Setso le ngwao ya Setswana

Go tswa ko Wikipedia

SETSO LE NGWAO[fetola | Fetola Motswedi]

SETSO LE NGWAO TSA SETSWANA Mo Batswaneng Setso le Ngwao di botlhokwa thata. Melao ya Setswana ga e kwalwe fa fatshe go buisiwa ke mongwe le mongwe, ebile ga e tsamaisane le bogolo jwa dingwaga tsa motho. Se se raya gore fa o sa nyala kgotsa o sa nyalwa ga o kitla o itse molao wa lenyalo, le fa le ka tshwaraganngwa fela ke magiseterata la se ka la laiwa ke bagolo, ga lo tsene fa go laiwa banyalani ba bangwe ka gore lona lo jele molao wa sekgowa fela. Fa o le mogolo o tswalelwa kwa ntle fa ngwana wa gago a nyala kgotsa a nyalwa wena o sa laiwa mo nyalong. O ka nna malome, rangwane kgotsa rakgadi fela mo molaong o ikgogela kwa morago fa setlogolo se laiwa. Mengwe ya melao ke fa banyalani ba tsena mo ntlong, go na le molao o ba o fiwang, fa o sa tsenngwa mo ntlong ka molao ga o tsene fa go na le tiro ya mofuta o, gore go tsena bana ba gago ga go tshwenye. Molao mongwe ke wa go rupa, fa o sa tswe bogwera kgotsa bojale ga o a tshwanela goitse gore go dirwang, o le monnamogolo gongwe mosadimogolo.Gompieno go na le ketsaetsego ya gore melao e mentsi ga e salwe morago ka tshwanelo, mme go botlhokwa gore re se ka ra letlelela bophelo jwa segompieno jo bo tletseng ka mafaratlhatlha a tekenoloji go re fenya. Ka gompieno bontsi ba rona re phela mo metseng setoropo re tshwanetse re tsamaye ka thuto e bagolo ba rona ba re e tlogeletseng go e dirisa kwa rephelang teng, re diragatse ditiro tsa rona tsa setso tse di kgonagalang fa re nnang teng, re se ka ra tsaya gore ka e se mo magaeng re ka seka ra diragatsa setso sa rona. Ga ntsi ga re dirise meila ya rona jaaka re tshwanetse ka re phela mo ditoropong, fa gotwe o seka wa ja o e me ka maoto gongwe o seka wa jela mopitseng, gore o kwa Seborogo, Jeremane kgotsa Fora fa o le Motswana se dire jalo.

LENYALO[fetola | Fetola Motswedi]

Fa go rulaganngwa tiro ya lenyalo, go simololwa ka go isiwa lefoko pele kwa gaabo mosetsana. Lefoko le isiwa ke bagolo ba mosimane fa ba fetsa ba kopa go tla go bona motse le go fiwa lokwalo le dilwana tse ba di lopa, dilwana tse di akaretsa jase ya ga malome, thipa, selepe, jeremane ya ngwana jalojalo le dikgomo tsa magadi. Morago ga go bona motse le go tsaya lokwalo batsadi ba mosimane ba ya go kopana ba bo ba bona gore a dilo tse di lopilweng di mmogo. Fa di le mmogo ba ya go kopa go beelwa letsatsi le ba tlaa tlisang dilo tse ka lone.

Fa ba sena go tlisa dilo tse di lopilweng ba kopa leina (sefane sa mosadi) ya bo e le gone ba ka yang go pega ko ga molaodi.

GO TLHOKA PELEGI[fetola | Fetola Motswedi]

Go tlhoka pelegi go ne go tsewa e le bothata jwa basadi mme mo mabakeng mangwe go bonala e le gore rre ke ena a nang le bothata. Mosadi o ne a kgobotlediwa fa a sa tshole bana a bediwa ka maina a a sa siamang, ka dinako dingwe o ne a ka busediwa gae go tswa kwa bogadi, mme gompieno go na le basadi ba ba sa ntseng ba tshwaragane le bothata jo. Le fa bothata e le jwa ga rre go ne go itshelwa moriti o tsididi mme go supiwe mosadi ka monwana ka gone go sa diriwe diteko tse di tla supang gore matsapa di a tsaya kae, ka di nako dingwe bagolo ka botlhale jwa bona, ba ne ba bona gore matsapa di a tsaya kae. Gompieno re sa ntse re bona basadi ba ba utswang bana go leka go kgotsofatsa balekane ba bona le gore ba seka ba kgobiwa. Ka lenyalo le lelapa le le kitlaaneng le ne le le botlhokwa mo Setswaneng, go ne gona le tharabololo ya mathata a pelegi.

Tharabololo ya Monna: Fa monna a sena pelegi mme bagolo ba lemoga se, ba kgona go dira di thulaganyo tsa gore morwarraagwe e ka nna mogolowe kgotsa monnawe a tsene ka soba la phokojwe le mosadi wa gagwe go fitlhelela mosadi a nna ratla la tlou. Ngwana yo o tlaa tsholwang e tla nna mojaboswa wa monna yo ka ba amana ka madi e bile o tla gola a itse e le rraagwe. Le fa se e le tharabololo ka di nako dingwe e nna bothata fa mosadi a sa batle thulaganyo e, mme a ka seka a e ganetsa. Bothata jo bongwe e ka nna fa mosadi a ka kgatlhwa ke ka fa morwarraagwe monna wa gagwe a leng manontlhotlho ka teng ka nako ya tiragatso ya nakwana, mme a nna le keletso ya leruri. Potso ke gore fa go ntse jaana bagolo ba kganna jang maikutlo a ba a rumutseng a. Tharabololo ya Mosadi: Fa mosadi e le ena a nang le bothata jwa pelegi ka setso go dirwa dithulaganyo tsa gore mongwe wa bana ba gaabo wa mosetsana a tsewe ke monna wa gagwe jaaka mosadi wa bobedi gore a tle a mo tsholele bana. Thulaganyo e e tlisa kgang e nngwe e e ka feleletsang e tsentse lefufa ga reng ga bana ba motho.

MOTSETSI[fetola | Fetola Motswedi]

Botsetsi jwa setswana fa o sena go belega o tshwanetse o iphoke. O iphoka ka go nwa dipitsa tsa setswana jaaka makwati a mosetlha, phate ya ngaka, le tse dingwe. Fa o nwa dipitsa o tshwanetse go patlama ka nako tsotlhe gore teng e boele ma nnong. Go na le tshilwana yona e ya ka losika ga e tshware motsetsi mongwe le mongwe, fa o le wa losika lwa yona e itlhagisa fela fa o sena go belega. O bo o gadikega mo maleng o palelwa ke go ja e bile o tlhatsa. Go re e fole o tshwanetse go alafiwa segolo ke Mme yo e kileng ya mo tshwara. Motho o go alafang tshilwana, o tsaya tshilwana a go e kolokotisetse, le wena o e kape o e kolokotisetse ko go e na, mme lo e kolokotisa jalo gotswa ka fa morago ga maoto. Lo dira jalo ga raro, mme laboraro o e tseela ruri, o tsamaya o sa gadime o ya go e latlha o bue o re tshilwana ntlogele. Ka nako e o saleng o belega ka yona go bewa mopakwana. Mopakwana o beelwa motsetsi le ngwana, gore go se ka ga tsena mongwe le mongwe mo ntlong ya motsetsi. Motsetsi morago ga gore a nwe dipitsa o tlhabelwa nku kgotsa podi gore a je serobe, e tle se mmerekise mala, se mo tlhatswe. O tlhapisiwa ka metsi a mantsi, a sedilwa mmele a be a tlodiwa ka mafura a nku e a e tlhabetsweng gore a fufulelwe e tle a sole. Fa a dirilwe jalo o tla tswa motlung a le montle a akotse letlalo la gagwe le bonala go re o ntse a le mo ntlong. Motsetsi o jela ka mogopo o motona a nwa motogo ka sekgapana. Ngwana fa a sena go aloga, o beolwa moriri, o bo o latlhiwa le kolane ka letsatsi le le latelang go beolwa mmaagwe. Motsetsi o tshwanetse go ikgatlha mala fa a fetsa go belega go re motse o se ka wa tlhatloga. Fa motho a le mo ditlhabing, go ne go batliwa mme o letheka lekhutshwane, fa a fitlha fa go e na o folosa mosese wa ka fa gare wa letheka a mmetse ka ona mo ditlhakoreng, e be a e latlha, mme morago o tla gololosega a belege sentle.

BANA[fetola | Fetola Motswedi]

BASIMANE LE BASETSANA

Botshelo jwa basimane le basetsana jwa se gompieno bo farologana le jwa maloba. Mo malobeng go ne gona le ditiro tsa basimane le tsa basetsana. Basimane ba ne ba dira ditiro tse di bokete. Ba ne ba tshwanetse go disa dikgomo, ba ithute go tsoma gore batle ba kgone go tsoga ba tlhokomela malapa a bona, le go thusa bo rre go dira di tiro tse dingwe jaaka go suga matlalo go ya kgonnye go betla go aga masaka le go nna batlhabani. Basimane ka bane ba tsewa jaaka bajaboswa ba ne ba rutiwa go tsaya di tshwetso ka di ngwaga tse di kwa tlase. Ditiro tsa basimane le basetsana di ne di dira gore botsalano jwa bone e seka ya nna jo bo gololosegileng, ka jalo kamano ya bone e ne e se motlhofo.

Basetsana ba ne ba dira ditiro tse di motlhofo mo gae, ba thusa bo Mme e bile ba rutiwa go tlotla basimane ka se, se tla thusa gore ba tsoge ba tlotla banna ba bona. Tiro ya basetsana e ne e le go apaya, go tlhatswa, go thuga le go sila mabele, go duba mmu wa go kgapa lelapa, go roka, go loga le tse dingwe. Basetsana ba ne ba rutiwa gore ba tshwanetse ba nne le banna ba ba tla ba tlhokomelang. Botsalano jwa basetsana le basimane ka bone bo se botona mo go kalo, se sene se thusa bagolo gore ba kgone ba ba tlhophele balekane pele bona ba ka itlhophela. Dithuto tsa kwa sekolong le tsona di ne di farologana go ya ka bong, fela gompieno baithute ba tsaya dithuto tsa bona go ya ka kgatlhego ya bona e seng go ya ka gore ke mosimane gongwe mosetsana.

Botshelo jwa gompieno bo neela basimane le basetsana nako e ntsi ya go nna mmogo, ka gore batshameka mmogo e bile ba tsena sekolo le go dira dithuto tse di tshwanang. Botsalano jwa bone e nna jo bo tseneletseng thata. Basetsana ba kgona go dira ditiro tse di batlang maatla tse mo tlwaelong di neng di dirwa ke basimane, fela jaaka go dira kwa moepong mme basimane ba dira ditiro tsa go roka le go apaya tse di neng di tlwaelesegile e le tsa basetsana. Fa basimane le basetsana ba tsena mo nakong ya go tlelwa ke maikutlo a se eng, a ba fitlhela e setse e le ditsala, mme se se dire gore ba batle go kgotsofatsa maikutlo a bona ka ba na le kgololosego e ntsi.

BOGWERA LE BOJALE[fetola | Fetola Motswedi]

Kitso le molao wa go rupa ke khupa marama pipimpi reswa nayo, kana gatwe pela e tlhokile mogatla ka ntlha ya go romeletsa, jaanong fa o batla go itse go le gontsi ka go rupa, o ka dira jalo ka go bolola. Jaaka ke ne ke setse ke umakile fa godimo mo setlhogong sa "Setso le Ngwao" molao wa Setswana o a itseelwa ga o romeletse fa o o batla. Mme fela ka rephela mo dingwageng tsa kete-pedi nngwe ke raya di ngwaga tsa diponapono, diyalemoya/diromamoya le dipolotiki dilo dingwe di a tlotliwa, lemmenyana le a tle le tlhagelele ka se se diragalalang kwa thabeng. Go rupa ga basimane le basetsana go raya gore ba setse ba tswile mo legatong la bo ngwana, mme ba tsena mo legatong la bokau le bokgarebe, ba setse ba ka tsaya maikarabelo a go nyala kgotsa go nyalwa. Ka nako e o ba tshwanetse go rutiwa molao. Makau a rutiwe ka go tlhokomela basadi le bana mme makgarebe a rutiwe ka go tlhokomela banna le bana. Se se bontsha ka mokgwa o setšhaba se neng se na le thotloetswe ka teng mo kamanong ya tsa thobalano. Basimane le basetsana ba ne batshwanetse go nyala ba nne le bana fa ba gola, ka go nna le lelapa le le kitlaaneng go ne go le mosola mo setšhabeng jaaka gompieno. Selo sengwe se se tumileng ka bogwera le bojale se tlhagelelang go gaisa molao, ebile se tshabisa batho go ya go rupa, gape se kgalwa thata ke ba ditshwanelo tsa botho, ke karo e e dirwang. Le fa tota ba setso ba bona e le dikgatako tsa tsamaiso ya setso kgotsa go itshunya nko ga batho ba bophirima mo setsong sa se aforika, nnete ke gore ga re ka ke ra ikgatholosa di ntsho tse di diragalang mo ma mafelong mangwe ka ntlha ya botlhaswa jwa bo rathipana le pheteletso ya tshwaetso ya kokwana ya HI. Dipatlisiso tsa Mafapha a tsa maphelo di buwa fa borre ba ba dirilweng karo ya bonna ba na le kgonego e e kwa tlase ya tshwaetso ya kokwana ya HI.

BONGAKA[fetola | Fetola Motswedi]

Tlhaloso ya Bongaka jwa Setswana

Mo dipakeng tseno dipuo di mafaratlhatlha tebang le bongaka jwa Setswana. Kgangkgolo ke gore rona re le Batswana ra reng ka ga ntlha e? A re bona mosola mongwe mo bongakeng jo, kgotsa ra re a bo nyadiwe, bo nyelediwe? Fa e le gore ra rialo, a go raya gore e rile fela fa bongaka jwa Sekgowa bo goroga, jwa Setswana bo be bo latlhegelwa ke maatla le thuso ya jona; kampo re raya gore ga bo ise bo ke bo nne le thuso epe mo go rona ka motlha ope? Re tshwanetse ra ipotsa gore ke eng e rile re ne re ntse re itse gore bongaka jwa Setswana ke bontlhabongwe jwa ngwao ya rona, ya be e rile fa Basweu ba goroga mono Aferika, ya re fa ba kgala mongwe wa mekokotlo ya ngwao ya rona, ra se ka ra gakgamala, ra ba ra leka go itlhomamisa ka se re leng sona, go supa fa dilo tse re neng re ntse re di dira ba ise ba tle mono, di ne di akanyeditswe pele, mme go bonywe fa di na le mosola mo matshelong a batho. Go a swabisa go bona e rile fa Basweu ba re kgothatsa go latlha ngwao ya rona, re be re kgokologa jaaka koloi e fologelela mo molapong kotsa mo phateng, e se na maremo. Le gale kgotsa go fenngwa go dira dilo. Go ne go sa tlhokafale gore re dumele gore bongaka jwa Setswana, jo bo neng bo ntse bo tshegeditse matshelo a Batswana go tswa ga Lowe, bo, bidiwe ‘boloi’, jaaka Makgowa a bo bitsa “witchcraft”, jalo ngaka yona e bidiwe ‘ngaka ya moloi’ “witch doctor”. Go raya gore re ne ra tlhoka, ra sitega go botsa bafaladi ba, gore tota fa ba tla nama ba rutlolola mokgoro o o ntseng o sireleditse matshelo a Batswana go tswa bosaitsiweng jaana, ba akanya gore Batswana ba ntse ba tshela jang pele ga ba tla, jaaka o ka re botshelo jwa Batswana bo tsile le bona! Motswana o ne a ikantse bongaka jwa ga gabo mo dilong di le dintsi fela jaaka a sa ntse a bo ikantse le gompieno; le fa jaanong a bo dirisetsa mo sephiring, ka a rile jaanong ‘o t1habologile’. Mo Setswaneng ngaka e ne e dira ditiro tsa matshelo a morafe kgotsa setšhaba ka go farologana:

  • go thaya mošate wa motse
  • go thaya lelwapa
  • go thaya lesaka
  • go thaya masimo
  • go thaya dikgomo, gore di se ka tsa utswiwa, kgotsa tsa tlhaselwa ke dibata, jaaka ditau le diphiri ga mmogo le makanyane. Gape dikgomo di ne di thaiwa gore fa e ka palama dikgomo tsa batho, di folotse. Mothao o motona o ne o le mo poong, ke ka moo mong wa dikgomo a neng a ka ja modisa nko e sa butswa fa a ne a ka timetsa poo. Go ne go ka timela kgomo nngwe fela, mme fa poo e gorogile, go ne go se maswe-maswe.
  • go thaya lenyalo, gore ba ba tshwaratshwarang ba šwe menwana
  • go thaya letsholo, fa le bolola.
  • go bolotsa bogwera
  • go nesa pula moroka
  • go pheremetsa tsie
  • go upa mabele gore a se ka a phofela mo tshimong
  • go tlhapisa sefifi
  • go beola ba ba tlhokafaletsweng
  • go kgwisa motho a lomilwe ke noga, gongwe a tshositswe ke kgogela
  • go alafa motho yo o tshwenngwang ke badingwana
  • go alafa malwetsi a a farologanyeng, jaaka botsenwa, phogwana, ngope (madi a magolo), thobega, jalo jalo.
  • go mo tumelong ya Setswana gore ngaka e ka go romelela tladi, kgotsa ya go neelela go bolawa ke dibatana kgotsa dilalome.

Go ya ka tumelo le ngwao ya Setswana, botshelo jwa motho bo ne bo ikaegile ka bongaka jo. Kwa ntle ga jona motho o ne a utlwa a sa sireletsega ka gope. Dingwe tsa ditumelo tse di ka tswa e le boammaaruri, fa tse dingwe di sa ka ke tsa tlhomamisiwa, tsa netefadiwa. Se se leng teng ke gore motho o tshela ka tumelo - tumelo mo sengweng se se sireleditseng botshelo jwa gagwe. Ka go nna jalo, Motswana o ne a utlwa a sireletsegile, a babalesegile kgatlhanong le difatlhi le diphatsa tsa botshelo.

Go supagala fa ka nnete bongaka jwa Setswana bo na le sengwe se se sa ntseng se ka thusa le mo matshelong a segompieno. Ke ka moo e reng morago ga sebaka se se kanakana bo ntse bo kgalwa, e be e re gompieno batlhalefedi ba bongaka jwa Sekgowa ba lemoga gore le jone bo phuthetse sengwe, jalo ba bone go tlhokafala gore mefuta yoomebedi e dirisanye.

Go lemogilwe gore malwetsi a a tshwanang le botseno, mototwana kgotsa go wa, tlhogwana kgotsa phogwana, ngope kgotsa madi a magolo, kankere, jalo jalo, a retela bongaka jwa Sekgowa, mme jwa Setswana bo a tomola semmutlwa. Ke ka moo gompieno go dirilweng thulaganyo mo Botswana, gore dingaka tsa Setswana le tsa Sekgowa di kopane kgapetsa-kgapetsa, go lebisisanya gore dikitso le boitseanape jwa matlhakore a mabedi a di ka nontshana jang go lemofalela botsogo jwa batho. Go a lebosega go bona mo Botswana go na le Lekgotla la dingaka tsa Setswana, e bile le tlhomilwe ka fa molaong. Go lebosega go bona go na le mowa wa tirisanyo mmogo fa gare ga bongaka jwa Setswana le jwa Sekgowa, le maikuelo a gore a makgamu a mabedi a a tshwaraganele maitlamo le keletso ya Lekgotla la Bongaka la Mafatshefatshe, gore e re ka ngwaga wa Dikete-pedi (Year 2000), motho mongwe le mongwe a ba a na le botsogo jo bo itumedisang ka fa go ka kgonegang ka teng.

Ga go na tlhabologo e e gaisang ya gore gompieno go be go lemogilwe fa dilo dingwe tsa ngwao le tlholego ya Setswana, tse di neng tsa phailelwa kgakala ke Basweu, di tota di na le mosola o mogolo mo pabalelong ya matshelo a batho. Gompieno jaana bongaka jwa Sekgowa bo batla kitso ya medi ya digwere tse di dirisiwang ke dingaka tsa Setswana, go ikoketsa ka tsona. Phetogo e ya dikakanyo le maitemogelo e a lebosega. Go a tualo!

Ka ntlha ya kamogela ya bongaka jwa Setswana, kitso le tiriso ya jone di ka nna tsa tlhabololwa, tsa tokafadiwa. Lekgotla la Dingaka le setse le thusitse thata ka go kgala dingaka tse di pegang ditlhotlhwa tsa kalafi ya tsona kwa marung, kgotsa tse ka ntlha ya botlhaswa le bofafalele di bolayang batho.

Tema ya botlhokwa fa, ga se go re batho ba sianele kwa bongakeng jwa Setswana, ba latlha jwa Sekgowa. Gape ga go twe batho ba ipee thata mo go jone, gonne foo go a tle go nne kotsi. Go gongwe e a re le motho a fatlhwa ke lotlhokwa kampo phatsa, a tlhajwa ke mmutlwa, a longwa ke noga kgotsa a tlhajwa ke kgomo fela a be a re ke gore mongwe o mo setse morago. Go gongwe le ngwana a palelwa kwa sekolong go a twe ke gore o loilwe. Se se ka tloga sa timeletsa batho ditlhaloganyo, sa di faposa, e be e le gore jaanong motho ga a tlhole a kgongwa ke ntsi; fa go reng fela o tabogela kwa go reaitse.

Kgangkgolo ke gore a batho ba tlotle segabona; e ne e re dilo tse ba di beelang kwa thoko, ba ne ba dira jalo morago ga tshekatsheko le katlholo e e dirilweng ke bona, e seng ba tewa go twe, ba be ba setse ba tsewa ke ga e a lala e robetse. Go metsa fela, batho ba sa tlhafuna, go dirile gore batho fa ba le kwa kerekeng ba kgale bongaka jwa Setswana. Selo se ke boitimokanyo le go nna teme-pedi. A go itsiwe fela gore ngwao ya batho ke ngwao ya batho. Batho ga ba ka ke ba ipopolola, ba itshwanolola, ba ipopa sešwa.

MAINA A DITAOLA:[fetola | Fetola Motswedi]

  • Moremogolo
  • Sejaro/jaro: tlhako ya kgomo
  • Maboni a ga Ratsatsi
  • Pubagadi: tlhako ya kgomo
  • Kgoloko-kgoloko: pelo ya tshilwana/ya motho - e dirwa ka legapa la kgopa
  • Thakadu - seepela tse dingwe matsatsa
  • Dipodi: Ditlhakwana tsa podi tse pedi. Go na le e tonanyana le e namagadi. E tonanyana e bidiwa ‘sebipedi sa dipodi’.
  • Mosarwana; o losika, o a rongwa

MAINA A MAWA MANGWE[fetola | Fetola Motswedi]

Go na le mafoko a a tlhomameng, a go bua le bola fa bo gasiwa. Morago ga moo bola ke jona bo tla ipolelang gore bo wele jang. Mafoko ao ke a:

Ehee! O a batlwa

O batlwa ke monna/mosadi ke yo
A re bolela a utlwe
A utlwe ka fa o buang ka teng
Ahee! A re a utlwe
Maaka marutwa ka kgomo!
Makeketwa ke ntšwa le petlo
Marapo a tse di suleng

Malaola tse di tshelang”


Morago ga moo di neelwa motlhatlhojwa, a di khuela, a ba a re:

Bola bolela! Ke kopa thuso.


Fa a sena go rialo o di latlha fa fatshe. Ngaka yone e tla be e di leba ka fa di weleng ka teng, e be e di buisa go ya ka lewa la tsona. Mangwe a mawa a a kaiwang ke dingaka ke a:

  1. Mareko masweu,

tsela di ya tlung Tsa re, kgoloko-kgoloko pelo ya tshilwana. Fa di wele jaana di a be di raya gore pelo ya motho ga e itumele; ke gore motho ga robale sentle, o a lwala.

  1. Morupi

Tsa re, kubela monopeng, ke tlhabilwe ke madi Ditserentsepa tsa bana ba basimane Mpa ke a mpampetsa Ka e le ngwana wa ga mmê Go tswa madi, go tswa masetlela E re di re tserre! thamaga E re naka têê! ke tlhabile Motlhaba-phiri ya bosigo Kana o e tlhabe o e mamela Ka morupi, wa ga kubela Go tswa madi, go tswa masetlela
Lewa le ke le le bolelang gore bana ba motho ga ba utlwane. Yo mongwe wa bona o tsamaya a bua ka pelo, ka a lemoga gore ba bangwe ga ba mo direle sentle.

  1. Mmakuikui ;

Lejwane, lesoko Le sokobaletse eng? Di a tlaka di a bolola Tsoo ntšwanyana ya mmila Le a tswa le a phirima
Fa di riana di raya ngaka di re go siame, e ka tsena, ya alafa yo o Iwalang. Tsa re ga go na sekgopi sepe.

  1. Maboni

Moraka-pitse Lebowa O tswa Lebowa o batlang Tsa re boela borwa Tsa re o senka ngaka Le mororo o alafilwe
Go gongwe motho o ka ya ngakeng, le mororo a setse a alafilwe ke e nngwe. jalo bola bo tla mo lemoga, mme bo mo gakolole gore a boele gae, o siame.

  1. Moraro-maronthotho

Tlhako di wele mararo-maronthotho Morwa mmidibidi wa kwapa Re ja kwapa ke go fete tseleng Ke be ke boe ke go fete tseleng Nnaare tlhware o beilwe ke eng borena pele? A re lekau ke sale ke ikokotlela maloba Ka lore lwa a ka lwa tshipi, Lwa motlhware lwa nthaka lwa nthobegela nageng Marapo a tlhware e tona ke a swa Lo tla sala lo mpua ke sule Ka morwa mmidibidi wa kwapa

Lewa le ke la fa motho a batla gore ngaka e ye go mo thaela motse. Le bolela gore go siame, go ka dirwa; ga go dikgopi dipe. Tsa re fa o ntseng teng o morena, ga go yo o ka go sutisang.

  1. Moraro-sedikadike

Moraro-sedikadike, ke motse tatalego, Ke matlhaku lo a rutla, lo a tswala Malata, masetlhana, masenang ditsaone Sepa-legolo la moeng La mong-gae pipitlwane Tsa re ke mogae wa eng, O a reng a bona lobota lo o šwa A bo a tsaya selepe, A re lo tla feta lo mpolelela ke tla? Ka a tshaba marapo a kgomo e tlhaba go mo ntsha Ka moraro, sedikadike

Fa di riana di raya fa motho a ikitse gore ke ene a loileng molwetsi. Mme e re go laolwa, a ba a tswa, a tsamaya, a tshaba gore ditaola di tla mo supa. Jaanong a re o ya golo gongwe, ba tla feta ba mmolelela a tla, gore ditaola tsa reng.

  1. Makgolela, mafaratlhatlha

Tlhako di wele makgolela, mafaratlhatlha Mafaratlhatlha a bana ba mpa Motho o kgolelwa ke wa’bo Tsa re lo se bone naka tsa podi go patagana Bolau di tswa najo badimong Ba ga. Malatsi le Malatsana Ba ne ba ganetsanya letsatsi Yo mongwe a re tsatsi le tswa bodibeng Yo mongwe a re le tswa kgothing ya morula Mme e rile ka moso bo o sa Ba namela thaba

Kgang ya feta ya lala Malatsana Re tswa kgothing ya morula o le mongwe Ka makgolela, mafaratlhatlha.

Fa di wele jaana, di bolela kgang ya bana ba motho. Motho le mogolowe ba ganetsanya. Yo mongwe a batla sesagagwe mo go yo mongwe.
Makgolela, maswereswetlhane
Ke makgolela, maswereswetlhane Nna mosimanyana wa maganwa-ke-dilo Ke re ke rue se, lo lotlege, Ke re ke rue se, lo lotlege Tota nna ke tla rua lo ile kae? Ka makgolela a a maswereswetlhane, Nna mosimanyana wa maganwa-ke-dilo.

Tlhako fa di riana di raya gore sengwe le sengwe se ke reng ke a se dira ga se ye teng. Ga ke na lesego la go itirela botshelo.
Mpherefere, koo tseka
Fa di riana tsa re o se ka wa ithaya wa re o itse motho. O ka nna wa lemoga mekgwa mengwe ya gagwe fa o atamalane nae thata, kgotsa o dirisanya nae. Le gale ga go reye gore o a mo itse.

Mpherefere, sanyane 

Tlhako di wele mpherefere, sanyane wa bogosi Tsa. re kgaolang sanyane maseka Bontle le bogosi di a mo tshwanela Ka e le morwa marua-di-mabala, sanyane Ka mpherefere, sanyane

Tlhako fa di wele jaana, tsa re sengwe le sengwe se ke se dirang, batho ba a ntenegela, ba re ke itira kgosi. Jaanong ba batla go nthola mabela.
Seketekete
Tlhako di wele seketekete Seketekete se modumo Sefalla, seja malatsi Tsa re sentshedi, se ntshupe ka mono lesotlho O sale o supile badimo maloba Mme le gompieno ba sa ntse ba ile

Fa di riana di kaya selo se se suleng, se se ileng. Tsa re se ileng se a be se ile, lesilo ke moselateledi.
Motlhakola (o motona)
Tlhako di wele motlhakola o montsho Motlhakola wa Matebele a ga Biibii Tsa re a golo moo gae ga go na banna, Ba tle go namola letlhakola le e šwa le rora Le be le e šwa le theko tsa marula

Basimanyana ba ga Rrasenkaka Ba e rileng ba bona molelo o o šwa Ba ya go kgetla matlhare Ba re ba tsile go tima Mme e rile ba tla ba kibitla ka matlhare Molelo wa bo o tlola o kapa ntlo E rile ba ema ba gakgamala, Wa bo o tlolela ntlo ya bobedi

Ke gone mo re rileng tlogelang molelo oo! O itsiwe ke mong wa legae O itsiwe ke Rrasenkaka Bokhutshwanyane jwa ntlo ya ga mme Ga se bokhutshwane, ke go tlhabisa kgala Fa ke re ke a nama, ke šwe, Ke ikhutaganye, ke šwe. Ke motlhakola o montsho wa Matebele

Fa di wele jaana, di a bo di re ‘banna thusang, se se mo gae!’ Tsa re thusang, go na le mathata, lo batle ngaka, e alafe!
Motlhakolane
Ke motlhakolane, ooBatshekgethi Motlhakolane, wa mma nkadime loselo Ke jakele bongwanake! Kana ga se tlala lebekebeke Motsetsi o ja ka letsogo Ka e le phoromphotlha Moko o dule lesapong, Wa latella dinama morong.

Ke motlhakolane, moraka-pitse ya Lebowa Pitse o swa Lebowa o batlang? Ntlha o ka swela bobapa Wa tla wa jewa ke ba ga Mogomana Ba tla ba go ja ba go gomagoma Ba go simela ka tshimelateng Moko o dule lesapong, Wa latella dinama morong

Motlhakolane wa moraka-pitse ya Lebowa Motlhakolane, o o phoromphotlha Moko o dule lesapong, Wa latella dinama morong Ke motlhakola o monnyennye

Fa di riana di raya gore ke tshwere phoromphotlha. Ke go re ga ke a tshola sepe. Dilo di ntule ka paka tsa menwana.
Majwana (a a tlhapadima)
Maja-nku ya maganelwa Kgagara ya kgomo tshwana e digwetlha Maaka, marutwa-ka-kgomo

E nthaya e re e majwana A ga Tshelebane, mphiphianye A ga leme lo maaka E rile ke re motho o kwa pele, Nteboka motho o ntshetse morago Tlhapang metsi Bakwena lo a tlogeleng, Ga a na kubu, ga a selomi se metsing O tlhapa jang segogwane? Ntlha Bangwaketse bone ba a tlhapa ka go ragaraga dinao!

Majwana a ga ntshang nkgekgetho motseng Mosadi fa a le sebuo segolo Lo mo agele mo serokameleng Lo be lo mo segele mosese wa phoko A tle a re a bua a ba a o tswele A bua ‘jourata’, fa pele ga banna Ka e le modipa wa mosadi

Ke majwana a ga ntsha-nkgekgetho motseng A a tlhapadima Ke tlhapile le rrangwane tsibogong A ntlhapisa letšopotšopo la go tsewa ke kubu le kwena Ke rrangwane wa eng o sa nthateng? E reng re latetse motlhala wa dikgomo A ntshadise kwa morago, E re re bona wa dinare. A nketeletse pele! Ke rrangwane wa eng o sa nthateng, E reng re gama a mpetsa ka mokgothi wa kgamelo?

Ke majwana a ga Tshelebanya, mphiphianya, Majwana a a tlhapadima.

Lewa le ke la fa bana ba motho ba lwela boswa, jaanong yo mongwe a batla go ja a le esi.
Malwana a a disete
Tlhako di wele majwana a a disete Re a sekolola, re a seka. Letlhafula re seka mašwi a kgomo Mariga re seka mmoko wa talane Ka majwana a a disete.

Fa di riana di bolela tsheko; tsa re go a sekwa. Fa o ise o lemoge, wena motlhatlhojwa, tsoga maroko, o eme ka dinao.

Dimatla 

Dimatla, mopipimpi, Mabele a tsena mo difaleng

Le ke la fa motho a ile go itekola kwa ngakeng gore a ruri e seng tshimo ya gagwe e sa potwa ke ope ka kwa morago. Bola bo bolela gore ga go na molato ope, motlhatlhojwa o tsile go fola mabele a a tlatsa ka difala.
Setlhako
Tibola lotlhokwa lwa tsela Tsaya setlhako o gokele O rwale setlhako o tsamae! Mosepedi ke wena fela Tsela e phepa, e siame

Le ke la fa motho a bolola, jaanong a ile go itebaleba kwa ngakeng. Bola bo bolela fa tsela e siame, mosepedi a tla tsamaya mosepele o o siameng, o o se nang dikgopi.
Ella tlhoko: Go tla tlhaloganngwa gore ditlhotlhomiso mabapi le tema e ya bongaka jwa Setswana di lemotsha fa go na le tumalano e kgolo ka ga maina a mawa mo dingakeng tsa Setswana. Dipharologanyonyana di ka nna teng mo mabokong a mawa a. Le gale go lemotshega fa dipharologano tse e se tse di kae-kae, e bile di sa reye sepe se se kalo. Go a be go tswa mo ngakeng ka sebele, gore e kgona go kgabisa leboko la lewa go le kae.

Gape go tla tlhaloganngwa gore kitso ya maboko a ga e reye gore motho o itse bongaka jwa Setswana. Se ke dikainyana fela go tlopolela mmadi gore dilo tse di tsamaya jang.

Palo ya mawa le yone ga e a gobokwa yotlhe fa. Bontsi jwa one bo tsamaelana le mathata le mabaka a matshelo a batho. Fano ga twe fela ‘tsaya o utlwe!
LOSO LE PHITLHO
Ngaka e bolokwa ka makuku a naka tsa banna, le gona go ya banna fela kwa dirapeng. Ngwana o a iseng a medise o bolokwa mo ntlong. Motho mongwe le mongwe o bolokwa momosong. letsatsi ga le a tshwanela go tlhatloga le le kwa mabitleng. Bogologolo motho o ne a phuthwa ka letlalo la kgomo e e tlhabilweng fa a bolokwa. Setopo se ne se beiwa mo letswaing.
Morago ga phitlho Motlholagadi kgotsa moswagadi ba tshwanetse go nwa dipitsa. Moswagadi o apesiwa roulo ke kgaitsadie a tlhabetswe podi mme o ikapola yona gongwe a ikapese mme bokgaitsedi ba mo apole. (Ka Sehurutshe) Moswagadi o a ikapesa roulo a be a apolwa ke bo malome ka podi. (ka Setlhako) Morago ga phitlho go a beolwa. go beolwa mme/rre le bana. Bana ba beolwa ke Rakgadi. mme/rre ba beolwa ke malomaa bona.






[1]

  1. Mokhetho, K.; Maranyane, M. & Lefa, L. (2007), Setso' Setswana, XII (2nd ed.), Sikwane, Gaborone: Strategic book publishing Co.