Jump to content

Seteišene sa Kgotletso ya Motlakase sa Morupule

Go tswa ko Wikipedia

Seteišene sa Kgotletso ya Motlakase sa Morupule ke seteishene motlakase se sedirisang magala mo Botswana. E dira diperesente di ka nna masome a ferabobedi tsa motlakase o o dirwang mo lefatsheng.[1]

Seteišene se sa motlakase se gaufi le toropo ya Palapye, mo Kgaolong ya Legare, mo e ka nnang dikilometara di le makgolo mabedi le masome a supa (168 mi), ka tsela, kwa bokone-botlhaba jwa Gaborone, motsemogolo wa Botswana.[2] Ditekanyetso tsa thutafatshe tsa Seteišene sa Kgotletso ya Motlakase sa Morupule ke 22°31'12.0"S, 27°02'12.0"E (Bophara:-22.520000; Bophara:27.036667).[3]

Kakaretso

[fetola | Fetola Motswedi]

Morupule A

[fetola | Fetola Motswedi]

Seteišene sa Motlakase sa Morupule A se na le ditlhopha di le nne tse di tsidifadiwang ka mowa tsa dimekawate di le masome mararo le boraro tse di dirisang magala, mme magala a tlamelwa go tswa kwa Morupule Colliery e e mabapi, e e leng ya Debswana. Palogotlhe ya bokgoni jwa go tlhagisa motlakase ke dimekawate di le lekgolo le masome a mararo le bobedi. Kago ya seteišene se se leng teng e simolotse ka 1982 mme ya wediwa ka 1989.[4]

Ka ngwaga wa 2016, puso ya Botswana e ne ya bona madi a go tlhabolola le go tsosolosa Morupule A. Konteraka e ne ya gapiwa ke ba Doosan Heavy Industries & Construction ka tlhwatlhwa ya konteraka ya BWP:2.5 billion (US$204 million ka madi a 2016). Tlhabololo e ne e solofetswe go tswelela go fitlha ka 2018. Fa tlhabololo e wediwa Morupule A e solofetswe go dira ka diperesente di le masome a ferabobedi tsa go nna teng ga setlhopha dingwaga tse dingwe gape di le lesome le botlhano (go fitlha ka 2033).[5]

Morupule B

[fetola | Fetola Motswedi]

Koporase ya Motlakase ya Botswana (BPC) e ne e akanyetsa go atolosa Seteišene sa Motlakase sa Morupule fa e sale ka 2006. BPC e ne ya feleletsa e tsere tshwetso ya dimekawate di le makgolo a marataro, tse di nang le ditlhopha di le nne tsa dimekawate di le lekgolo le masome a matlhano.[1] Ka nako ya fa porojeke eno e ne e akanyediwa, diperesente di le masome a ferabobedi tsa motlakase o o dirisiwang mo Botswana, o ne o rekwa go tswa kwa setlamong sa motlakase sa Aforika Borwa, Eskom. Banka ya Lefatshe le Banka ya Tlhabololo ya Aforika ka bobedi di ne tsa tlamela ka bontlhabongwe jwa matlole go aga Morupule B.[6] Ka 2010 kago e ne ya simolola, mme rakonteraka yo o eteletseng pele e ne e le China National Electric Equipment Corporation (CNEEC). Go ne go solofetswe gore e wediwe ka 2012.[7]

Le fa go ntse jalo, ka Moranang 2013, Ditlhopha I le II di ne di sa tlhole di dirisiwa, di baakanngwa maranyego mo diphaepheng tsa tsone tsa mowa, tse di neng tsa nna teng ka bonako fela morago ga go tsenngwa. Setlhopha sa III, e leng sone fela setlhopha se se neng se dira ka nako eo, le sone se ne se nnile le bothata jo bo tshwanang. Setlhopha sa IV se ne se santse se agiwa. Seno se ne sa baka tlhaelo e e tseneletseng ya motlakase, mme seo sa felela ka go kgaolwa ga motlakase le go kgaoga ga motlakase go go tswelelang pele.[8]

Ka Firikgong 2014, puso ya Botswana e ne ya thapa STEAG Energy Services ya Jeremane go “lemoga mathata a a tlhodilweng ke CNEEC le go a baakanya”. Morago ga gore CNEEC e patelediwe go tsamaya, ka Sedimonthole a le masome mararo le motso ka 2013, STEAG e ne ya tsaya tiro ya go tlhokomela le go dirisa Morupule B, go simolola Firikgong a rogwa ka 2014. Go tsenngwa ga ditlhopha tsotlhe tse nne go ne ga wediwa ka 2014.[9][10] Ka Seetebosigo 2018, puso ya Botswana e ne ya kgaotsa dipuisano le China Machinery Engineering Corporation (CMEC) e e laolwang ke puso, ka maiteko a go ikgaoganya le Morupule B. Dipuisano tseno di ne di ntse di tsweletse fa e sale ka 2016. Ka 2018, seteišene sa motlakase se ne se tlhagisa ka bokgoni jo bo ka nnang diperesente di le masome a ferabobedi le motso (bokgoni jwa 486 megawatts).[11]

Kganetsano

[fetola | Fetola Motswedi]

Seteišene sa Motlakase sa Morupule B se ntse se tlhasetswe ke mathata go tloga fela kwa tshimologong. Patlisiso ya forensiki mo kgannyeng eno e fitlhetse gore badiri ba Koporase ya Motlakase ya Botswana ba ne ba dirisana mmogo le CNEEC go utswa madi a a fetang BWP bilione e le nngwe (e e ka nnang didikadike di le US$90.5 ka 2014), go tswa mo porojekeng ya motlakase ya Morupule B ya BWP dibilione di le lesome (e e ka nnang didikadike di le US$905).[12]

Ke ya ga mang?

[fetola | Fetola Motswedi]

Morupule A le Morupule B ka bobedi ke tsa koporase ya motlakase ya Botswana (BPC) ka diperesente di le lekgolo.[1][6]

Tshedimosetso e nngwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. 1 2 3 United Nations Climate Change Secretariat (2006). "Morupule Power Station Generation Expansion Project Palapye, Botswana" (PDF). New York City: United Nations Framework Convention on Climate Change. Retrieved 23 Phalane 2025.
  2. "Road Distance From Gaborone To Palapye" (Map). Google Maps. Retrieved 23 Phalane 2025.
  3. "Location of Morupule Thermal Power Station" (Map). Google Maps. Retrieved 23 Phalane 2025.
  4. Botswana Power Corporation (2 December 2013). "Generation at Morupule Thermal Power Station". Gaborone: Botswana Power Corporation. Archived from the original (Archived from the original on 3 December 2013) on 3 December 2013. Retrieved 23 Phalane 2025.
  5. Babalwa Bungane (15 December 2015). "Botswana: Doosan Heavy Industries to upgrade Morupule A power plant". Rondebosch, South Africa: ESI-Africa.com. Retrieved 23 Phalane 2025.
  6. 1 2 African Development Bank (June 2009). "Botswana: Morupule B Power Project; ESIA Executive Summary" (PDF). Abidjan: African Development Bank. Retrieved 23 Phalane 2025.
  7. Brian Benza (22 February 2010). "Construction Of 600 MW Morupule B Power Station Begins". Mmegi Online. Gaborone. Retrieved 23 Phalane 2025.
  8. ESI-Africa (29 April 2013). "Morupule B problems cause rolling blackouts in Botswana". Rondebosch, South Africa: ESI-Africa.com. Retrieved 23 Phalane 2025.
  9. Sunday Standard (12 January 2014). "Gov't Turns Against Morupule B Contractor". Gaborone: Sunday Standard. Retrieved 23 Phalane 2025.
  10. STEAG Energy Services (19 February 2014). "STEAG takes on operation and maintenance in Botswana in record time: Cooperation between STEAG Energy Services from Essen and India in a 600 MW power plant". Essen, Germany: Steag.com. Retrieved 23 Phalane 2025.
  11. James Macharia (9 June 2018). "Botswana cancels plans to sell troubled power plant to Chinese firm". Reuters.com. Retrieved 23 Phalane 2025.
  12. Sunday Standard (11 February 2019). "CNEEC, BPC staff fleece Morupule B of P 1 billion- report". Sunday Standard. Gaborone. Retrieved 23 Phalane 2025.