Sewelo
Teemane ya Sewelo ke teemane e e sa rethefadiwang ya bone ka botona go bonwa. Teemane e, e upulotswe ka Moranang ngwaga wa dikete pedi lesome le borobabongwe ke ba koporase ya diteemane ya Lucara kwa moepong wa yone wa Karowe kwa Botswana. Teemane e e na le dikharete di le sekete, makgolo a supa masome a matlhano le borobabobedi e bokete jwa dikereme di le makgolo a mararo masome a matlhano le bobedi kgotsa 12.39oz.[1]
Ka nako e e bonweng ka yone, Sewelo e ne e le yone teemane e tona go fetisa tse dingwe mo ditsong tsa Botswana, e feta ya Lesedi la Rona ya dikharete di le sekete, lekgolo,lesome le motso, dikereme di le makgolo a mabedi masome a mabedi le bobedi e e epilweng kwa moepong o le mongwe le e ka Ngwanatsele a le lesome le borataro ngwaga wa dikete pedi lesome le botlhano. Lesedi la Rona e ne e le teemane ya bone ka botona go bonwa, e le ya boraro ya ka botona ya boleng joo.
Lejwana le le filwe leina ka kgaisano e e neng e tshwerwe ke Lucara. Mo go a a tsisitsweng a le dikete di le masome a mabedi le bobedi, leina sewelo le ne la tlhophiwa, le le ranolwang gotwe pono e e tlwaelesegang kgotsa ya sewelo ka Setswana.[2] Ka Firikgong ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi go ne ga itsisiwe fa kompone ya Louis Vuitton e rekile teemane e ka madi a a sa buiwang.[3][4] Kompone e ya Louis Vuitton e tlaa bereka le HB Antwerp go phatsimisa teemane le go e kgaola go nna majwana a mannye.[5][6][7]
Lejwe le, le apesitswe ke carbon e ntsho e e galalelang e le tshesane fela, fa godimo e na le mahuti. E kana ka bolo ya thenase mme e bokete jwa yone garataro.[6][7][8] Kompone ya HB e dirisitse mekgwa ya go dira mebepe e dirisa maranyane a AI go baakanya sebopego le go netefatsa gore e kgone go atlega mo go kgaoleng teemane e.[8] Teemane e, e tlhalositswe e le lejwana la boleng jo bo farologaneng, e akaretsa dintlha dingwe tsa boleng jo bo kwa godimo, ke teemane ya madirelo e e nang le dikarolo tse di ka ntshang majwana a boleng jo bo kwa godimo. Tshekatsheko e e tseneletseng e ne e tsweletse ka Moranang ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso.[9][10]
Ditshedimosetso tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]- Lesedi la Rona
- Diteemane
- Diteemane tse ditona tse di sa rethefadiwang
- Meepo mo Botswana
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Lucara finds largest uncut diamond in recent history in Botswana mine". Reuters. 25 April 2019. Retrieved 24 July 2026
- ↑ "Lucara announces the naming of the 1,758 carat Sewelô Diamond". Miningreview.com. 19 July 2019. Retrieved 27 July 2026
- ↑ Friedman, Vanessa (15 January 2020). "The second-biggest diamond in history has a new owner". The New York Times. ISSN 0362-4331. Retrieved 27 July 2026
- ↑ "Second-biggest diamond ever will become Louis Vuitton Jewelry". Bloomberg.com. 16 January 2020. Retrieved 27 July 2026
- ↑ "The second-biggest diamond in the world was just purchased by Louis Vuitton". The Independent. 16 January 2020. Retrieved 27 July 2026
- 1 2 "HB Company: The Antwerp manufacturer tasked to cut Sewelô diamond for Louis Vuitton". The Diamond Loupe. Retrieved 27 July 2026
- 1 2 Hope, Alan (22 January 2020). "Antwerp company will work on world's second-largest diamond". The Brussels Times. Retrieved 27 July 2026
- 1 2 The Diamond Loupe (23 January 2020). "HB Company: The Antwerp Manufacturer Tasked to Cut Sewelô Diamond for Louis Vuitton". The Diamond Loupe.
- ↑ "Lucara Recovers Second Largest Diamond in History: 1,758 Carats, Near-Gem Quality". The Diamond Loupe. 24 April 2021.
- ↑ Tulsidas, Karishma (19 December 2020). "Rare gems: Louis Vuitton's plans for the Sewelô and Sethunya diamonds, acquired from the Karowe mine in Botawana". Robb Report Singapore.