Jump to content

Sfiso Ncwane

Go tswa ko Wikipedia

 

Sfiso Ncwane

[fetola | Fetola Motswedi]

Sfiso Ncwane (April 21, 1979 December 5, 2016) e ne e le moopedi wa Aforika Borwa le motlhami.[1]

Ka 1997, Ncwane o ne a tsena mo setlhopheng sa mmino sa kwa Mlazi se se bidiwang New Edition, a na le moopedi Ntombifuthi Mntambo le moropa Skhumbuzo Gumede. Ncwane o ne gape a tsenela setlhopha sa mmino se se bidiwang 'One Touch', se se eteletsweng pele ke mopalami wa dipina Rre Joe Gcabashe le ba tshameka dikhiboutu: Sikhona Gumede le Senzo Sabela.[2]

Ncwane o ne a saena tumalano ya rekoto le Bula Music mme a golola alebamo ya gagwe ya ntlha ya studio Makadunyiswe ka 2001.

Kwa moletlong wa bo 20 wa Mzansi Gospel Awards, Ncwane o ne a gapa dikgele tse pedi, Best Praise Album of the Year le Worship Album of the Year. Pina ya gagwe, Kulungile Baba, e ne ya netefadiwa 3× platinum mo Aforika Borwa ka thekiso ya dikhopi di le 350 000, mme o ne a gapa rekoto ya ngwaga kwa moletlong wa bo 19 wa South African Music Awards. O ne gape a tlhophiwa mo Crown Gospel Awards Song of the Year ya SABC. Ka 5 Phukwi 2016, alebamo ya gagwe ya bofelo, Wethembekile Baba, e ne ya gololwa mo Aforika Borwa.[3]

Ka 4 Sedimonthole 2016, Ncwane o ne a isiwa kwa bookelong jwa Life Fourways, Johannesburg. Fa a le koo, o ne a tlhokafala a na le dingwaga di le 37.[4] Lebaka la loso lwa gagwe le ne la begwa e le go palelwa ke go bereka ga diphilo mo go neng ga dira gore moopedi yono wa mmino wa gospel yo o neng a gapa sekgele a swe a sa le mosha.[5]

Tiro ya go thusa ba bangwe

[fetola | Fetola Motswedi]

O simolotse mokgatlho wa dithuso o o bidiwang Sfiso Ncwane Bursary Foundation, o o abelang bana ba kwa magaeng diaparo tsa sekolo.

Philanthropy

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Ayanda Ncwane (2018). For the Love of Sfiso Ncwane Kindle Edition, Izani Publishing.

Dipina tsa mmino

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Makadunyiswe (2001)
  • Inombolo Yase Zulwini (2002)
  • Umkhuleko (2003)
  • S'fiso (2004)
  • Best Of S'Fiso (2005)
  • Baba Ngiyabonga (2006)
  • Uyisiphephelo Sami (2008)
  • Baba Ngiyavuma (2009)
  • Kulungile Baba (2010)
  • Vula Amasango (2011)
  • Kulungile Baba Live (2013)
  • Bayede Baba (2014)
  • Ithemba [feat with beast] (2015)
  • Wethembekile Baba (2016)
  • Live at ICC Part 2 (2017)
  1. ↑ https://businessreport.co.za/entertainment/celebrity-news/2016-12-09-sfiso-ncwane-funeral-details-released/
  2. ↑ https://www.magzter.com/sv/stories/2494/256696/5a3b8ec89a870
  3. ↑ https://www.sowetan.co.za/entertainment/2016-04-14-sfiso-ncwane-pledges-to-restore-hometown-school/
  4. ↑ https://www.polity.org.za/article/sa-committee-saddened-by-passing-of-sfiso-ncwane-2016-12-06
  5. ↑ https://ifp.org.za/newsroom/ifp-mourns-death-sfiso-ncwane/