Jump to content

Setlhakatlhake sa Lekhubu

Go tswa ko Wikipedia
Setlhaketlhake sa Lekhubu

Setlhaketlhake sa Lekhubu ke lefika le le kokomogileng mo Botswana.[1] E mo Borwa[nopolo e tlhokega] jwa lefelo le legolo la tlholego le le kwa tlase mo kgaolong ya Makgadikgadi ya Botswana le le bidiwang Sua Pan, e leng pane e kgolo go gaisa tsotlhe mo Botswana.[2] Ke setlhaketlhake sa letlapa la granite sa dingwaga di le dibilione di le pedi, se se bopegileng jaaka ngwedi mme se ka nna boleele jwa kilometara e le nngwe, methulama ya sone e tletse ka matshitshi a masaledi a matlapana a a kgolokwe, sesupo sa maemo a metsi a pele a letsha la pele ga ditso. Lekhubu le le bidiwa setlhaketlhake ka gonne le dikologilwe ke lewatle la letswai le lesweu.[3]

Lekhubu ke lefika le le neng le khurumeditswe ke metsi a Letsha le legolo la Makgadikgadi, le e leng lengwe la makadiba a magolo mo Aforika.[nopolo e tlhokega] Lekhubu le raya lefika le le kokomogileng. Kubu ke leina la Setswana le le kayang kubu.[4]

Dingwaga di ka nna dikete tse some tse di fetileng, Letsha la Makgadikgadi le ne la kgala mme ga sala Setlhaketlhake sa Lekhubu fela se se nang le letswai le lentsi mo go sone. Tseno tsotlhe di bakilwe ke diphetogo tsa loapi tse di neng tsa diragala dingwaga di le dintsi tse di fetileng. Go rupa go ne go diragala koo mme batho ba ne ba tshwaiwa ba akanya ka matlapa a a bidiwang di-cairns tse di neng di netefatsa gore batho ba a rupisiwa.[nopolo e tlhokega]

Lekhubu le kwa Borwa jwa lefelo le legolo la tlholego le le kwa tlase mo teng ga kgaolo ya Makgadikgadi ya Botswana le le bidiwang Sua Pan, e leng pane e kgolo go gaisa mo Botswana. Lefelo la Lekhubu le dule mo tseleng fa gare ga motse wa Gweta, Nata le Letlhakane, ka jalo batho ba ba etelang lefelo leo ba rotloediwa go ikgolaganya le banni ba motse go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya gore ba ka fitlha jang koo kgotsa ba etele motse wa Mmatshumo le dikgoro tsa diphologolo. Mmatshumo o bokgakala jwa 42km fela go tswa kwa Lekhubu mme e ka nna 100km go tswa kwa motseng wa Gweta.

  1. Riedel, Frank; Erhardt, Sebastian; Chauke, Chrispen; Kossler, Annette; Shemang, Elisha; Tarasov, Pavel (2012-03-06). "Evidence for a permanent lake in Sua Pan (Kalahari, Botswana) during the early centuries of the last millennium indicated by distribution of Baobab trees (Adansonia digitata) on "Kubu Island"". Quaternary International. 253: 67–73. Bibcode:2012QuInt.253...67R. doi:10.1016/j.quaint.2011.02.040. ISSN 1040-6182.
  2. "Lekhubu Monument". Republic of Botswana, Government portal. Govt of Botswana. Retrieved 24 Lwetse 2025.
  3. Brook, Michael C. (2017). Botswana Monuments, Heritage sites and Monuments. Gaborone,Botswana: Kwena Pools. pp. 148–149. ISBN 9789996805660.
  4. "Setswana to english dictionary, greetings, culture, history and phrases". www.setswana.co.za. Retrieved 2025-09-24.