York Times. Archived from the original on August 9, 2022. Retrieved August 9, 2022.
- ↑ Neworth, Jack (September 10, 2012). "Almost Serene Serena". 10sballs.com. Archived from the original on May 8, 2013. Retrieved May 30, 2013.
- ↑ Berkok, John (August 27, 2022). "Serena Williams records that may never be broken: Going 14–0 in Grand Slam doubles finals with Venus". Tennis.com. Archived from the original on January 14, 2023. Retrieved January 14, 2023.
- ↑ "Venus and Serena Williams win Olympic gold". CBS News. August 5, 2012. Archived from the original on March 13, 2022. Retrieved March 13, 2022.
- ↑ Fernando, Shemal (November 6, 2022). "Serena Williams, the tennis Queen who conquered four Olympic Golds and 23 Grand Slams". Sunday Observer. Archived from the original on January 29, 2023. Retrieved January 29, 2023.