Sesole sa difofane ke mophato wa sesole sa Botswana o o dirisang difofane. Mophato wa sesole sa difofane o tlhamilwe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe masome a supa le bosupa, ditlhopha di neelwa letshwao la "Z" le le rayang "setlhopha".
Mophato wa sesole sa difofane o tlhamilwe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe masome a supa le bosupa, ke bontlha jwa sesole sa Botswana.[1] Ditlhopha tsotlhe tsa mophato o di nnetswe letshwao la "Z" le le emetseng "setlhopha".[2] Bothibelelo jwa one bo gaufi le Molepolole bo agilwe ke dikompone tsa mafatshe a sele gareng ga dingwaga tsa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le bobedi go tsena ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le borataro.[3] Maemelo a mangwe a difofane a a dirisiwang ke a Sir Seretse Khama International Airport le Francistown International Airport.[3]
Sefofane se se tshegeditseng mophato o wa difofane ke sefofane sa pele sa kwa Canada sa Canadair CF-116s, se kwa gae se filweng letshwao la BF-5s. Difofane tse tsa ntwa di rekilwe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe masome a robabongwe le borataro go tsaya maemo a sa BAC Strikemaster, tse dingwe di le tharo tse di nang le manno a a ikemetseng le tsepedi tsa ditilo tse di pataganeng di ne tsa tsisiwa ka ngwaga wa dikete pedi. Difofane di ne tsa fiwa matshwao a OJ-1 go tsena ka 16. Go tsaya mesepele, mophato o o dirisa difofane tsa Bitten-Norman Defenders, CASA C-212 Aviocars, CASA CN-235s le Lockheed C-130 Hercules.[4] Se sesha se se sa tswang go tsenngwa mo go tsa dipalamo ke sa pele sa sesole sa United States sa C-130H Hercules.
Difofane tsa tlhoo tomo tsa Bell 412EP le 412SP di kgweediwa ke setlhopha sa Z21 go dira ditirelo tse di farologaneng; go senka le go falotsa, tsa botsogo, go disa kgatlhanong le go tsoma diphologolo tsa naga le go tsamaisa mophato kgotsa batho ba botlhokwa. Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le boraro, difofane di robabongwe tsa sesole sa United States tsa Cessna O-2A di ne tsa tsisiwa go dirisiwa kgatlhanong le go tsoma diphologolo tsa naga.
Ka ngwaga wa dikete pedi lesome le motso, kompone e e dirang difofane ya Pilatus Aicraft Ltd e ne ya itsise fa mophato wa difofane wa Botswana o tlhophile sefofane sa PC-7 MkII se se katisang go tsaya maemo a sa Pilatus PC-7 se se saleng se dirisiwa ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le masome a robabongwe. Go reka difofane di le tlhano tsa PC-7 MkII go diriwa ka konteraka e e lopang didikadike tsa madi a Swiss di le masome a mane, di na le mafaratlhatlha a go ikatisa fa fatshe a dikhomputara, ditshipi tse di dirisiwang fa tse dingwe di senyegile, didirisiwa tse di emang nokeng, ga mmogo le mafaratlhatlha a go fetola ga mokgweetsi le motegeniki, Konteraka e, e beilwe monwana ka Moranang a le lesome le boraro ngwaga wa dikete pedi lesome le motso.[5]
Lefatshe la Botswana go dumelwa gape fa le dirisa sefofane sa Elbit Systems Silver Arrow[6] le sa Elbit Hermes 450 UAV.[7]
Paul Morris, oa neng a na le seabe se segolo mo mophatong wa difofane (AAC), o ne a dira tshwetso ya go reka difofane tsa tlhoo tomo di le lesome tsa Bell 412EP, le fa go nste jalo, madi a a neng a dirisitswe mo tshekong ya go tsietsa, e le yone tsheko e tona mo ditsong tsa Botswana. Paul Morris morago o ne a atlholelwa loso ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe masome a robabongwe le borobabobedi, o ne a bolawa ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe masome a robabongwe le borobabongwe.
Ka Phalane a le masome mabedi ngwaga wa dikete pedi lesome le motso, difofane tsa mophato wa ACC di le pedi tsa mofuta wa PC-7s di ne tsa thulana mo phefong kwa godimo ga Letlhakeng dikhilomithara di le lekgolo kwa bophirima jwa Gaborone. Babereki ba sefofane ba le babedi mo go ba bane ba ne ba tlhokafala mo kotsing e.[8]
Ka Seetebosigo a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa dikete pedi lesome le bone, mophato wa sesole sa Botswana wa difofane o ne wa latlhegelwa ke sefofane sa tlhoo tomo sa Eurocopter AS350 Ecureuil e e neng ya phatlhakana ka nako ya katiso ya malasti otlhe kwa Thebephatshwa. Bakgweetsi ba le babedi ba ba neng ba pagame sefofane se ba ne ba isiwa kokelong ba le mo seemong se se ritibetseng.[9]
Ka Tlhakole a robabongwe ngwaga wa dikete pedi lesome le bosupa, sefofane sa CASA C-212 se ne sa phatlhakana gaufi le motse wa Thebephatshwa metsotso fela morago ga se se na go tswa kwa Thebephatshwa kwa bothibelelong jwa sesole, sa bolaya batho botlhe ka boraro ba ba neng ba se pagame. Sefofane se ne se le mo tseleng go ya kwa toropokgolo Gaborone, e e leng dikhilomithara di le masome a robabongwe kgakala.[10]
Ka Moranang a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa dikete pedi lesome le borobabobedi letsatsi pele ga letsatsi la go ipelela letsatsi la sesole sa Botswana, sefofane sa BF -5 se ne sa phatlakana kwa Gaborone Golf Club ka nako ya ikatiso. Mokgweetsi ke ene fela a tlhokafetseng.[11]
Lefelo la bothibelelo la Maparangwane ke lone fela la difofane le le tletseng mo Botswana. Maemelo a difofane a Sir Seretse Khama International Airport ke maemelo a difofane tsa mesepele ya setshaba a a nang le difofane tsa batlotlegi le maemelo a difofane a Francistown ke maemelo a a kopantseng difofane tsa sesole le tsa mesepele ya setshaba le e leng la sesole sa Botswana fa e sale ka ngwaga wa dikete pedi lesome le motso.[12]
Ka ngwaga wa dikete pedi le botlhano, sesole sa Botswana (BDF) se ne sa abela kompone ya Spain ya Indra konteraka ya madi a di Euro di le didikadike di supa le motso go tlhabolola le go diragatsa thulaganyo ya go sireletsa le go laola difofane. Porojeke e, e ne e akaretsa go tlhabolola le go dira lefelo la go laola difofane, le na le maemo a robabongwe a batho ba ba tlhomang leitlho le go laola mesepele ya difofane go tsamaisa le go kgobokanya dintlha tsa lefelo la difofane tsa lefatshe, ba neetswe sedirisiwa sa go lekola loapi, dikamano tsa ditlhaeletsanyo le diffofane, mafaratlhatlha a a okamelang mesepele ya mo phefong.[13][14]
Difofane tse di kileng tsa dirisiwa ke sesole sa difofane ke tsa Gulfstream IV, Cessna 150, Cessna O-2 Skymaster, Britten-Norman BN-2, Pilatus PC-7 (mofuta wa ntlha), Scottish Aviation Bulldog le Short Skyvan.[17]
Sesole sa diffofane se ntse se tlhatlhanya ka go batla sefofane se se tlaa tsayang maemo a sa BF-5 fa e sale ka ngwaga wa dikete pedi lesome le boraro, ka ntlha ya gore difofane tsa Candair CF-5s di dikgologolo, di agilwe ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa, gape di thata go di tlhokomela le go bona ditshipi tse dingwe tsa tsone.[18] Pego ka ngwaga wa dikete pedi lesome le boraro ya mookamedi wa mophato wa nako eo wa difofane wa sesole sa Botswana, Major General Odirile Mashinyana, e ne e lemoga letlhoko la go batla sefofane se sele go tsaya maemo a se, mme gape e gakolola gore go tokafatsa di BF-5 go tlaa letla nako ya go bolokela se se tlaa se tlhatlhamang madi.[19]
Fa e sale ka nako eo, sefofane sa KAI T-50 Golden Eagle,[20] mefuta e e dirisitsweng ya F-16 le Saab Gripen di ne di akanyediwa.[21][22] Sefofane se se ka nnang sa rekiwa sa mo bosheng ke sa kompone ya Hindustan Aeronautics Limited sa ntwa sa HAL Tejas,[23] le fa go ntse jalo, ka Firikgong ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le botlhano, Tejas e ne e sa tlhole e akanyediwa.[24]
↑"Botswana builds UAV surveillance force".Flightglobal. Reed Business Information. 20 March 2001. Archived from the original on 30 September 2007. Retrieved 30 July 2026. According to sources in Botswana, the southern African country recently signed a contract to purchase at least three short-range systems from Silver Arrow