Sevidzem Ernestine Leikeki
Sevidzem Ernestine Leikeki (o o tshotsweng ka 1985) ke molwela ditshwanelo wa tsa seemo sa loapi go tswa kwa Cameroon, ka ngwaga wa 2021 o ne a nna mongwe wa bomme ba ba lekgolo ba ba dirileng diphetogo tsa sennela ruri ba BBC. Ke molwela ditshwanelo tsa loapi le bong go tswa kwa kgaolong e e kwa bokone-bophirima jwa Cameroon, gape ke motlhami wa Cameroon Gender and Environment Watch.[1] O berekile kgatlhanong le g gapiwa ga bana ka 2010 kwa Bokone-Bophirima jwa Cameroon.[1] O tseneletse thulaganyo ya United Nations ya phetogo ya seemo sa loapi ka 2021 kwa Glascow,[2] a fenya seetsele sa ditharabololo ka 2019[3] le ka 2021.[4]
Botshelo jwa a le mmotlana le tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Leikeki o tshotswe ka 1985, o na le bana ba le bane. Kwa ga gabo go mo sekgweng ebile e le masimo a a ntshang dikgong, mme a itemogela lehuma. Ke molwela ditshwanelo o o berekang ka maikaelelo a tekatekano ya bong mo tshireletsegong ya seemo sa loapi le go tlhabolola basetsana le bomme. Leikeki o ne a aloga ka Bachelor's degree ya molao wa tlwaelesego go tswa kwa sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa University of Yaounde II.[1]
Leikeki ke molwela ditshwanelo wa seemo sa loapi le bong, o o amegang mo ditiragalong tsa seemo sa loapi tse di bakang ditshono le maduo a a siameng a itsholelo ga mmogo le thuto ya tikologo. Ditiragalo tse di akaretsa go lema ditlhare, thuto ka go tsaya lomepe le go dire mofine wa lomepe, ga mmogo le melora le ditlolo go tswa mo lomepeng. A re, lomepe ke dipoelo, ke tiro, ke tekatekano ya bong, ke tshomarelo. O bereka go tlhabolola basetsana le bomme go dira gore go nne le tlhabololo e e lolameng.[5][6][7]
Ka ngwaga wa 2020, lekgotla la gagwe le ne le lemile ditlhare di le dikete di le masome a robabobedi le borataro go fokotsa phetogo ya seemo sa loapi, ga mmogo le go ruta batho ka tikologo. Thulaganyo ya gagwe e ikaelela go buelela ditshwanelo tsa basetsana le bomme tsa itsholelo ya matshelo a bone, le ditshwanelo tsa tikologo, le go rotloetsa mantswe a bomme.[8] Lekgotla la gagwe la Cameroon Gender and Environment Watch (CAMGEW), le thusa bomme go falola kgokgontsho ya mo gae, le thusitse bomme ba le makgolo a robabobedi.[9]
Metswedi ya dikgang
[fetola | Fetola Motswedi]Leikeki o nnile le puisano ka 2010 ka "dikokomane tsa naga, go tshela sentle le tlholego".[10] E n e le sebui kwa bokopanong jwa Global Landscapes,[11] gape a nnile mo metsweding ya dikgang ka tiro ya gagwe ya tikologo le phetogo ya seemo sa loapi.[12][13]
Dietsele le Dimpho
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 "Sevidzem Ernestine Leikeki is Women Empowerment and Environment Officer of Cameroon Gender and Environment, a non profit devoted to caring for nature while promoting the rights of women". World Pulse. 16 December 2019. Retrieved 28 January 2026
- ↑ "CAMGEW".
- ↑ "Congratulations! Here are the 2019 Gender Just Climate Solutions award winners". WECF. 10 December 2019. Retrieved 28 January 2026
- ↑ "Gender Just Climate Solutions Scale Fund: 2021 Pilot Winners". WEDO. 9 November 2021. Retrieved 28 January 2026
- ↑ "Ernestine Leikeki Sevidzem: A "forest generation" living in harmony with nature". ted2srt.org. Retrieved 28 January 2026
- ↑ "Empower Women - Profile". EmpowerWomen. Retrieved 28 January 2026
- ↑ "COP poster winner" (PDF).
- ↑ "Gender Just Climate Solutions Scale Fund: 2021 Pilot Winners". WEDO. 9 November 2021. Retrieved 28 January 2026
- ↑ "Congratulations! Here are the 2019 Gender Just Climate Solutions award winners". WECF. 10 December 2019. Retrieved 28 January 2026
- ↑ Sevidzem, Ernestine Leikeki. "Ernestine Leikeki Sevidzem | Speaker | TED". www.ted.com. Retrieved 28 January 2026
- ↑ "Sevidzem Ernestine Leikeki". Global Landscapes Forum Events. Retrieved 28 January 2026
- ↑ "Color for Conscience!". San Francisco, CA Patch. 16 April 2020. Retrieved 28 January 2026
- 1 2 "BBC 100 Women 2021: Who is on the list this year?". BBC News. 7 December 2021. Retrieved 28 January 2026
- ↑ "Gender Just Climate Solutions Scale Fund: 2021 Pilot Winners". WEDO. 9 November 2021. Retrieved 28 January 2026
- ↑ "Congratulations! Here are the 2019 Gender Just Climate Solutions award winners". WECF. 10 December 2019. Retrieved 28 january 2026